MORABARABA
MORABARABA
Joseph ke Moitseanape wa
"Itlhokomele. Ke tla go ja fa ke ka sutisa kgomo e, mme ga o kitla o kgona
go ya gope ka dikgomo tse o setseng ka tsone! Akanya ka kelotlhoko pele o sutisa e e latelang."
Joseph Mathlong, motlhankedi wa tsa motshameko mo khamphaseng ya Vanderbijlpark yo gape a ratang thata motshameko o go dirisiwang tlhaloganyo mo go one, o leka ka bojotlhe go nthuta go tshameka morabaraba, mme ga ke kgone go bona gore go diregang. Re sa ntse re le fela mo tshimologong ya motshameko, ke ikutlwa ke batla go mmolelela gore tota nna ga ke na bokgoni jwa go tshameka metshameko e e tshamekelwang mo godimo ga boroto– re sa bue sepe ka motshameko wa go sutisa dikgongwana!
Ka lesego, Joseph o na le bokgoni jwa go ruta e bile o dumela gore fa nako e ntse e tsamaya ke tla tlhaloganya ka botlalo morabaraba o o nang le makgolokgolo a dingwaga o tshamekwa, motshameko wa bogologolo wa Aforika o o tshamekelwang mo godimo ga boroto. O tshwanetse a bo a bua boammaaruri ka gonne bokgoni jwa gagwe jwa go tshameka morabaraba bo dirile gore a gape maemo a ntlha mo kgaisanong ya Bommampodi ba Gauteng ya Mind Sports South Africa’s (MSSA) bošeng jaana.
Joseph a re moswi rraagwemogolo, e leng Lefa Mathlong, o mo rutile motshameko ono la ntlha fa a le dingwaga di le 10. "Rremogolo o ne a dira kwa meepong ya gauta mme o ne a tshameka motshameko ono le ditsala tsa gagwe ka nako ya boikhutso jwa dijo tsa motshegare," o bolela jalo. "Rremogolo e ne e le sekgantshwane sa motshameko ono. Ga o tlhoke gore o bo o na le madi gore o tshameke motshameko ono mme ka nako eo, ba ne ba o tshameka ka matlapana a a borethe."
Fa a le kwa sekolong se segolo, Joseph o ne a tshamekisiwa motshameko ono gape jaaka motshameko wa setso mme a se ka a tlhola a leba kwa morago. O ne a ikwadisetsa go nna motshameki wa MSSA ka 2017 mme ga jaanong jaana ke mmenejara wa setlhopha sa bosetšhaba wa metshameko e mebedi e go dirisiwang tlhaloganyo mo go yone.
Morabaraba – motshameko o o batlang bokgoni le maanoe
Joseph a re motshameko ono o tletse ka ditlhamane le mainane. Tlhamane nngwe e e ratwang thata ya re dikgosi tsa Maaforika di ne di itlhophela bagakolodi ba tsone ka gonne ba ne ba na le bokgoni jwa go tshameka morabaraba. "Thuto ya one ya ntlha-ntlha ya motheo ke go ruta batshameki – ba gape ba bidiwang ‘batlhabani’ – go loga maano a go gapa dikgomo," Joseph o tlhalosa jalo.
Go ya ka melawana ya motshameko, mongwe le mongwe wa batshameki ba babedi o na le dikgomo (dipanakisi) di le 12 mme o tshamekela mo godimo ga boroto ya logong e e nang le disekele di le 24. Boikaelelo jwa gago ke go gapa dikgomo tse dintsi ka moo o ka kgonang ka gone tsa yo o tshamekang le ene ka go tsamaisetsa dikgomo tsa gago kwa pele gore di fitlhe kwa moleng o o kwa morago wa yo o tshamekang le ene.
Fa a bodiwa gore a motho o a bo a le lesego fa a fentse motshameko, Joseph o araba ka bonako gore ke ka ntlha ya go o ithuta go fitlha o nna le bokgoni mo go one le gore motho o dirisa nako e ntsi go tlhabolola maano a gagwe. Motshameko ono o ka fenngwa mo diureng kgotsa mo metsotsong e le mmalwa fela. Seno se ikaegile ka bokgoni jwa batshameki. Motshameko o Joseph a kileng a o fetsa ka bonako – le go o fenya – o mo tsere motsotso o le mongwe fela.
"Batho bangwe ba re o tshamekwa ka go dirisa bo lefela le matshwao a phoso kgotsa matshwao a tshiamo, e bile o ka kgona go ithuta melawana ya one mo metsotsong e le tlhano fela, mme go nna le bokgoni mo go one go ka go tsaya botshelo jotlhe. Gantsi go nna le motsamao mongwe o o neng o sa lebelelwa," Joseph o oketsa jalo.
"Motshameko ono o go ruta go akanya le go nna kelotlhoko pele o tsaya kgato, o phutha mogopolo wa gago". O oketsa ka gore e re ka e le motshameko o o sa batleng maikatlapelo a mmele, banna le basadi ba kgona go nna mmogo ba bo ba o tshameka.
Motshameko wa kgaisano o go dirisiwang tlhaloganyo mo go one
Khamphase ya Vanderbijlpark e ne ya tsenela MSSA ka 2017 mme fa e sa le ka nako eo, motshameko ono o godile ka lobelo. Tota e bile, go tsere khamphase eno lobaka lo lo ka fa tlase ga dikgwedi di le 24 go nna bommampodi ba bosetšhaba. Ga jaanong jaana tlelapa e na le maloko a a fetang 100 a a nnang le seabe mo dikarolong tse dikgolo tse pedi: metshameko e e tshamekelwang mo godimo ga boroto (jaaka morabaraba, metshameko ya dikarata le metshameko ya go lwa) le eSport Ono wa bofelo o raya metshameko yotlhe ya khomphiutha le ya dijethale, jaaka FIFA 18, Tekken 7, League of Legends, Counter Strike le robotics.
Fa e sa le go simololwa metshameko eno e e tshamekelwang mo godimo ga boroto mo khamphaseng, go ratega ga motshameko ono go godile "go feta ka fa go neng go lebeletswe ka gone". Go ya ka Joseph, yo e leng mookamedi wa motshameko o go dirisiwang tlhaloganyo mo go one mo khamphaseng, maloko a a fetang 70 a tsenela kgaisano ya motshameko o o tshamekelwang mo godimo ga boroto mme a le 35 one a rata wa eSport. Maloko a tlelapa a akaretsa badiri le baithuti.
"Motshameko ono o go ruta go akanya le go nna kelotlhoko pele o tsaya kgato, o phutha mogopolo wa gago, go bolela jalo Joseph Mathlong, motlhankedi wa metshameko kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark. Bošeng jaana, o ne a ruta mankge wa tsa tlhaeletsano, e leng Annette Willemse, bokgoni jwa go tshameka morabaraba.
Bošeng jaana, Mind Sports South Africa e golotse maemo a semmuso a bosetšhaba a motshameko wa morabaraba mme bontsi jwa ba ba mo maemong a a kwa godimo mo go one ke ba YBB ya Vanderbijlpark. Maloko a mararo a yone, Siyabonga Mogale, Sebolelo Motlhabi le Joseph, ba mo maemong a ntlha a mararo.