>

BUISA GO FETA

>

Mop Kobus van der Walt a re batho ba le bantsi ba ne ba mo lebogela go bo a ne a sa tlhabiwe ke ditlhong go bua ka bodumedi jwa gagwe fa a ntse a tshwere lenaneo la Omgewingspraatjies. "Jaaka modumedi ke na le tsholofelo ka isagwe e bile ke na le kgatlhego e kgolo ka thekenoloji e ntšha e e tlileng go fetola lefatshe. Re tshwanetse go ikanya Modimo mme re se ka ra kgobega marapo."

 

 

Meso ya Matlhatso e ka se tlhole e tshwana le ya pele. Mo e ka nnang dingwaga di le lesome, Mop Kobus van der Walt e ne e le mankge yo o neng a tshwara lenaneo le le rategang thata la beke le beke le le buang ka tikologo, la Omgewingspraatjies, mo Radio Sonder Grense (RSG). Ke metlha o ne a ruta bareetsi, a ba naya tshedimosetso le go ba ntsha bodutu ka botlhale jwa gagwe.

Mankge o emisa go nna mogasi wa lenaneo le le rategang la radio

Jaaka motshwaralenaneo yo o itsegeng thata, Kobus o nnile le balatedi ba le 15 000 mo tsebeng ya Facebook mme gape o kwadile buka e e theilweng mo lenaneong leno la radio. O sweditse ka gore a tlogele Omgewingspraatjies ka kgwedi ya Ngwanaitseele ngwaga o o fetileng mme o bua le Eish! ka go nna ga gagwe le seabe mo lenaneong leno.

"Fa e le gore go na le sengwe se batho ba bantsi ba tshwenyegileng ka sone malebana le tikologo, ke ka fa isagwe ya bana le ya ditlogolo e tlileng go nna ka gone. Ba tshwenyegile ka ga gore baratiwa ba bone ba tlile go kgona jang jaaka fa tikologo ya ga jaanong jaana e le mo mathateng e bile ditsompelo tsa yone tsa tlhago di nyelela ka lebelo le le boitshegang."

 

Ka nako ya fa a ne a sa ntse a tshwara lenaneo leno, o ne a amogela makwalo a le diketekete le diimeile go tswa kwa bathong ba ba ratang tikologo jaaka ene. "Ke rata tshwaelo nngwe le nngwe, potso le motlotlo wa bone. Bareetsi ba Omgewingspraatjies ba nna le seabe mo motlotlong e bile ba na le kitso e bile boleng jwa motlotlo o o tshwarwang le bone e ne e le jo bo kgatlhang thata."

 

Lenaneo leno le mo dirile gore a itsege mme go itsege ga gagwe go dirile gore a nne gone kwa ditiragalong di le dintsi mo Aforikaborwa. Dikereke di le dintsi, balemirui, diboto tsa

dikhampani le Mokgatlho wa Aforikaborwa wa Temothuo wa Basadi di ne tsa mo laletsa go tla go bua kwa medirong, Tkwa dikopanong le kwa ditiragalong ka dikgang tse di jaaka tsa go na ga pula go fitlha ka tsa kgotlhelo.

 

Lefoko la bofelo…

 

Kobus a re fa a ne a ka ntsha lefoko la bofelo le le yang kwa bareetsing ba Omgewingspraatjies, o ne a tla ba raya a re ba sikare maikarabelo le gore ba akanyetse diphelelo tsa ditiro tsa rona mo tikologong.

 

"Rotlhe re ka diragatsa seabe sa rona gore go nne le diphelelo tse di siameng mo tikologong. Ka go dira sengwe se sennye jaaka go tima dipone tse di tlogetsweng di tshubilwe mme go se yo o di tlhokang, re a bo re dira sengwe se se siameng gore re somarele tikologo."

Juaneé o latelela sekao sa ga Kobus

 

Mop Juaneé Cilliers, motlhatlheledi le modulasetulo wa Borulaganyi jwa Toropo le Kgaolo, o tsaya marapo go tswa go modiri-ka-ene, e leng Kobus.

 

"Ke feletswe ke mafoko e bile ke itumelela go bo Kobus a nneile tšhono ya gore ke tswelele ke dira mo Omgewingspraatjies. Ke a lemoga gore a ka se emisediwe ke ope, mme gone ke itumelela kgwetlho e ke tlileng go lebana le yone mo tirong eno."

 

O sa le a itse Kobus a santse a le moithuti, dingwaga di le 16 tse di fetileng, fa Kobus a ne a le motlhatlheledi wa gagwe wa thutafatshe.  "Ke mongwe yo go ka tsewang malebela mo go ene. Kobus o na le bokgoni jwa go tlhaba ba bangwe botlhale e bile ke sekao sa maemo a a kwa godimo sa motho yo o ratang tiro ya gagwe, batho le tikologo.

 

Juaneé a re Omgewingspraatjies e naya YBB tšhono ya go bolelela baagi ka patlisiso ya bone le bokgoni jwa bone le go dira letsholotemoso ka dikgang tse di botlhokwa tse di amanang le tikologo. "Tsebe ya yone ya Facebook e kopanya ditsala mo tikologong. Go a kgatlha go bona ka fa ba tlotlang ka tlhagafalo le ka tsela ya seporofešenale ka gone ka dikgang tse di botlhokwa."

 

A re o ikutlwa a le motlotlo go nna mongwe wa ba ba nang le seabe mo lenaneong leno e bile o itumelela gore badiri-ka-ene, baithuti, ditsala le ba lelapa ba tla mo rotloetsa go tswelela pele fa a simolola tiro ya gagwe e ntšha ya go nna mogasi mo radiong.