>

>

BUISA GO FETA

Wes o ruta bana ba Basotho karate kwa dithabeng tsa Lesotho.

ono wa lebanta

le le ntsho

Moporofesa

“Ke leboga Lefapha la Metshameko la yunibesiti go bo le nneile tšhono ya go rerela baithuti ba yunibesiti ka go dirisa karate ya Korea, le gore baithuti le bone ba simolole go rerela baithuti ka bone."

 

la karate o bonolo e bile o wetse makgwafo

Fa e sa le Wes (ka kwa mojeng) a simolola Tlelapa ya Taekwondo ya Bakeresete mo khamphaseng ya Mahikeng, Martial Arts South Africa e ne ya naya baithuti ba le batlhano ba YBB diawate tsa Mebala ya Bosetšhaba ya Tlhabololo.

Go na le dilo tse dintsi tse re sa di itseng ka moporofesa yo o tlhomologileng yono wa Saense ya Loago, e leng Wes Gestring. O na le lebanta le le ntsho la Taekwondo, e leng karate ya kwa Korea, e bile o rotloeditse baithuti ba le bantsi go tsenela motshameko ono.

 

Fa e sa le a tlhomiwa ka Phukwi 2008 gore a nne moporofesa yo o tlhomologileng kwa Saenseng ya Lotlhaka mo khamphaseng ya Mahikeng, Wes o ruta dikarolo tsotlhe tsa saense ya mmu e bile o okamela diporojeke tsa patlisiso tsa baithuti ba ngwaga wa bofelo ba morago ga kalogo.

 

Karate kwa Mahikeng

 

Ka ngwaga o a nnileng leloko la YBB ka one, o ne a amogela lebanta la gagwe le le ntsho, mme ka Phatwe 2009, o ne a simolola Tlelapa ya Sekeresete ya Taekwondo mo khamphaseng.  Fa e sa le ka nako eo, baithuti ba ba fetang 70 ba tsenetse motshameko ono.

 

Ka 2016, tlelapa e ne ya simolola go tsaya karolo mo dikgaisanong mo Aforikaborwa yotlhe mme Martial Arts South Africa (MASA) e neile baithuti ba le batlhano ba YBB Mebala ya Bosetšhaba ya Tlhabololo, go dira gore ba tshwanelegele go tsaya karolo mo dikgaisanong tsa boditšhabatšhaba.

Go tswela kwa baaging

 

Wes o na le kgatlhego e kgolo ya go tlisa tlhabololo mo baaging mme a re mokgele wa gagwe ke go ruta karate ya Sekeresete le go tlhoma mogopolo mo go direng gore baithuti ba gagwe ba nne le botho jwa Bokeresete.

 

“Ke tsenyeleditse karate ya kwa Korea mo diporojekeng tse di dirwang mo gare ga baagi.  Re ntse re ruta karate mo gare ga baagi mo Aforikaborwa gore bana ba itumelele go ithuta karate le go utlwa efangedi ka nako e le nngwe.

 

Ka 2016, re ne ra ruta bana karate mo toropong ya batho ba le Makgolo a le Marataro mo Porofenseng ya Bokone Bophirima, mme mo nakong e e fetileng ya boikhutso jwa yunibesiti, re ne ra ya kwa dithabeng tsa Lesotho koo re fitlhileng ra ruta bana ba Basotho efangedi re dirisa karate kwa lefelong le le bidiwang Katse," o bolela jalo.

 

“Ke leboga Lefapha la Metshameko la yunibesiti go bo le nneile tšhono ya go rerela baithuti ba yunibesiti ka go dirisa karate ya Korea, le gore baithuti le bone ba simolole go rerela baithuti ka bone."