>

 

Tse re sa di bonang

Mo tsamaong ya 2017, YBB ga ya ka ya fapoga tiro ya yone ya maemo a a kwa godimo a go ruta le go ithuta le go dira patlisiso le dira ka natla go dirisa thulaganyo ya Thulaganyosešwa e ntšha ya rona.

Le fa go ntse jalo, go ka tswa go na le dilo dingwe tse re sa di bonang mo tsamaong ya ngwaga, segolobogolo fa di-inbox tsa rona di ne di penologa ka tshedimosetso mme re se na nako ya go e buisa yotlhe. Ka bidio eno e e ka fa mojeng, re batla go go gakolola dilo dingwe tse di diregileng tse o neng o le karolo ya tsone.

Ee, re motlotlo ka YBB le seabe sa mongwe le mongwe wa rona sa go tlisa katlego mo setheong dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, jaaka fa dipalo tseno di bontsha:

Palogotlhe ya ba ba               Palogotlhe ya dipholo tsa

ikwadisitseng                         patlisiso

2013     –     2017                    2013         –     2016

60 975  →   72 995*                1 169,54   →   1 551,21

* 2017 figures not final

Palogotlhe ya baalogi

2013     –     2016

15 464  →   17 510

TSHEDIMOSETSO

Setlhopha sa botseleganyi:

sa badiri ba lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo:

Tlhabololo le Tlhamo ya Karikhulama: Ditirelo tsa Sekerafo

Go tsaya dinepe:

Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Go tseleganya puo:

Clairwyn van der Merwe

Fa o na le dipotso go ya pele / fa o batla go kwala sengwe:

Nelia Engelbrecht -

mog 018 299 4937 Lebokoso la mo teng ga setheo la 260

Eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesemane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB