>

>

BADIRI BA BA RATEGANG,

Molaetsa o o tswang go

MOTLATSA-MOKANSELIRI

Ngwaga wa akatemi wa YBB o itlhaganelela konelo ya one e e atlegileng. Fa re leba se se diregileng mo nakong e e fetileng le se se diregileng gape kwa diyunibesiting tse dingwe dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng, re itumelela thata go bo re kgonne go wetsa ditiro tsa rona tse di farologaneng kwantle ga kgoreletsego epe.

 

Go matshwanedi go fetisa mafoko a ditebogo fano - sa ntlha, go baeteledipele ba rona ba baithuti ba ba neng ba nna ba tsepile matlho kwa mokgeleng le go kaela baithuti ka tsela e e nang le maikarabelo. Sa bobedi, go badiri ba baakatemi ba ba neng ba nna ba tsepile mogopolo mo ditirong tsa rona tsa konokono: go ruta le go ithuta, go dira patlisiso le go nna le seabe mo baaging. Sa boraro, baporofešenale ba rona le badiri ba kemonokeng ba ba neng ba tsweletsa tiro pele ka tsela e e kgatlhang. Re lebogela thuso ya lona fela thata!

 

Ke a itse gore e ne e le ngwaga o o thata, e seng ka ntlha ya go fetolwa semmuso ga thulaganyo ka di 1 Phukwi, mme ka ntlha ya nako e go e tsayang go kopanya mmogo dithulaganyo tsotlhe le dimmenejara.

 

Ka lesego, re konela ngwaga ka boitumelo. Go tlhomilwe batho bangwe ba ba mo maemong a a kwa godimo bošeng jaana mme mongwe wa baithuti ba rona ba nako e e fetileng, e leng Demi-Leigh Nel-Peters, o ne a rwesiwa tlhoro ya go nna Miss Universe. Mo godimo ga tsotlhe, re simolotse go dirisa mebala ya rona e meša ya kgwebo. Ka 2018 dikhamphase tsotlhe tsa rona di tlile go nna le letshwaokgwebo le le ntšha mme mo bogautshwaneng, YBB e tla tlhaolwa ka mmala o o phepole, o o galotseng le o o pududu.

 

Ke lo leboga lotlhe go tswa pelong ba lo dirang gore leano la rona le le ntšha le thulaganyo ya rona e dire ka go tsepa mogopolo mo tirong, go ineela mo go yone le go nna le maikutlo a a siameng.