Halaal

Ga se lereo fela mme ke mokgwa wa botshelo

Mo motseletseleng wa diathikele tsa rona, Eish! e tlotla ka ditso tsa mekgwa e e farologaneng ya setso le ya bodumedi le ka fa yotlhe e tlatseletsang ka gone go mefuta e e farologaneng ya botshelo jo bontle jwa Maaforikaborwa. Mo athikeleng eno re bua le leloko la badiri le le jang dijo tse di leng halaal fela ka gonne e le Momoseleme, tse di apewang go ya ka Molao wa Shari’a* wa Seiselamo. O re bolelela gore ke jang dijo di lejwang e le tse di leng halaal le ka fa di leng botlhokwa ka gone mo tumelong ya gagwe.

 

PHETLOLELA KWA TLASE

Matshwenyego ka nako ya mediro

 

A re matshwenyego a gagwe a magolo fa a tlile medirong ke go ja dijo tse di kgotlhelesegileng. "Ke tshwanetse go tlhomamisega gore dijo tse ke di newang di netefaditswe gore di tswa go motlamela ka dijo tse di halaal, kgotsa go seng jalo, tse di apeilweng go ya ka ditaelo tse di gagametseng tsa Shari’a.”

 

"Go kgoba marapo go bona ka fa batho ba se nang kitso ka gone fa ba tsaya gore dijo tse di leng halaal ke tlhapi kgotsa nama ya koko le gore ke tsone fela dijo tse o di newang fa o tlhalosa dipatlafalo tsa gago tsa dijo."

 

Noory a re  ba bangwe ba tsaya gore halaal e raya moutlwalo wa dijo. Bamoseleme ba le bantsi ba Maaforikaborwa - go akaretsa le Noory - ba rata peso-nama e e monate. "Ke rata nama e e neng e inetswe mo teng ga oli le ditswaiso tse di farologaneng go oketsa monko le moutlwalo o o monate wa yone le e e buduleng ka botlalo."

 

Botlhokwa jwa halaal

 

Jaaka Momoseleme, Noory o dumela gore dijo tse di leng halaal ga di a tshwanela go lejwa e le tse di nang le dithibelo kgotsa ditekanyetso. "Melao eno ke e e tlhomilweng ke Mothatayotlhe go sireletsa pholo ya rona le botsogo jwa rona jwa tlhaloganyo le jwa semoya." A re leno ke lone lebaka la go bo ba se kitla ba repisa go tshela ka tsela e e halaal.

 

Eish! e kopa badiri go re bolelela ka dingwao le ditlwaelo tsa bone. Romela dintlha tse o di kwadileng kwa go mmegadikgang wa Eish!, e leng Willie du Plessis kwa atereseng ya  willie.duplessis@nwu.ac.za.

Noory Yusuf a re batho ba na le dikakanyo tse di phoso ka halaal. "Batho ba le bantsi ga ba itse gore halaal e raya eng le gore ga e amane le dijo fela."

 

PHETLOLELA KWA TLASE

Lefoko la Searabia, la halaal, le raya tetlelesego mme ga le dirisiwe mo dijong fela, le dirisiwa le mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa Bamoseleme. Halaal ke mongwe wa melaotheo e le tlhano e e tlhalosang maitsholo a ditiro tsa batho mo tumelong ya Seiselamo.   Mo athikeleng eno re tsepa mogopolo thata mo lereong la halaal fa le dirisiwa malebana le dijo.

 

Noory Yusuf, mothusi ka tsa tsamaiso mo Sekolong sa Thekenoloji ya Tshedimosetso mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa, a re o motlotlo ka halaal ka gonne ke mokgwa wa botshelo jwa gagwe jaaka Momoseleme. "Ke rata go rotloetsa botlhe gore ba ithute ka yone gore ba tlhaloganye tumelo ya Bamoseleme le tsela ya botshelo jwa Seiselamo go ya pele."

 

Ke leng dijo di kaiwang di le halaal?

 

Halaal e raya dijo tse di apeilweng go ya ka molao wa Seiselamo. "Bamoseleme ga ba je nama ya kolobe e bile ga ba nwe bojalwa. Nama e e halaal ke ya diamusi tse di godileng ka botlalo, tse di itekanetseng sentle, tse di tlhabilweng ka tsela e e seng setlhogo le ka thapelo," Noory o tlhalosa jalo.

 

A re diphologolo di tlhabiwa ka tsela e e dirang gore di se ka tsa boga thata ka moo go ka kgonegang ka gone. Seno se dirwa ka go sega ka bonako mosifa o mogolo wa madi mo kgokgotsong ya phologolo.

 

Dijo tse di leng halaal gape di apewa ka didirisiwa tse di phepa tse di iseng di ke di tsenye nama e e seng halaal, kgotsa bojalwa.  Dijo tsotlhe tsa ga Noory di halaal mme di apeetswe kwa gae ka ditswaki tse di netefaditsweng gore le tsone di halaal.

 

Noory Yusuf, mothusi ka tsa tsamaiso mo Sekolong sa IT le sa Dipuisano ka TELIT-SA sa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le IT mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa, o rata go bogela tlhago ka tshisibalo le go itisa mmogo le ditsala tsa gagwe tse dikgolo nako le nako.

PHETLOLELA KWA TLASE

Molao wa Shari’a wa reng?

 

Molao wa Sharia o raya tsamaiso ya semolao e e laolang maloko a tumelo ya Seiselamo. O theilwe mo melaong ya bodumedi ya Seiselamo e e kwadilweng mo bukeng ya Korane le ya Hadith.

 

Seno se tlhalosa maitsholo mo Seiselamong

 

Maitshwaro a ditiro tsa batho a tlhalosiwa ke melaotheo e le tlhano mo tumelong ya Seiselamo. Yone ke Ahkam-fard (patelesego), mustahabb (tshitshinngwa), halaal (letleletswe), makruh (ilwa) le haram (ileditswe). Source: wikipedia.org

Dijo tse di leng halaal di monate e bile di na le dikotla. Noory Yusuf o apaya dijo tsa gagwe ka ditswaki tse di netefaditsweng gore ke tse di tshwanetseng e bile o rata go oketsa moutlwalo wa tsone ka motswako wa ditswaiso tse di nkgang monate

BOELA MORAGO

>

>