Maloko a setlhopha sa basadi sa Ofisi ya Setheo ya YBB a ne a ema nokeng mokgatlho wa go thusa batlhoki nokeng a apere disekhafo tse dintle tsa tlhogo. Letsholo la letsatsi la 'Tuku' le ne le le ka di 26 Phatwe e le la go keteka kgwedi ya Basadi.

 

Disekhafo tsa tlhogo di tshwantshetsa maatla a basadi

 

PHETLOLELA KWA TLASE

>

>

"Sa ntlha, boikaelelo jwa tiragalo eno yotlhe e ne e le go amogela Kgwedi ya Basadi.  Re ne re le motlotlo go rwala 'dituku' ka gonne mo go rona di tshwantshetsa korone mo boemong jwa kgatelelo kgotsa go tlhoka boporofešenale," go bolela jalo Mpho Modupe-Mhonyera, mothusi-mogolo wa tsamaiso kwa Lefapheng la Dipuo, yo e neng e le mongwe wa barulaganyi ba letsholo leno.

 

Mpho Seshabela, motlhankedi-mogolo wa go boloka direkoto wa Ditirelo tsa Kgwebo le tsa go Laola Tshedimosetso, a re ka go apara disekhafo tsa tlhogo, basadi ba gata mo dikgatong tsa bagaka.

 

"Go na le basadi ba le bantsi ba ba tlileng pele ga rona mme ba tsenya letsogo go thusa fela thata mo setšhabeng.  Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri, o ne a gatelela seno fa a ne a bua mo Molaetseng wa gagwe wa Letsatsi la Basadi gore Letsatsi la Basadi le re gopotsa ditlhabelo di le dintsi tse basadi ba neng ba ikentsha tsone mo ditirong tse di farologaneng go tokafatsa matshelo a ba malapa a bone, a baagi le a naga ya rona. Leno ke lone lebaka la go bo re ile ra ba tlotla ka go rwala 'dituku'".

 

Mpho o ne a re sengwe gape se se neng se dirwa mo letsholong leno e ne e le go solegela baagi molemo. "Go na le baithuti ba le bantsi ba basetsana kwa YBB ba ba sa kgoneng go ithekela dilo tsa go tlhapa, go akaretsa le diphetse, dinkgisamonate, ditlolo tsa mmele le sesepa sa poere sa go tlhatswa."

 

Ba ne ba swetsa ka gore ba dirise letsholo la Letsatsi la Tuku jaaka porojeke ya tekeletso ya Letsatsi la Basadi la ngwaga o o tlang. Ingryp Centre mo Khamphaseng ya Potchefstroom e ne ya aba diphetse tse di neng di kokoantswe gore di newe baithuti ba batlhoki.

 

Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa le yone e ne ya tlhoma Porojeke ya 'Tuku' go keteka Kgwedi ya Bomme. Tobetsafano fano go buisa ka porojeke eno.