o leba setshwantsho seno ka kelotlhoko, o tla lemoga le go kgatlhwa ke dipaterone tse di raraaneng le mokgwa o o gakgamatsang o se bopilweng ka one.

 

>

>

BUISA GO FETA

“Legoro le ne la romela taletso ka 2015 kwa badiring ba lone le kwa baithuting gore ba fetolele letshwao la ka gale la thuto go le leša, gore e nne le le akaretsang ditso tse di farologaneng, dipuo tse di farologaneng, le leo le akaretsang botlhe la Aforikaborwa yo o amegang ka tikologo,” go bolela jalo Mop Robert Balfour, modini wa legoro, yo o simolotseng porojeke eno.

 

A re porojeke eno e ne e tlhametswe gore e ame maloko a baagi, bagolo mmogo le bana le baithuti le baakatemi ka boikaelelo jwa gore baithuti ba dirutwa tsa mefuta e e farologaneng ba  nne le seabe mo tšhonong eno e e nang le bokgoni jwa go tlhama le go aba thuto e e seng kana ka sepe.

 

Letshwao le le goletseng kwa godimo la mekgwa-mentle

 

Diphelelo tsa seno e ne ya nna setshwantsho se segolo sa tlou, tlhabololo ya setshwantsho sa ntlha se sennye sa tlou sa Kholetšhe ya pele ya Thuto ya Potchefstroom.

 

Robert a re selekanyo sa go ithuta se ne se akaretsa go ithuta dirutwa tse di farologaneng ga baithuti. Se dirilwe ke baithuti ba diatshe le thekenoloji ba e leng bone ba neng ba ikarabela ka go se bopa pele mo mogopolong, go se tlhama, boenjenere le go dirwa ga sone, ka tirisanommogo fa gare ga baakatemi, bana le bagolo ba ba tswang mo baaging. "Se ne sa dirwa ka tirelo e e golaganeng le go ithuta fa e bapisiwa le go rutwa ke barutabana," o tlhalosa jalo.