Motlhatlheledi go tswa kwa Khamphaseng ya Mafikeng ya YBB o ne a gapa maemo a ntlha ka nako ya moletlo wa ngwaga le ngwaga wa yunibesiti wa Diawate tsa Setheo tsa Maemo a a kwa Godimo a go Ruta (Institutional Teaching Excellence Awards [ITEA]).

 

Ngaka Liqhwa Siziba wa Legoro la yuniti ya puisokwalo ya akatemi la Disaense tsa Mekgwa ya Batho le tsa Loago e ne e le mofenyi mo setlhopheng sa Awate e e Tlhomologileng ya Maemo a a kwa Godimo a go Ruta (Distinguished Teaching Excellence Award [DTEA]). Ke motlhatlheledi wa ntlha wa Khamphase ya Mafikeng go amogela kakgolo eno.

 

Moletlo wa diawate o ne o tshwerwe ka Labotlhano wa di 8 tsa Moranang ka nako ya moletlo wa dijo tsa maitseboa kwa Crista Galli kwa Potchefstroom.

 

Diawate di ne di abiwa ka ditlhopha* di le tharo, e leng sa Awate e Ntšha ya Maemo a a kwa Godimo a go Ruta (Emerging Teaching Excellence Award [ETEA]), Awate ya Tsela ya Maemo a a kwa Godimo a go Ruta (Teaching Excellence Award [TEA]) le Awate e e Tlhomologileng ya Maemo a a Kwa Godimo a go Ruta (DTEA).

Magoro ano a ne a ntshitse ga tshwene

Go ne go na le diawate di le 42 fa di feletse. Legoro le le tlhagisitseng bafenyi ba bantsi ke Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso la Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa la bafenyi ba ba barataro, mme le latelwa ke Legoro la Khamphase ya Potchefstroom la Botsweretshi le Legoro la Disaense tsa Thuto la bafenyi ba le batlhano lengwe le lengwe la one.

 

Maikaelelo a diawate

Boikaelelo jwa diawate ke go akgola tiro ya boleng jo bo kwa godimo ya go ruta le go ithuta. Thulaganyo ya go tshwara diawate e tlhaola le go rotloetsa tsela ya go ruta ya tlhamosešwa le e e tlhomologileng e e dirwang mo dikhamphaseng tsotlhe tsa YBB. Diawate ke tsa go itumelela le go bontsha botlhe thuso e batlhatlheledi ba thusitseng baithuti ka yone.

 

Diawate tseno di abelwa go bontsha tebogo go batlhatlheledi ka ntlha ya boineelo jwa bone jwa go dira gore baithuti ba atlege gape di rotloetsa baakatemi go dira kgatelopele mo tirong ya go ruta le go ithuta.

 

Ditlhopha

Eno ke ngwaga ya bobedi e ka yone go abilweng diawate mo ditlhopheng tseno. Pholisi ya ITEA e ne ya tlhabololwa le go rebolwa ke Senete ka 2013. Thulaganyo e e tlhabolotsweng ya ITEA e ne ya tsenngwa tirisong ka 2014.

 

Diawate tse di Ntšha tsa Maemo a a kwa Godimo a go Ruta (ETEA) ke tsa go akgola batlhatlheledi ba ba magorogo-maša ka ntlha ya tsela ya bone ya maemo a a kwa godimo ya go ruta. Ke tsa go akgola batlhatlheledi ba ba ipeetseng mokgele wa nako e telele wa tiro ya bone ya boitshediso ya seporofešenale le tlhabololo ya yone ka go nna le bosupi jwa diphitlhelelo tse di tlhomologileng tsa mokgwa o moša wa go ruta le go ithuta mo tirong ya bone.

 

Awate ya Maemo a a kwa Godimo a go Ruta (TEA) e newa batlhatlheledi ba ba nang le bosupi jwa diphitlhelelo tse di tlhomologileng tsa maemo a a kwa godimo a go ruta. Ba dirisa mekgwa ya tlhamosešwa go tlhofofatsa tsela ya go ithuta e e rotloetsang baithuti le go ba gwetlha. Mokgwa wa bone wa go tlhatlhelela o rotloetsa go ruta dintlha tse di tseneletseng tsa serutwa o o felelang ka go ruta serutwa ka botlalo le go dirisa maano a a tlhofofatsang go ithuta, a a maleba le a a siametseng baithuti mo serutweng se ba se ithutang.

 

Awate e e Tlhomologileng ya Maemo a a kwa Godimo a go Ruta (DTEA) ke ya go akgola bakanoki ba ba tlhomologileng ba go ruta le go ithuta. Awate e akgolela batlhatlheledi boeteledipele le phitlhelelo ya go thusa baithuti ka madi a go ruta le go ithuta. DTEA e abiwa jaaka tsela ya go akgolelwa maemo a a kwa godimo mo setlhopheng sa TEA.

 

Ka fa batlhatlheledi ba tlhophiwang ka gone

Batsayakarolo mo diawateng ba tshwanetse go fitlhelela bobotlana 80% ya dipatlafalo mo ditlhopheng tse mongwe le mongwe wa bone a di tsenelang. Ba tshwanetse go romela photefolio e e bontshang bosupi jwa ditiro tsa bone tsa go ruta le go ithuta. Gape go elwa tlhoko bobotlana ditšhono di le pedi tsa go ithuta, mme ga go dirwe kitsiso ka e le nngwe ya tsone.

 

Go lebeletswe gore batsayakarolo mo diawateng tsa TEA ba neele dipuo kwa khonferenseng ya ngwaga le ngwaga ya khamphase kgotsa ya legoro la go ruta le go ithuta.

 

Diphotefolio tsa bone di ne di modereitiwa ke ditlhopha kgotsa ke diphanele tse maloko a tsone e leng baemedi ba Setheo sa Tlhabololothuto le Kemonokeng (Institutional Academic Development Support [ADS]) le bagakolodi ba go ruta ba ADS ba dikhamphase tse tharo tsa YBB.

 

Diphotefolio tse di nang le bosupi tsa bafenyi ba DTEA di modereitelwa mo teng ga setheo le kwa ntle ga setheo.

 

Bafenyi

YBB e akgola batlhatlheledi ba ba gaisang botlhe

PHETLOLELA KWA TLASE

Ngaka Liqhwa Siziba ke mofenyi wa Awate e e melediwang mathe e e Tlhomologileng ya Maemo a a Kwa Godimo a go Ruta. A re o motlotlo e bile o ne a sa lebelela seo. "Ke ne ke sa dire ke le nosi; ke ne ke tshegediwa ke batho ba le mmalwa mo go sotlhe se ke neng ke se dira. Ke tshwanetse go leboga batsadi ba me, baporofesa ba ba nang le bokgoni, ditsala le baakatemi ba ba neng ba ntlhaba botlhale. Ke a lo leboga lotlhe ba lo neng lo nthotloetsa le go ntshegetsa."

 

Liqhwa a re awate e mo gakolola go dira ka natla letsatsi lengwe le lengwe le go tlhoma mogopolo mo ditlhokong tsa go ithuta tsa baithuti ba gagwe. "Ke itsaya ke le motlotlo go tsena mo phaposiborutelong go rotloetsa baithuti go akanya ka kelotlhoko ka lefatshe le ba tshelang mo go lone." Liqhwa a re go monate go newa awate, mme go thusa baithuti mo tirong ya gagwe ya go ba ruta go monate le go feta. "Ke mongwe wa batho ba ba lesego ba ba yang gae letsatsi le letsatsi ke itse gore ke tlisa pharologano mo baaging fela ka go nna morutabana. Moputso wa me o mogolo ke go nna morutabana."

 

 

 

Mampodi wa Botlhe – Dr Liqhwa Siziba

boela morago

  • Awate e e Tlhomologileng ya Maemo a a kwa Godimo (DTEA)

    Ngaka LIQHWA SIZIBA,

    wa Disaense tsa Mekgwa ya Batho le tsa Loago

  • Awate e Ntšha ya Maemo a a kwa Godimo ya go Ruta (ETEA)

    MOP GERT BREED,

    wa Thutabomodimo

    Ngaka LIZELLE BRINK,

    wa Lefapha la Disaense tsa Ikonomi le tsa Botsamaisi.

    Rre EMILE COETZEE,

    wa Disaense tsa Mekgwa ya Batho le tsa Loago

    Moh ZANDRI DICKASON,

    wa Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso

    NGAKA WASHINGTON DUDU,

    wa Thuto le Katiso

    Moh NAOMI DU PLESSIS,

    wa Mekgwa ya batho

    Moh LUZAAN HAMILTON,

    wa Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso

    Moh LANA HARMSE,

    wa Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso

    MOP ANDREW MAREDZA,

    wa Kgwebo le Tsamaiso

    Moh ABIGAIL MOOKETSI,

    wa Kgwebo le Tsamaiso

    Moh CHARLENE LANSER-LABUSCHAGNE,

    wa Molao

    Moh OLIVE STUMKE,

    wa Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso

    Moh ELSABE WEYER,

    wa Disaense tsa Tlhago

     

  • Awate ya Maemo a a kwa Godimo ya go Ruta (TEA)

    NGAKA ANRI BOTES,

    wa Molao

    NGAKA CHRISNA BOTHA-RAVYSE,

    wa Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso

    MOH ANNEKE BUTLER,

    wa Mekgwa ya batho

    NGAKA ROBIN DOLMAN,

    wa Disaense tsa Pholo

    MOP YVONNE DU PLESSIS,

    wa Kgwebo le Tsamaiso

    MOH ADRI DU TOIT,

    wa Disaense tsa Thuto

    MOH ESTIE GRESSE,

    wa Molao

    Rre KOBUS HAVENGA,

    wa Disaense tsa Thuto

    MOH ADÉLE JORDAAN,

    wa Botsweretshi

    MOP LENÉ JORGENSEN,

    wa Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi

    MOH KOTIE KAISER,

    wa Disaense tsa Thuto

    MOH RENÉ KORAAN,

    wa Molao

    NGAKA ELIZE KÜNG,

    wa Mekgwa ya batho

    MOH DOROTHY LAUBSCHER,

    wa Disaense tsa Thuto

    NGAKA JANET LIEBENBERG,

    wa Disaense tsa Tlhago

    MOH KARIN MARTENS,

    wa Disaense tsa Thuto

    MOP JAKO OLIVIER,

    wa Botshweretshi

    NGAKA TERTIA OOSTHUIZEN,

    Disaense tsa Pholo

    MOP OLIVIER OLELA OTAFUDU,

    wa Temothuo, Saense le Thekenoloji

    NGAKA LOUISEMARIÉ RATHBONE,

    wa Botsweretshi

    NGAKA MARK RATHBONE,

    wa Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi

    MOP CHRISTA RAUTENBACH,

    wa Molao

    NGAKA DAWID SERFONTEIN,

    wa Boenjenere

    NGAKA JOHAN STEYTLER,

    wa Mekgwa ya batho

    MOH MARIAAN VAN ASWEGEN,

    wa Disaense tsa Mekgwa ya Batho le tsa Loago

    NGAKA PHILIP VAN DER MERWE,

    wa Botsweretshi

    NGAKA DIANA VILJOEN,

    wa Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso

    NGAKA MARLENE WIGGILL,

    wa Botsweretshi

     

>

>