>

Mankge wa YBB

o ikgapela madi a go ya
go ithuta

FR Bezuidenhout (ka fa molemeng) o na le Fred Reinhart, poresidente wa Association of University Technology Managers (AUTM), morago fela ga a sena go newa thuso ya madi a go ya go ithuta gore a ye khonferenseng ya ngwaga le ngwaga ya kwa San Diego kwa United States of America.

 

(Senepe se abilwe ke AUTM)

Phetlolela kwa tlase

Dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng e nnile tse di itumedisang thata mo go mongwe wa bomankge ba bagolo ba YBB mo go direng kgwebo. MFR Bezuidenhout wa ofisi ya setheo sa Go Ruta Thekenoloji le Kemonokeng ya Tlhamoseša (Technology Transfer and Innovation Support [TTIS]) o amogetse thuso ya madi a go ya go ithuta kwa dinageng di sele a bo a ikgapela moputso go tswa mo nageng ya rona wa nngwe ya diporojeke e a tshwaraganeng le yone, e e neng ya atlholwa jaaka e e di gaisitseng tsotlhe mo setlhopheng sa tsone.

 

FR Bezuidenhout e ne e le ene fela moporofešenale a le mongwe mo go ba le batlhano ba ba tswang kwa dinageng tse di tlhabologang mo lefatsheng lotlhe yo o neng a tlhophelwa awate e e melediwang mathe ya go newa thuso ya madi a go ya go ithuta ya Association of University Technology Managers (AUTM).

 

Thuso ya madi a go ya go ithuta e mmulela ditšhono

 

Thuso ya madi a go ya go ithuta ya AUTM e mo kgontshitse go ya Konkereseng ya ngwaga le ngwaga ya setlamo seno, e e neng e tshwaretswe kwa San Diego ka kgwedi ya Tlhakole monongwaga.

 

Go amogela thuso ya madi a go ya go ithuta ke phitlhelelo e kgolo ka gonne AUTM ke setlamo segolo se se nang le maloko a a fetang

3 000 go tswa kwa dinageng di le 65 tse di farologaneng.

 

Konkerese eno e ne e na le baporofešenale ba ba rutang thekenoloji ba ka nna 2 000. Thuso eno ya madi a go ya go ithuta e newa fela ba ba lejwang e le bomankge ba ba gaisang botlhe.

 

"E ne e le tšhono e e molemo tota ya go ithuta go tswa go bomankge ba ba rutang thekenoloji le dirutwa tsa kemonokeng ya tlhamosešwa. Ke itumelela thata tšhono ya go dirisana mmogo le ba bangwe ba dinaga di sele mo intasetering eno le go tsaya malebela a boleng jwa tiro mo go bone, dithulaganyo tsa bone tsa tiro le diporojeke tsa bone."

 

FR a re thuso ya madi a go ya go ithuta e ne ya duelela leoto lotlhe lwa gagwe le lefelo la bonno.

 

Porojeke e e tlhaotsweng jaaka ya maemo a a kwa godimo

 

Konkerese ya AUTM e ne e se yone fela ntlhakgolo mo go FR le mo setlhopheng sa TTIS. Nngwe ya diporojeke tse ba nang le seabe mo go yone, ya Mobile Agri Skills Development and Training (MASDT) e leng laboratori e e etelang mafelo a sele, e ne ya ikgapela awate ya Inkhubeitha ya Ngwaga.

 

Awate eno ya ngwaga le ngwaga e abiwa ke Setheo sa Tlhabololo ya Dikgwebopotlana (Small Enterprise Development Agency [Seda]) le Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana. Moh Lindiwe Zulu, Tona ya Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, o ne a itsise mofenyi ka kgwedi ya Mopitlwe monongwaga.

 

"Re motlotlo thata ka porojeke eno e e simolotsweng ke ofisi ya TTIS. YBB e nnile le seabe se se botlhokwa mo go tlhomeleleng laboratori ya MASDT. Mop Ingrid Dennis le setlhopha sa Senthara ya Disaense tsa Metsi le Botsamaisi jwa Tsone, ka kemonokeng ya ofisi ya TTIS, o dirile ka natla go tlhomamisa gore laboratori ya MASDT e a atlega," go bolela jalo FR.

 

Laboratori ya MASDT ke laboratori ya ntlha ya Aforikaborwa e e etelang mafelo a sele ya temothuo e e kgontshang balemirui go dira diteko tsa metsi le tsa mmu gone mo lefelong la bone.

 

"Eno e nnile ngwaga e e molemo tota go tla go fitlha jaanong malebana le dintlhakgolo tse pedi tseno," go bolela jalo FR, a bua ka thuso ya madi a go ya go ithuta le ka awate. "Re itumetse fela thata ka ntlha ya diporojeke tse dintsi tse di solofetsang monongwaga. Re solofela gore seno ke tshimologo fela ya dilo tse di molemo ka 2016."

>