Dikakgelo

tsa Motseleganyi

Tshela botshelo jo bo sa lapiseng

phetlolela kwa tlase

Badiri ka nna ba ba rategang,,

 

Ga twe botshelo bo monate fa bo fetofetoga, mme ke akanya gore se sengwe se se bo natetshang ke go bo tsenya matlhagatlhaga.

 

Mo tokololong eno ya Eish! re tlotla ka diathikele tse di farologaneng tse di bontshang ka fa bokgoni jwa go tlhama bo rotloetsang badiri-ka-rona go nna diphitlhelelo ka gone. Tsaya ka sekai athikele e e buang ka Kanale ya YouTube ya NWUtv, NWUtv. Sa ntlha, se se batlegang ke bokgoni jwa go tlhama go dira gore diporojeke tse di dirwang mo baaging tse go buiwang ka tsone go kanale ya YouTube ya NWUtv di diragadiwe, mme sa bobedi, go batlega bokgoni jo bongwe gape jo bogolo jwa go tlhama gore re  bolela dikgang tse di monate tseno ka tiriso ya dibidio.

 

Ka tsela e e tshwanang, porojeke ya go aga tlou ya Legoro la Disaense tsa Thuto mo Khamphaseng ya Potchefstroom le diphitlhelelo tsa motlhamasešwa e leng FR Bezuidenhout di bua ka bokgoni jwa go tlhama le jwa go dira dilo. Francois Pretorius, motsweretshi le tlhogo ya Senthara ya Bokgoni jwa go Tlhama mo go yone khamphase eno, ke sekai se sengwe sa go nna le bokgoni jwa go tlhama mo tirong.

 

Sa bofelo se le sone se leng botlhokwa, ke gore setlhopha sa thulaganyo le boalo jwa Eish! sa Graphikos, setudio sa go dira ditshwantsho ka khomphiutha mo Khamphaseng ya Potchefstroom, le sone se tshwanetse go akgolwa jaaka bommampodi ba bokgoni jwa go tlhama.

Gongwe sephiri sa seno ke go tshela botshelo ka tsela e e nang le bokgoni; go tshela ka tsela ya bokgoni jwa go tlhama. Bona dikgwetlho le ditharabololo mo boemong jwa go bona dikgoreletsi le mathata. Dirisa bokgoni jwa go tlhama mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo, go akaretsa le mo dikamanong tsa gago le ba bangwe – o se ka wa lebela kwa tlase ope kgotsa kamano epe e o nang le yone le mongwe.  Ka bokhutshwane: tlhopha tsela e e kgatlhang ya botshelo mo boemong jwa ya ka gale fela ya botshelo mme o lemoge bokgoni jo bo ntseng bo iphitlhile jo o nang le jone.

Bokgoni jwa me jo bo iphitlhileng? Wa rialo?

 

Ee, rotlhe re na le jone (mme jwa bangwe ba rona bo feta jwa ba bangwe). Mo molaetseng wa bošeng jaana wa imeile o o tswang go NWU Wellness4U, ba ne ba bua ka ditsela tse di farologaneng tsa go lemoga le go lootsa bokgoni jwa gago jwa go tlhama. Fa e le gore ga o ise o buise athikele eno, o ka e buisa gone jaanong ka go tobetsa fano.

 

Ka jalo, a re nneng le bokgoni jwa go tlhama ka dipelo tsotlhe tsa rona mme re dire pharologano gongwe le gongwe kwa re yang gone.

 

Buisang ka boitumelo

>

>