Petlolela kwa tlase

Mop Robert Balfour, modini wa legoro la Disaense tsa Thuto mo Khamphaseng ya Potchefstroom, ga se fela morati wa ditshwantsho tse di takilweng yo o kokoantseng ditshwantsho tse di kgatlhang tse di takilweng, mme gape ke motlhami wa tsone.

 

Tiro ya gagwe e ntse e akarediwa fa go na le dipontsho fa e sa le ka 2003, fa e ne e bontshiwa kwa United Kingdom le go bontshiwa ke Mokgatlho wa Diatshe wa KwaZulu-Natal. Dipontsho tsa tiro ya gagwe a le nosi kwa dipontshong tsa ArtSpace di ne tsa latela ka 2007.

 

Ditshwantsho tse di takilweng di bontsha lefelo le nako

 

Bošeng jaana baagi ba kwa Potchefstroom ba nnile le tšhono ya go boga bontle jwa ditshwantsho tsa gagwe tse di takilweng fa pontsho ya gagwe ya tsone e e bidiwang, The Exploded View*, e ne e dirwa kwa lefelong la dipontsho la YBB kwa Tshingwaneng ya Dimela. Pontsho eno e ne ya bulwa pele kwa Lefelong la Dipontsho la Diatshe kwa KwaZulu-Natal ka kgwedi ya Diphalane mo ngwageng o o fetileng pele ga pontsho e e neng ya dirwa kwa Tshingwaneng ya Dimela.

 

Ditshwantsho tse di takilweng tsa ga Robert tse di dirang gore motho a akanye mme ka dinako tse dingwe, tse di tshosang e bile gantsi e le tsa ditiragalo tsa letsatsi le letsatsi di bontsha mekgwa ya botshelo jwa setoropo go tswa kwa Potchefstroom go ya kwa San Francisco. Ditshwantsho tsotlhe tsa gagwe di na le lesedi la tlhago le la maitirelo. Lesedi leno le tlhama tikologo e e hutsafatsang mme ka dinako tse dingwe e e itumedisang.

 

Ditshwantsho tse di takilweng le talente

 

Robert a re o simolotse go dira ditshwantsho tse di takilweng kwa England koo a neng a ithuta gone. "E ne e le tsela ya go dira sengwe fa tiro ya akatemi e ne e sa kgatlhe." O ne a ikwadisetsa thuto ya nakwana ya mo setudiong e mo go yone a neng a kaelwa ke motaki yo o itsegeng e leng Pascale Chandler kwa Durban fa a sena go boela mo Aforikaborwa ka 2000.

 

O dumela gore go dira ditshwantsho tse di takilweng ke puo e nngwe. "Gantsi batho ba leba go dira ditshwantsho tse di takilweng e le tiro ya bokgoni jwa go tlhama. Fa o e dira, o tshwanetse go nna le kitso ya go tlhama le go dirisa mebala, mme jaaka moithuti ope fela, tiro eno e na le dingwao tsa yone, mekgwa le melao. Melao ya go taka ditshwantsho e dira gore o feleletse o na le bokgoni." Robert a re mekgwa le bokgoni jwa yone bo tshwanetse go ithutwa, ga se dilo tse motho a nang le tsone ka tlhago.

 

"Nngwe ya dikgopolo tse ke neng ke tshwanetse go kgaogana le tsone ke ya gore bokgoni jwa go tlhama ke talente. Ga go na sepe se se ntseng jalo. Talente ke go tsosolosa bokgoni."

 

Fa e sa le Robert a simolola go dira kwa YBB, o fetotse mekgwa le ditlhogo tsa tiro ya gagwe gore di akaretse ditlhogo tse di farologaneng. Ditshwantsho tsa gagwe tse di takilweng di simolola ka ditshwantsho tsa fa go le bosigo mo ditoropong go fitlha ka tsa mawatle le tse dingwe tsa boalo jwa naga, e bile di ka tlhalosiwa ka tsela le fa e ka nna efe.

 

A re o ne a le motlotlo go bontsha baagi ba Potchefstroom lemmenyana la tiro ya gagwe. "Ke ne ke itumetse thata go bo ke ile ka kgona go dira pontsho kwa Potchefstroom e bile ke itumelela tshegetso e ke e neilweng ya tiro ya me fano," o bua jalo a le motlotlo.

 

* Setlhogo sa pontsho eno se tswa mo pading ya ga Ivan Vladislavic’s, The Exploded View, e e neng ya gatisiwa ka 2004. Padi eno e tlhalosa mafelo a bonno go ya ka fa a bonwang ka gone ke baanelwa ba le bane ba mo Aforikaborwa. Gape padi eno e tlhalosa ditshwantsho tse di takilweng le polane ya dikago ka tsela e e kgatlhang.

 

(Dikanelo ka Robert Balfour)

Fa o itse ka modiri-ka-rona mongwe yo o dirang sengwe se se tlhomologileng kgotsa se se kgatlhang mo botshelong jwa gagwe a se mo yunibesiting, tsweetswee romelela Willie du Plessis tshedimosetso kwa atereseng ya willie.duplessis@nwu.ac.za.

Buisa go feta

>

>