>

Ba thusa ba bangwe kwa ntle ga
go ipona tsapa

YBB e na le badiri ba ba ineetseng mo tirong bao ka gale ba dirang tiro e e fetang e e lebeletsweng mo go bone. Mo tokololong eno, Eish! e simolola motseletsele wa yone wa go thusa ba bangwe kwa ntle ga go ipona tsapa gore e akgole badiri ka rona le go ba rotloetsa gore ba tswelele ka go tlisa pharologano mo matshelong a ba bangwe.

 Fa e le gore o ka rata go tlhopha modiri-ka-wena yo gantsi a sa iponeng tsapa go thusa ba bangwe, tsweetswee romela imeile kwa go willie.duplessis@nwu.ac.za. Gakologelwa go supa maemo a gago a tiro le leina la lefapha la gago kgotsa sekolo, mmogo le tsa batho ba o ba tlhophang. Gape ntsha mabaka a gore ke eng o akanya gore motho yono ga a ipone tsapa go thusa ba bangwe.

>