Go baka le go akgola boraro jwa kwa Mafikeng

Go akgola dithaka ke kakgolo e e molemo go di gaisa. Maloko a mararo a badiri a Khamphase ya Mafikeng a  akgotswe ka tsela e e latelang – a le mongwe wa bone o akgotswe ke setlamo sa boditšhabatšhaba sa tshireletso mme ba bangwe ba babedi bone ba ikgapela diawate tse di melediwang mathe. Ngaka Kaitano Dzinavatonga, Mop Jamshid Moori le Matshidiso Pooe botlhe ba akgoletswe tiro ya bone ke dithaka tsa bone.

>

>

  •  

    Go dira ka dilo tsa bogologolo

    Kaitano, mmatlisisi go tswa go Lefapha la Fisika, o ne a nna le tshiamelo ya go amogelwa ke European Institute for the Photon-based Non-Destructive Analysis of Ancient Materials (IPANEMA).

     

    Mo ngwageng o o fetileng go simolola ka di 19 Diphalane go fitlha ka di 30 Ngwanaitseele, o ne a tsaya karolo mo tshekatshekong e e tseneletseng ya dilo tsa bogologolo tsa boswa le tse di ribolotsweng.

     

    Mo nakong eno ya dibeke di le thataro tsa loeto o ne a ithuta ditokomane tse di botlhokwa tsa hisitori tse a neng a di neilwe ke Dilaeborari tsa Bosetšhaba tsa Aforikaborwa le Timbuktu.

     

    Kaitano o ne a dirisa maano a a farologaneng a saense go sekaseka go senyegela pele ga ditokomane tseno. Diphitlhelelo tsa gagwe di tla tlamela ka tshedimosetso e e botlhokwa ya dikgato tsa tshireletso ya ditokomane le ka fa dilo tseno tsa bogologolo di ka tsosolosiwang ka gone.

     

    < Ngaka Kaitano Dzinavatonga, mmatlisisi

  • 2

    Patlisiso ya maemo a a kwa godimo

    Lekgotla la Mmetshe la Aforikaborwa kgotsa The South African Mathematical Society (SAMS) le ne la akgola Jamshid ka go mo tlhopha  gore a nne moamogedi wa awate ya bone ya maemo a a kwa godimo ya go falola patlisiso ka dinaledi.

     

    Jamshid, monetetshi yo o neilweng maduo a A mo mmetsheng, o ne a newa awate kwa Konkereseng ya Ngwaga le Ngwaga ya SAMS ka kgwedi ya Ngwanaitseele ngogola.

     

    Go ya ka webosaete ya SAMS, Awate ya SAMS ya Go Falola Patlisiso ka Dinaledi ke ya go akgola batho le go ba rotloetsa go dira patlisiso ya maemo a a kwa godimo. Ba re awate eno e abelwa motho fa a akgolelwa thuso ya gagwe e e botlhokwa ya patlisiso ka mmetshe kgotsa ya go dirisa mmetshe mo tirong epe fela.

    Ke awate e e melediwang mathe thata mo setšhabeng.

     

    < Mop Jamshid Moori, monetetshi le mmatlisisi

  •  

    Awate ya  tlhamosešwa

    Matshidiso, mogakolodi wa tlhabololo ya akatemi le mankge wa tiriso ya khomphiutha mo go tsa akatemi, ke mofenyikakaretso wa Awate ya Aforika le ya Botlhabagare ya 2015 ya Tlhamosešwa ya Lefatshe lotlhe ya Turnitin.

     

    Awate eno ke ya go akgola batlhatlheledi le batsamaisi ba thekenoloji go tswa mo lefatsheng lotlhe ba ba dirileng tiro ya maemo a a kwa godimo ya go rotloetsa go ikanyega mo go tsa akatemi, go nna le seabe ga baithuti le tiriso ya tlhamosešwa ya Turnitin le dithekenoloji tse dingwe tsa thuto go ema tiro ya go ithuta nokeng.

     

    Matshidiso o gakolola setlhopha sa botsamaisi, badiri le baithuti go tswa kwa Khamphaseng ya Mafikeng ka go kopanya Turnitin le tiro ya go ruta le go ithuta. Gape o rotloetsa tiriso ya Turnitin jaaka sedirisiwa sa thuto ka dikokoano tsa go tlhabana botlhale.

     

    < Moh Matshidiso Pooe, mogakolodi wa tlhabololo ya akatemi le mankge wa tiriso ya khomphiutha mo go tsa akatemi