Badiri ba kemonokeng ba reng?

"Ke itumeletse fela thata go bona badiri ka nna. Dijo di ne di rokotsa mathe mme Dorianne o ne a ntshitse ga tshwene. Ke ithutile go le gontsi tota.” – Marit Woudstra wa Khamphase ya Potchefstroom wa Ditirelo tsa Go Naya Baithuti Kgakololo.

 

"E ne e le tiragalo e e itumedisang e le tota. Ke setse ke lebile pele go ngwaga o o latelang wa Indaba! –Illana Coetzee, moithutatlhaloganyo kwa Ingryp@SCD kwa Khamphaseng ya Potchefstroom.

 

"Lo dirile sentle. E ne e le tiragalo e e itumedisang e le tota. Go na le dilo di le dintsi tse di tlhokang go akanyediwa le go dirwa." –Johan Erasmus, tlhogo ya lefapha la go okamela tsa boleng, diporojeke le tsamaisokakaretso mo Khamphaseng ya Potchefstroom.

 

Nopolo go tswa go puo e e rotloetsang ya ga

Dorianne Weil.

O konosetsa jang ngwaga o o gwetlhang

Setlhopha sa Ofisi ya tsa Boleng se ne sa tlhomamisa gore Indaba 2015 e a atlega. Bone kwa morago ke: Ngaka Jannie Jacobsz, mokaedi wa Ofisi ya tsa Boleng, Antoinette Vermeulen, mmenejara wa tsa boleng wa mananeothuto a akatemi, le Jadrique Krüger, mothusi wa nakwana. Fa pele ke Tommy Pietersen, motlhankedimogolo wa tsamaiso, Johanna Müller, mmenejara wa tsa boleng wa ditirelo tsa kemonokeng, le Dorianne Weil, sebui se se rotloetsang.

O tshwara indaba e e atlegileng e e tlhotlheletsang, e e rotloetsang le e e kgothatsang badiri gore ba ntshe ga tshwene mo ngwageng o moša o o tlileng go nna le diphetogo, diteko le ditšhono tse di ntšha.

Ofisi ya tsa Boleng kwa Ofising ya Setheo e ne ya tshwara indaba ya bonè ya bone e e atlegileng kwa bokhutlong jwa 2015, go rotloetsa badiri ba kemonokeng ba dikhamphase tse tharo le ba Ofisi ya Setheo gore ba dire sentle ka 2016.

 

Maloko otlhe a badiri a a neng a tsenetse Indaba eno a ne a le 130. Johanna Müller, mmenejara wa tsa boleng wa ditirelo tsa kemonokeng, a re badiri ba ne ba tlile ka makatla a namane. "Botlhe ba re e ne e le tiragalo e e monate tota e e ba tlogetseng ba ikutlwa sentle e bile ba rotloetsegile."

 

Mankge wa sebui o rotloetsa badiri

Indaba ya ngwaga le ngwaga e itsiwe ka dibui tsa yone tse di rotloetsang mme go ne go ntse jalo le ka ya ngwaga ono. Moithutatlhaloganyo yo o itsegeng wa tsa kalafi le wa setlamo e leng, Dorianne Weil, yo gape a bidiwang “Dr D”, o ne a rotloetsa botlhe ba ba neng ba le teng. Molaetsa wa gagwe o ne o utlwala sentle: botshelo bo thata, mme ga ke ineele.

 

"Ga se gantsi botshelo bo tsamayang sentle. Bo re leretsa mathata nako le nako ao a ka re nyemisang mooko kgotsa ao a ka re tlhagafatsang. Tsela e re lebanang le dinako kgotsa ditiragalo tseno tse di fetolang botshelo jwa rona ka yone e tla bontsha mokgwa le tsela e re tlileng go gatela pele ka yone," go bolela jalo Dorianne.

 

Kgakololo e a e neileng badiri ke ya gore ba ntšhafatse thotloetsego ya bone le go reetsa segakolodi sa bone. "Se o dumelang gore o sone, o sone e bile ke lone lebaka la go bo o tshwanetse go oketsa mekgele ya gago. Se se botlhokwa le go feta ke ka fa o itebang ka gone."

 

Tšhono ya go thusana

“Indaba ke yone tšhono e le nngwe e mo go yone badiri ba kemonokeng ba ka kgonang go itsane le go tlotla ka matshelo a bone a seporofešenale le ka dintlha tse di nang le diphelelo dingwe mo go bone,” Johanna o bolela jalo.

 

Boikaelelo jwa Indaba ke go nonotsha ba bangwe e bile, go ya ka diimeile tse di farologaneng tse Johanna a di amogetseng go tswa kwa malokong a badiri, Indaba, fela jaaka mo dingwageng tse di fetileng, e dirile fela jalo.

 

"Go bonala sentle gore e tlhokega fela thata. Rotlhe re lebane le dikgwetlho le matshwenyego a a tshwanang,  mme gape re tshwanetse go bolelelana diphitlhelelo tsa rona. Re tshwanetse go gakololana gore ga re nosi, re maloko a lelapa le legolo a a sa tshegetseng baakatemi ba yunibesiti fela, mme gape re maloko a a tshegetsanang.

 

INDABA

e a rotloetsa le go  tlhotlheletsa

>

>