Megopolo ya rona e tletse naga yotlhe mme matlho a rona a lebile kwa godimo.

 

Ka ntlha ya tsela e ntšha ya go kgatlhegela naledi ya Kopadilalelo le ka ntlha ya balekeletsi ba ba jaaka Jeff Bezos le Elon Musk ba ba tsentseng motlha wa go nna le sesutlhalefaufau sa poraefete, ga go ise go ke go direge le ka motlha gore go se tlhole go iwa kwa lefaufaung. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa e sa le go tlhamiwa sesutlhalefaufau, batho ba tlogetse matlakala a thekenoloji kwa medikologong e dipolanete di tsamayang kwa go yone.

 

Jaanong potso ke gore: Matlakala a a kwa loaping a tla boela leng mo lefatsheng, a a baka kotsi mme re ka a tlosa jang? Ngaka Pieter Kotzé wa Senthara ya Patlisiso ka tsa Lefaufau o na le dikarabo.

 

Sa ntlha, matlakala a a kwa lefaufaung ke eng?

 

Matlakala a a kwa lefaufaung ke dilo tse di leng gaufi le modikologo o lefatshe le tsamayang mo go one (tse di leng bogodimo jwa 300km go ya go 500km). Dilo tseno tse e leng matlakala di ka nna dikgolo go lekana le disathelaete tse di sa tlholeng di le gone mmogo le dikarolo tsotlhe tse dirokete di dirilweng ka tsone, tse di dirisitsweng, tse di tlhatlhamologileng go tloga fela ka meburu le dikurufu tseo di di tshwaraganyang mmogo, le manathwana a pente.

 

Matlakala a a leng mo modikologong o dipolanete di dikologang mo go one ke matlakala a a dirilweng ke batho a a mo modikologong o lefatshe le dikologang mo go one o o sa tlholeng o le mosola ka gope. Matlaka a a ntseng jalo a akaretsa sesutlha-lefaufau se se sa tlholeng se dira, dikolotsana tse di tlogetsweng kwa lefaufaung kwa di neng di rometswe gone, matlakala a a amanang le ntwa le matlakala a disutlha-lefaufau tse di phatlogileng.

 

Fa e sa le go tlhomiwa satalaete ya ntlha-ntlha ya Sputnik, o ka tlhalosa jang koketsego ya matlakala a a kwa lefaufaung?

 

A simolotse go tswa go lefela ka 1960 go fitlha go manathwana a one a a fetang milione ka 2021.

 

Go setse a makae koo?

 

Go ne ga fopholediwa gore go na le manathwana a one a a fetang dimilione di le 128 ao lengwe le lengwe la one e leng la bogolo jo bo ka fa tlase ga 1cm go simolola ka Ferikgong 2019. Go na le manathwana a matlakala ano a ka nna 900 000 a bogolo jo bo simololang ka 1 go fitlha go 10cm. Palo ya ga jaanong jaana ya matlakala a magolo (ao bogolo jwa one bo tlhalosiwang e le jwa bophara jwa 10cm kgotsa feta) ke 34 000.

 

Matlaka a a kwa lefaufaung a kotsi go le go kana kang mo disathelaeteng le mo disutlha-lefaufaung tsa mo isagweng?

 

Kotsi ya teng ke ya gore disathelaete tse di jaaka di Sapce X tse di palangwang ke baithutadinaledi di mo kotsing ya go ka thulana le lenathwana la matlakala a a mo lefaufaung.

 

Go thulana ga sesutlhalefaufau le matlakala a bogolo jo bo fetang 1cm go ka dira gore se se ka sa dira sentle, e bile fa seno se direga, sesutlhalefaufau kgotsa rokete e e tlhatlhamologileng e ka thunya. Diphelelo tse di sa siamang tsa matlakala ano a bogolo jwa milimetara di ka baka tshenyo mo tikologong kgotsa di ka dira gore sesutlhalefaufau se se ka sa dira sentle.

 

Ke mang yo o tshwanetseng go sikara boikarabelo jwa go tlosa matlakala a a kwa lefaufaung mme go dirilwe dithulaganyo dife tsa go dira jalo?

 

Matlakala a a kwa lefaufaung ga se boikarabelo jwa naga e le nngwe fela mme ke jwa naga nngwe le nngwe e e romelang batho ba yone kwa lefaufaung. Bothata jwa go laola matlakala a kwa lefaufaung ke kgwetlho e dinaga tsotlhe di lebaneng le yone e bile di na le tšhono ya go sireletsa lefaufau gore go dirwe matsholo mo isagweng a go sekaseka lefaufau.

 

A rona mo lefatsheng mo re tshwanetse go tshwenyega ka go ntsifala ga matlakala a a kwa lefaufaung?

 

Le fa bontsi jwa matlakala ano bo fela ka go tuka kwa loaping ga one, matlakala a magolo a ka kgona go fitlha mo lefatsheng a ntse a le komota. Go ya ka NASA, mo dingwageng di le 50 tse di fetileng, palogare ya manathwana a matlakala a a tsentsweng mo khatalokong a wela mo Lefatsheng letsatsi le letsatsi. Go sa kgathalesege bogolo jwa manathwana mangwe a matlakala ano, ga a baka tshenyo epe e e kalo mo lefatsheng.

 

A go na le mongwe yo o kileng a welwa ke matlakala a a tswang kwa lefaufaung?

 

Go na le motho a le mongwe fela yo o kileng a welwa ke matlakala a a tswang kwa lefaufaung. Ke mosadi yo leina la gagwe e leng Lottie Williams*.

 

Matlakala a a kwa lefaufaung a bakilwe ke mang?

 

Ga go ope yo o nang le boikarabelo mo dinageng tsotlhe jwa go ela matlakala ano tlhoko, mme United States yone e ela tlhoko matlakala a a kwa lefaufaung gore e sireletse disathelaete tsa yone, mme e bolelela dinaga tsotlhe mo lefatsheng ka tshedimosetso eo.

 

Dinaga tse dingwe le tsone di kgona go a ela tlhoko mme le tsone di tlhokomela disathelaete tsa tsone ka mokgwa o o tshwanang.

 

Matlakala a a kwa lefaufaung a ka tlosiwa ka mokgwa ofe?

 

Go fetile dingwaga di le dintsi go ntse go dirwa dithekenoloji tsa go phepafatsa. Ka 2016, setheo sa kwa lefaufaung sa kwa Japane se ne sa romela kheibole ya boleele jwa 700-metre kwa lefaufaung go leka go fokotsa lebelo leo matlakala a a kwa lefaufaung a ntsifalang ka lone le go a kaela. Ka 2018, sedirisiwa se se bidiwang RemoveDebris (Setlosamatlakala) se ne sa apesa satalaete ka letlowa la maitirelo.

 

Dipaakanyo tsa thekenoloji di akaretsa go tlosa matlakala a a kwa lefaufaung ka matlowa, dihapune le dileisara.

34 000

MATLAKALA A MAGOLO    (>10 cm)

128 mil.

MATLAKALA A MANNYE  (<1 cm)

900 000

MATLAKALA A A BOGOLOGARE   (1-10 cm)

Matlakala a a weleng go tloga ka Firikgong 2019:

Matakala a a wetseng mo lefatsheng

Kgaolo ya matlakala e wetse mo lefatsheng letsatsi le letsatsi dingwaga tse di 50 tse di fetileng.

 

* Go ya ka metswedi e e farologaneng ya inthanete, Lottie Williams o ne a itshidila mmele mo phakeng kwa Tulsa, Oklahoma, ka di 22 Ferikgong 1997 fa a ne a welwa ke letlakala le le nnye go tswa kwa lefaufaung. E ne e le la Delta II rocket (e e neng ya dirisediwa Tekeletso nngwe mme ya tsamaisiwa Sekgala se se mo Magareng sa Leeto la Tekeletso ya go ya kwa Lefaufaung ka Moranang 1996) e e neng ya thubegela mo loaping. Selo seno se ne sa mo wela mo legetleng mme sa wela fa fatshe se sa mo gobatsa.

 

MATLAKALA KWA LEFAUFAUNG:

Go na le eng teng koo?

“Ke *motho a le mongwe fela yo o kileng a welwa ke matlakala go tswa kwa lefaufaung,” go bolela jalo Ngaka Pieter Kotzé wa Senthara ya Patlisiso ka Tsa Lefaufau.