Mo athikeleng eno ya rona ya ntlha, re buisana le Nkosinathi Tom, mmenejara mo kantorong ya motlatsa-mokanseliri yo gape e leng motlhokomedi wa baithuti mo bonnong jwa basadi jwa Kasteel. Nkosinathi o feditse dingwaga di ka nna thataro e le leloko la YBB, e bile o itsege ka monyenyo o a o tshelang ba bangwe le ka botho jwa gagwe jo bo botsalano.

 

O mo khamphaseng efe?

Ke dira kwa Khamphaseng ya Potchefstroom, mme motlatsa-mokanseliri o na le dikantoro mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo, ka jalo ke kgona go direla kwa go epe ya tsone.

 

O rotloediwa ke eng kgotsa ka mang?

Boikaelelo jwa me ke jone o nthotloetsang. Sepe fela se ke se dirang se tshwanetse go sologela batho molemo.

 

Mo tirong ya me ya seporofešenale, ke rotloediwa ke Tyler Perry, modiragatsi wa kwa Amerika, mokaedi, motlhagisi le mokwadi wa difilimi. Mekgwa ya gagwe ya tiro, boitsholo jwa gagwe le boikokobetso jwa gagwe ke tsone tse di nthotloetsang segolo thata. Mme gape ke rotloediwa ke mosadi wa me yo montle, Lesego. Ga se molekane wa me wa botshelo fela mme gape o a nonotsha e bile ke ene wa ntlha go ntshegetsa.

 

O goletse kae?

Ke belegetswe kwa Jouberton e bile ke goletse teng, mo lekeišeneng la Klerksdorp.

 

O weditse materiki wa gago kae mme/kgotsa o ithutetse kae?

Ke dirile materiki wa me kwa Sekolong se Segolo sa kang-Mahlale kwa Jouberton mme dithutego tsotlhe tsa me tsa semmuso ke di diretse kwa YBB. Ke na le di dipoloma di le tlhano le di dikirii tsa dithuto tse di farologaneng mme gone jaanong ke tshwaragane le go ithutela Masetase ya Tsamaiso ya Kgwebo kwa YBB.

 

O ne o itsege ka eng kwa sekolong?

Mo nakong yotlhe ya me ya go tsena sekolo, ke ne ke itsege thata ka go opela le go tsaya karolo mo ditirong tsotlhe tsa botshweretshi.

 

O dirang ka nako ya fa o sa dire sepe?

Fa ke se mmogo le mosadi wa me le bana, ke direla baagi bontsi jwa ditiro dingwe, segolobogolo tsa diatshe le tsa tshireletsego mo baaging mo Potchefstroom.

 

O batla go gopolwa ka eng?

Fa go na le sengwe se ke batlang go gopolwa ka sone, ke sengwe se ke se dirileng se batho ba se kitlang ba se lebala.

 

Fa o ka bo o na le keletso e le nngwe, e ne e tla nna ya eng?

Ke eletsa e kete mongwe le mongwe a ka amogelwa fela jaaka a ntse, go sa kgathalesege pharologano ya bone le ba bangwe kgotsa lotso lwa bone. Ke eletsa e kete batho ba ka bona Boitumelo jwa mmatota le boipelo tsa boammaaruri mo teng ga maikutlo a bone.

 

Ke sejo sefe se o se kitlang o se ja, go sa kgathalesege gore go direga eng?

Ke ja dilo tsotlhe, mme ditamati tsone, ga ke di je gotlhelele.

 

Bana ba gago ba go rutile eng?

Kwantle ga go nthuta gore lerato le le senang boitimokanyi le ntse jang, banake ba nthutile go nna ke itumetse le fa go sena lebaka la teng, go dira dilo tse di dirwang ke bana, go se akanye ka mathata ape le go ipelela motsotswana mongwe le mongwe wa letsatsi lengwe le lengwe.

 

KOPANA LE MONG

wa monyenyo yo re sa mo itseng

Ka ntlha ya leroborobo, bontsi jwa rona re ntse re direla kwa gae go feta ngwaga jaanong, e bile re ka nna ra ikutlwa e kete re kgaogane gotlhelele le badiri-ka-rona.

eish! e simolotse karolonyana e e motlhofo ya go re thusa go golagana gape le badiri ka rona le go ba itse botoka, le go tsosolosa maikutlo a rona go sekae.

Nkosinathi Tom ke mmenejara mo kantorong ya motlatsa-mokanseliri le motlhokomedi wa baithuti mo bonnong jwa basadi jwa Kasteel.