YBB Eagles e feleleditse e le mo maemong a a tlotlegang a bone a 2021 Varsity Cup, fa e ne e fenngwa UCT e e nonofileng thata mo seka-makgaolakgannyeng. E ne e le kgaisano ya mofuta o o farologaneng le e balatedi ba yone ba e tlwaetseng.

 

Sa ntlha, balatedi ba kgaisano eno ba ne ba seyo, mme kgaisano eno e ne e le kwa bio-bubble kwa Pretoria, mme metshameko e ne e refosanana mabala a Loftus Versfeld le a Tukkies.

 

Mokapotene wa YBB Eagles e leng Lincoln Daniels o tlhalosa dikgwetlho tse dikgolo tsa 2021 Varsity Cup.

 

A o ka re tlhalosetsa gore bio-bubble e dira jang?

Go ne go na le melawana e e gagametseng ya Covid-19. Re ne re fetsa nako e ntse re na le setlhopha sa rona fela mme ba bangwe botlhe bone, ba ne ba thibetswe gore ba se ka ba tswa kwa khamphaseng ya Tukkies’ Future Africa go ya kwa mabaleng a bone a metshameko le kwa matamong a go thuma koo re neng re fitlha ra dira lenaneo la boitapoloso gone.

 

Setlhopha se ile sa tlwaelana jang le dithibelo tseno?

Setlhopha sa botsamaisi jwa setlhopha se ne sa dira maiteko a go re tlhofofaletsa  dilo fela thata. Mo godimo ga motshameko wa Rakabii, go ne go na le metshameko e e tshamekelwang mo godimo boto, tenese ya mo tafoleng, kolofo e e tshamekelwang mo khapeteng, ka jalo re nnile le nako e e monate fa re ne re sa tshameke kgotsa re sa ikatisetse motshameko. Ke akanya gore go lemoga ga rona gore ga re kgone go ya gope go dirile gore re tlwaele boemo jwa  rona motlhofo fela.

 

Metshameko mengwe e ne ya busediwa kwa morago mme bangwe (e seng kwa YBB) ba ne ba se ka ba ikobela melawana ya leroborobo. Setlhopha se ne sa mekamekana jang le bothata jono?

Re utlwile ka melawana e e neng ya se ka ya ikobelwa. NWU Eagles e ne ya dira sotlhe se e neng e ka se kgona go ikobela melao le go ngaparela melawana. Ke sengwe se re neng re le motlotlo ka sone ebile seo se raya gore re ne se re kitla re lebana le dikgwetlho tse dingwe gape tsa go nna jalo.

 

Dintlhakgolo tsa kgaisano ya setlhopha e ne e le dife?

Go nnile le dintlhakgolo tse dintsi mo mabaleng. E nngwe ya tsone e ne e le go gola ga botsala fa gare ba batshameki, le fa gare ga bakatisi. Mo teng ga lebala, e ne e le tshameko ya go fitlha kwa seka-makgaolakgannyeng.

 

Ntlhakgolo ya gago e ne e le efe?

Ntlhakgolo ya me e ne e le go fenya ga rona Wits. Ke nnile le tshwetso e e botlhokwa thata ya gore ke fenye motshameko, mme ka dira tshwetso ya gore re direle thata kwa go noseng dino. E ne e le tshwetso e kgolo go di feta tsotlhe e ke kileng ka e dira jaaka mokapotene go tla go fitlha fano e bile ke itumetse thata ka gonne e ile ya atlega.

 

Mo lo sa dirang sentle gone?

Ga go na pelaelo gore ke go latlhegelwa mo seka-makgaolakgannyeng. Ke dipholo tse di seng monate gotlhelele tseo. Kgaisano ya rona ga ya ka ya tsamaya sentle, mme fa re sena go fenya CUT (Central University of Technology) gore re fitlhe kwa seka-makgaolakgannyeng, re ne re dumela gore re tlile go fenya kgaisano.

 

A diphetogo tseno di dirile gore kgaisano eno e nne thata le go feta?

Ee, thata. Mme batshameki botlhe le batsamaisi ba setlhopha ba ne ba itse gore re ne re tshwanetse go dira ka natla le go dira ka bojotlhe gore re atlege mo kgaisanong eno.

 

Wena jaaka mokapotene, o ile wa lebana jang le kgatelelo eno?

Jaaka mokapotene, kgatelelo e ne e le e e seng kana ka sepe mo go nna, mo lebaleng le ka fa ntle ga lebala. Go dira le mokatisi yo o jaaka André Pretorius yo o neng a dira jaaka mogakolodi mo nakong eno yotlhe, ke ile ka kgona go sekaseka maemo botoka le go bona ditharabololo. O ne a tlhofofatsa dilo fela thata. Gape mokapotene wa rona o ne a na le “bokgoni” jwa go re Gakolola” mme o nthusitse fela thata.

 

Molaetsa wa bofelo go setlhopha sa gago le badiri?

Lona batshameki, ke motlotlo fela thata ka lona. Lo batshameki ba ba nang le bokgoni ba rakabii. Lo ne lo le setlhopha se se kgethegileng mme ke ka rata go nna le maitemogelo ao gape. Ga ke ise ke tshameke mo setlhopheng se se ntseng jaana. Setlhopha mmogo le bakatisi ba ne ba nna jaaka bonkgonne  mo go nna. Go bakatisi ba rona, ke batla go lo lebogela maiteko otlhe a lo a dirileng a go ikatisa a pele ga kgaisano le ka nako ya kgaisano. Re lebogela fela thata tiro yotlhe ya lona le boeteledipele jwa lona.

 

Lincoln Daniels o ne a tshwere motshameko-gare wa YBB Eagles ka bothakga.

o leba kwa morago go Varsity Cup ya 2021

MOKAPOTENE WA EAGLES E LENG