"Fela jaaka moriti wa setlhare, morutabana yo o nang le bokgoni o tshwana le moriti oo mo setšhabeng, e bile moriti oo wa setlhare o re tlametsweng ka one mo thutong ya Mmetshe masome a le mararo a dingwaga ke Mop Masood Khalique.”

Ano ke mafoko a ga Mop Helen Drummond, Mothusa-Modini wa Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo (Natural Science and Agriculture [FNAS]).

 

Jaanong kwa bofelong ... Morago ga masome a le mararo a dingwaga Mop Masood Khalique o tlile go rola tiro kwa bokhutlong jwa 2020. "Dingwaga di le masomeamararo di fetile ka bonako mo go nna mo YBB, ke lemoga go ise go ye kae gore ke tshwanetse go rola tiro,” mogaka yono wa YBB o bolela jalo.

Go bala dithuso tsa bomankge ba mmetshe tsa masome a le 3 a dingwaga

 

 

 

 

Go tsamaya mo dikgatong tsa gagwe

 

Moporofesa Masood Khalique o simolotse dithuto tsa gagwe kwa Pakistan.

O bone dikirii ya gagwe ya Bsc koo kwa Yunibesiting ya Punjab ka 1972 mme a iponela dikirii ya gagwe ya Msc ya mmetshe ka 1974 le ya MPhil ya mmetshe ka 1975 kwa Yunibesiting ya Quaid-i-Azam.

 

O ne a newa Boakatemibogolo kwa Yunibesiting ya Dundee mme a ithutela dikirii ya gagwe ya MSc ka 1976 le ya PhD ka 1979 kwa yunibesiting ya UK.

 

Masood o golagane le Moloko wa Segosi wa Aforikaborwa le Setheo sa Mmetshe le Dikopo tsa go tsena mo setheong seo kwa UK. Gape ke leloko la Akatemi ya Saense ya Aforikaborwa, Mokgatlho wa Mmetshe kwa London, le ditšhapotara tsa UK le tsa Aforikaborwa tsa Mokgatlho wa Mmetshe.

 

 

 

 

 

A re Masood, yo o tlileng go rola tiro kwa bokhutlong jwa 2020, o dirile mo Lefapheng la Mmetshe dingwaga di le dintsi, le dingwaga tse dingwe gape a le tlhogo ya lefapha. “Seno se dirile gore re kgone go itsetsepela segolobogolo ka dinako tsa fa maloko a badiri a ne a tlogela tiro ka bontsi.”

 

Mogopolo o o ratang go anya kitso

 

“O ne a le mongwe wa banetetshi ba ntlha bao Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Patlisiso (National Research Foundation [NRF]) o neng wa mo naya maduo, e bile o ntse a le motlhababotlhale wa baithuti ba le bantsi ba morago ga kalogo, baakatemibagolo ba morago ga gerata ya bongaka le baakatemipotlana,” Helen o bolela jalo. “Mo godimo ga moo, o nnile le seabe ka tlhagafalo mo go tshegetseng dithulaganyo tsa go dira patlisiso mo legorong mme rotlhe re solegetswe molemo ke botlhale jwa gagwe.

 

O neilwe maduo a C1 ka gonne dithuso tsa gagwe tsa go tlhabololwa ga tiro ya go dira patlisiso di botlhokwa thata mo dirutweng tsa mmetshe tsa ditshekatsheko tsa Lie symmetry le melawana ya tshomarelo  ya diikhweishene tse di farologaneng.

 

Mo godimo ga moo, o thusitse fela thata ka tsa optical and plasma solitons le koo ditharabololo di ka bonwang gone le melao-tshomarelo ya Korteweg-de Vries le di ikhweishene tsa nonlinear Schrodinger. Gape Masood o dirile ka di application tsa motsamao wa mmu le metsi, diedi tsa maemo a bobedi le a bone tse di sa lateleleng melao ya ga Newton le boithutadinaledi.

 

O phasaladitse dipampiri tsa patlisiso tse di fetang 220 tse gantsi di buang ka dikgang tseno, mme o bone ditharabololo tse di ntšha le tse di maleba go tswa go di ikhweishene tsa Lane-Emden, Emden-Fowler and Boussinesq.

 

Go nna le tlhotlheletso e kgolo

 

O na le tlhotlheletso e kgolo mo baithuting ba di dikirii tsa dithuto tse di kwa godimo a ba okame jaaka setlhare se se goletseng kwa godimo.

 

Mo godimo ga go okamela lenaanethuto la khoso le patlisiso, o tlhomamisa gore baithuti ba baalogi ba tlhaloganya ditshekatsheko tsa setlhopha sa Lie sentle.

 

O feditse dingwaga di le dintsi a okametse baithuti ba le 19 ba MSc le ba le robedi ba PhD go fitlha ba fetsa, ene le baithuti ba gagwe ba baalogi, ba gatisitse dipampiri di le 52 tsa patlisiso mme a tlhaba botlhale baakatemibagolo ba le robedi ba morago ga gerata ya bongaka.

 

Tlhopho ya go thusa ba bangwe

 

“Ka 1986, ke ne ka nna leloko la UNIBO ya nako e e fetileng e e neng e le nngwe ya diyunibesiti tsa Aforikaborwa tse di tlhokileng lesego. Ke ne ke na le ditšhono di le mmalwa tsa go ka tsenela ditheo tse di neng di eme sentle, mme ka dira tshwetso e e gagametseng ya gore ke tla nna mo yunibesiting eno mme ke rute mo go yone, ke tokafatse boemo jwa baithuti ba ba tlhokileng lesego ba ba tswang mo gare ga baagi ba ba humanegileng.

 

“Ka jalo ke ne ka tshwanelwa ke go batla mokgwa wa go ruta baithuti ba mofuta ono – e bile ke tsaya gore ke ile ka atlega mo go seo. Go thusa ga me ka mmetshe jaaka mmatlisisi le morutabana wa bana ba bannye e nnile pitso ya me e kgolo,” Masood o bolela jalo.

 

Mankge yono wa mmetshe o thusitse fela thata mo tirong ya gagwe go feta dingwaga di le 33 mme tlhotlheletso ya gagwe e tla sala e bontshiwa ke baithuti ba gagwe dingwaga di le dintsi tse di tlang.