Thys o rwala lekarapa la gagwe la go nna poresidente wa bosetšhaba wa tlelapa ya bodiredi ya dikuta, o dira jalo fa a dule ka sekuta sa gagwe. eish! e ne ya kopana le Thys fa a wetsa leeto la sekuta sa gagwe.

O na le nako e e kae o le mopalami wa sekuta?

Ke bogologolo tota. Ke ne ke tlhola ke dira motlae ke leboga Mme go bo a kile a nthekela sekuta sa polasetiki fa ke ne ke le ngwananyana fela wa dingwaga di le pedi. Ka nako eo, ke ne ke rata “dikuta” tsa me fela thata, ke ne ke di palama go fitlha di kgolega maotwana.

O na le dikuta di le kae?

Ga jaanong jaana ke na le dikuta di le robonngwe. Mosadi wa me o tsaya gore ke na le bothata, mme se ke se itseng ke gore ke rata dikuta tsa me thata e bile ga ke na lefelo le le lekaneng go di emisa mo go lone kwa gae. Ke na le di Honda di le tlhano, Kawasaki e le nngwe, Triumph e le nngwe le di Suzuki di le pedi mme di a farologana go tswa go di superbikes le di commuter go fitlha ka di dual-purpose bikes le di classic.

Ke eng se se go kgatlhang thata ka go palama dikuta?

Lebelo, tsela e e bulegileng le go shwegashwega pelo ke tsone di nkgatlhang, mme sa botlhokwa, ke di palama jalo ka gonne ke rata batho le go ba tlhokomela.

Re bolelele go le gontsi ka tlelapa ya gago ya bodiredi ya dikuta

E na le ditšhapotara mo Gauteng, kwa Kapa Borwa, Kapa Bokone le kwa KwaZulu-Natal mme boikaelelo jwa yone ke go fetola dipelo le megopolo ya bapalami ba dikuta le batho ka kakaretso mo baaging. Tlelapa ya rona e golagana fela thata le bakaulengwe ba rona. Go itumedisa fela thata go bona batho ba fetola ditsela tsa bone tsa botshelo le go ntsha bosupi jwa ka fa bopelonomi jwa Modimo bo bolokileng manyalo a bone ka gone, bo baakantseng kamano ya bone e e nang le mathata ka gone kgotsa bo fodisitseng bolwetse jwa bone ka gone.

Gape, bodiredi jono bo amana le khutsafalo le go swelwa. Gangwe le gape re bilediwa kwa lefelong le go tlhagileng kotsi ya tsela kwa go lone go ya go thusa ba ba swetsweng le lelapa, e bile gape re thusa ka tsa phitlho, re ba etela kwa dikokelong le go ba sidila maikutlo. Fa mopalama-sekuta ka rona a tlhokafala, re a thusa gape – fa go tlhokega – go koleka madi go duelela ditshenyegelo tse di jaaka tsa phitlho kgotsa dikoloto tsa bookelo.

Gape re na le letsholo le le dirwang mo baaging. Jaaka tlelapa, re tsaya karolo mo matsholong a le mmalwa a go thusa batlhoki, re tswa matsholotemoso le matsholo a go thusa batho.

A ba lelapa la gago ba tshegetsa go palama ga gago sekuta le ditiro tsa bodiredi jwa gago?

Re diragatsa molao wa seka-gauta mo teng ga ntlo ya rona: lelapa pele. Ba lelapa ke bone karolo ya botlhokwa ya setlhopha sa batho ba ba tshegetsanang gape ke bone ba itlhophelang gore a ba batla go tsaya karolo kgotsa nnyaa. Mme gantsi, ba tsaya karolo mo ditirong tsa bodiredi.

Wa reng ka batho ba ba sa rateng setlhopha sa batho bano ba ba palamang dikuta?

Ke tsaya gore ba dira jalo ka gonne ba boifa sengwe se ba sa se itseng. Bapalama dikuta ke batho ba ba abang ka bopelotshweu e bile ba tswa letsholo ka bonako go thusa ba ba sa kgoneng mo gare ga rona - jaaka go tlisetsa bana dimpho tsa Keresemose kgotsa go koleka madi kgotsa go tswa letsholo ka mathata a setšhabeng.

Motho yo o dumelang magatwe mangwe ka bapalami ba dikuta ke motsuolodi yo o sa tsheleng ka melao ya bosetšhaba le ditlwaelo tsa sone e bile ke akanya gore kgopolo eo e etegediwa ke ba metswedi ya dikgang. Eno ga se tsela e rona re itebang ka yone.

Moporofesa yono o rwala dihutshe di le dintsi – le makarapa

Mop Thy Swanepoel o ile a rwala dihutshe di le dintsi mo dingwageng di le supa tse a di feditseng a dira mo Sekolong sa Disaense tsa Bobalamatlotlo kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa. Nngwe ya dihutse tsa gagwe tse di sa tlwaelegang gotlhelele – kgotsa re e bitse eng, lekapara? – ga le amane ka gope le dithuto tsa gagwe.

Thys Swanepoel, a re sekuta se a se ratang thata, kwantle ga pelaelo epe, ke Honda Goldwing. "Mme ke tsaya gore ga ke a gola ka mo go lekaneng go anaanela sekuta seo – ke tla leta go fitlha ke rola tiro letsatsi lengwe,” o oketsa jalo.