Dikgantshwane tsa rona tse pedi tse di gaisitseng ba bangwe botlhe, e leng Mop Juaneé Cilliers le Mop Alfred Brunsdon, ba ne ba ikgapela Diawate tsa Setheo tsa Maemo a a kwa Godimo a go Ruta (Institutional Teaching Excellence Awards ceremony [ITEA]) ka di 14 Mopitlwe kwa lefelong la Snowflake kwa Potchefstroom.

 

Juaneé, motlhatlheledi mo Legorong la Disaense tsa Tlhago le Temothuo le Alfred, wa Legoro la Thutabomodimo, ba ne ba newa diawate tse di melediwang mathe tsa Diawate tse di Tlhomologileng tsa Maemo a a Kwa Godimo a Go Ruta (DTEA).

 

Juaneé ke moeteledipele wa setlhopha sa Borulaganyi jwa Toropo le Kgaolo, gape ke moeteledipele wa lenaneothuto la go dira patlisiso mo Yuniting ya Disaense tsa Tikologo le Botsamaisi. O itsege thata jaaka motshwari wa lenaneo la radio la beke le beke la tsa tikologo, Omgewingspraatjies, la Radio Sonder Grense.

 

Alfred ke moporofesa-mmogo, modulasetulo wa serutwa le moeteledipele wa lenaneo la serutwa sa thutabomodimo ka ga mekgwa ya bodumedi kwa Sekolong sa Bodiredi jwa Bokeresete le Boeteledipele. Filosofi ya gagwe ya go ruta e ikaegile thata ka tumelo ya gore motlhatlheledi o na le boikarabelo jwa go tlhama maemo a go ithutelwang mo go one a a solegelang baithuti molemo fa e le maemo a mo go one ba ithutang ba le kgakala le setheo sa thuto.

 

Lebaka la go abiwa ga diawate

 

Diawate tseno ke tsa go leboga batlhatlheledi ka ntlha ya boineelo jwa bone jwa go atlegisa baithuti, le go rotloetsa badiri ba akatemi gore ba gole mo tirong ya go ruta le go ithuta jaaka batlhatlheledi ba mo yunibesiting.

 

Diawate di ne tsa ntshiwa ka ditlhopha tse tharo: Diawate tsa Maemo a a Kwa Godimo tsa Go Ruta tse di Tlhagogang (Emerging Teaching Excellence Award [ETEA]), Awate ya Go Ruta ga Maemo a a kwa Godimo (TEA) le Awate e e Tlhomologileng ya Maemo a a Kwa Godimo a Go Ruta (Distinguished Teaching Excellence Award [DTEA]). Ono ke ngwaga wa botlhano wa go aba diawate go tswa mo ditlhopheng tseno.

 

Baakatemi ba le someamararothataro ba amogetse diawate. Legoro la Disaense tsa Pholo le nnile le bontsi jwa bafenyi ka kakaretso ba ba gapileng diawate di le robedi, mme ba latelwa ke Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi le La Dithuto tsa Mekgwa ya Batho a a gapileng diawate di le supa.

 

Ditlhopha tse di farologaneng tseno di ka ga eng

ETEA e atswa batlhatlheledi ba ba santseng ba fatlhoga le batlhatlheledi ba ba gatetseng pele ba TEA ka ntlha ya tiro ya bone ya go ruta ya maemo a a kwa godimo.

 

DTEA e akgolela babatlisisi ba ba tlhomologileng boeteledipele le phitlhelelo ya bone mo tirong ya go ruta le go ithuta ya maemo a a kwa godimo.

 

Batsayakarolo mo go abiweng ga diawate ba tshwanetse gore ba fitlhelele bobotlana 80% ya setlhopha seno mo setlhopheng ka sengwe le go romela photefolio ya bone e e akanyeditsweng ka kelotlhoko. Gape go etswe tlhoko ditšhono tse pedi tsa go ithuta, mme e nngwe ya tsone ga e ise e itsisiwe.

 

Diphotefolio tse di akanyeditsweng ka kelotlhoko tsa bafenyi ba DTEA di motereitiwa mo teng ga setheo le kwa ntle ga setheo.

Mop Juaneé a re tiro ya go ruta ga e dirwe ke motho a le mongwe. “Go na le batho ba le bantsi ba ba tsenyang letsogo go thusa. – go simolola ka baithuti ba ba dirang dithulaganyo ba ngwaga wa boraro wa 2018 go fitlha ka badiri-ka-nna botlhe.”

 

A re Diawate tsa DTEA di kaya gore batlhatlheledi ba na le maatla a go fetola ditikologo tsa bone, ditoropo le naga ya bone. “Jaaka motlhatlheledi o mo maemong a a kwa godimo. O neilwe tšhono ya go fetola bokamoso ka go tlhotlheletsa baša.

 

“Re tsena mo motlheng wa go fetola ditoropo o mo go one Akatemi e leng selo sa konokono sa go tlhama boemo jwa go nna le botlhale ka tsa loago le ka tsela e batho ba ikutlwang ka yone, e leng bokgoni jo baeteledipele ba ka moso ba tla nnang le jone.

 

“Re tlhoka baeteledipele ba ba nang le tlhotlheletso ba ba ka kgonang go dira tlhamosešwa mo dilong tse dintsi thata ba le mmogo, e e tla batlang gore go gatelelwe thata kgang ya go bapala maitemogelo.  Ka mokgwa o o ntseng jalo wa go batlana le tshedimosetso, re ka kgona go tlhagisa mmogo kitso le go ruta baša ba rona go nna batlisa-diphetogo ba ka moso ba ba ka kgonang go mekamekana le dikgwetlho tse dikgolo tse naga le lefatshe le rona di lebaneng le tsone.

 

 

“Go amogela awate eno go ne ga ntlhagafatsa fela thata. Go rotloetsa fela thata go akgolelwa tiro e o e dirang le fa mothapi wa gago a bontsha go kgatlhegela tiro ya gago ka tsela eno,” go bolela jalo Mop Alfred.

 

Go akgolwa ga gagwe go mo rotloetsa gore a tswelele pele go ithuta dikgono tse di ntšha le go di lootsa jaaka motlhatlheledi.

 

Motlhatlheledi Alfred o tlhamile dimmojule tse pedi tsa thutabomodimo (bokgoni jwa thero le tiro ya bodisa jwa letsomane la Modimo) tsa go ithuta ka inthanete kgakala le setheo sa thuto.

 

“Go ithuta mo inthaneteng ba le kgakala le setheo sa thuto go ne go raya gore dimmojule di tshwanetse go “kgobokanyetswa” mo teng ga eFundi mo boemong jwa gore ba di ithute ka tsela ya ka gale ba le kgakala le setheo sa thuto ka ‘kgaso ya tsone’. Thulaganyo eno e ne ya tlhamiwa ka filosofi ya me ya go ruta le go ithuta e boikaelelo jwa yone e leng go tlhama maitemogelo a a mosola a go ithuta o sa thusiwe ke motlhatlheledi mme o na le ba bangwe mo inthaneteng,” o bolela jalo.

 

“Thulaganyo ya ITEA gape e ne ya nnaya tshono ya go akanya ka patlisiso ya me e e amanang le go itlhamela kharikhulamo e re e batlang le gore go ka dirisiwa diphitlhelelo di le kana kang tsa mo ditirong tsa me tsa go ruta le go ithuta.

 

PHETLHOLELA KWA TLASE

PHETLHOLELA KWA TLASE

RE ROLELA BATLHATLHELEDI BA BA GAISITSENG BOTLHE HUTSHE

Ga ba rute, ba a tlhotlheletsa. Ke dikgantshwane tsa batlhatlheledi ba rona ba ba tlhotlheletsang tlhaloganyo le go tsenya baithuti lerato la go ithuta.

Ba ba abetsweng Diawate tse di Tlhomologileng tsa Go Ruta monongwaga ke Mop Juaneé Cilliers le Mop Alfred Brunsdon. Ba ne ba akgolelwa seno ka nako ya Diawate tsa Setheo tsa Maemo a a kwa Godimo a go Ruta.

Mop Liqhwa Siziba o ne a neela puo e e kukang maikutlo ya maitshediso a ga moswi Ngaka Annelize Cronje.

Jannie Putter e ne e le sebui sa moeng kwa tiragalong eno. Jannie ke moithuti wa nako e e fetileng wa YBB mme ga jaanong jaana o dira jaaka mokatisi wa tlhaloganyo wa setlhopha sa rakabii sa Lions.

BAFENYI KE…

(Tobetsa fa go buisa go feta.)

PHETLHOLELA KWA TLASE