YBB ga e tshwane le yunibesiti epe mme setso sa rona se tshwanetse go bontsha pharologano eo le mekgwa e re dirang dilo ka yone.

 

 

TSEPA GO

Ka tsela eno, rotlhe re tla solegelwa molemo

Lefapha la Batho le Setso le kopanetse le la Botshelo jwa Baithuti go tlhotlhomisa gore setso sa ga jaanong jaana sa YBB ke sefe gore rotlhe re simolole go dirisa setso sa mokgatlho ono wa  rona.

Jono ke boikaelelo jwa porojeke ya Way ya YBB, e e tlileng go dirisa ditlhopha tse go dirwang patlisiso ka tsone di le 60 go akaretsa badiri le baithuti mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo go utlwa gore ba leba jang setso sa ga jaanong jaana sa YBB .

 

Go bona gore porojeke ya Way ya YBB ke eng le gore ke eng fa go le botlhokwa mo badiring le mo baithuting gore ba nne le seabe mo ditlhopheng tse go dirwang patlisiso ka tsone, eish! e ne ya bua le Reitumetse Machaba, mankge-mogolo wa tlhabololo mo setlamong yo gape e leng mmenejara wa porojeke ya Way ya YBB.

 

P: Porojeke ya Way ya YBB e ka ga eng?

K: Jaaka fa o itse, mokgele wa rona ke go nna yunibesiti e e itsegeng kwa dinageng  di sele mo Aforika, e e tlhomololwang ke mokgwa wa yone wa go ithuta ka natla, e e tsibogela maemo mo loagong, le boitshwaro jwa yone jwa go amega ka ba bangwe. Gore re fitlhelele mokgele ono, re dira ka natla go diragatsa togamaano ya rona, e boikaelelo jwa yone e leng go fetola le go baya YBB mo boemong jwa go nna setheo se se leng seoposengwe sa maemo a a kwa godimo thata a dithuto tsa akatemi, se se ikemiseditseng go diragatsa tshiamiso mo loagong.

 

Nngwe ya ditsela tsa go dira seno ke go tlhama setso se se tlhakanetsweng ke botlhe mo setheong se se tla tshegetsang leano la rona. Way ya YBB ke go tlhatlhoba setso sa badiri le baithuti ka boikaelelo jwa go se lolamisa gore se tsamaisane le leano la yunibesiti.

 

P: Ditlhopha tse go dirwang patlisiso ka tsone e tlile go nna bomang?

K: Porojeke e lebesitswe go badiri botlhe, ba ba akaretsang 70% ya badiri ba leruri le 30% ya badiri ba konteraka ba tiro ya bone e beetsweng nako e e rileng, le baithuti mo yunibesiting yotlhe mo dikagong tsa bonno le ba ba sa nneng mo khamphaseng.

 

P: Lo batla go fitlhelela eng ka porojeke eno?

K: Go na le dilo di le mmalwa tse re batlang go di fitlhelela, mme se se botlhokwa go di feta ke go sekaseka ka kelotlhoko le go tlhaloganya setso se se renang mo YBB.

 

Boikaelelo jwa rona ke go dira gore go nne le puisano go tswa pelong ka dilo dingwe tse di rategang le tse di sa rategeng tse di kgethegileng tsa setso le tsa ditso-potlana.

 

P: Goreng badiri le baithuti ba tshwanetse go tsaya karolo?

K: Fa e le gore re tlile go tlhakanela setso, re tshwanetse go tlhomamisa gore mongwe le mongwe mo YBB o na le tšhono ya go reediwa.

 

Kwa bofelong, leloko lengwe le lengwe la badiri le la baithuti ba tshwanetse go dira dilo go ka mekgwa e e tlhomilweng, ditlwaelo le maitshwaro a rona a letsatsi le letsatsi. Seno se tla re thusa gore rotlhe re tshele go ya ka Way ya YBB le go tlhomamisa gore setso se tshegetsa leano la yunibesiti Re kopa go utlwa gore  wena wa reng. Re neye ditshwaelo tsa gago o bo o re bolelele maitemogelo a gago a YBB.

 

 

 

Reitumetse Machaba wa Batho le Setso ke mmenejara wa porojeke ya Way ya YBB.