Badiri ba ba tswang kwa Senthareng ya Go Ruta le Go Ithuta (Centre for Teaching and Learning [CTL]) ba ba tshegetsang le go rotloetsa baithuti le batlhatlheledi, ke bone dienjene tsa botlhokwa tse di tsweledisetsang kitso pele mo teng ga phaposiborutelo.

 

“Mokgele wa rona wa konokono ke go rotloetsa badiri ba baakatemi le go tlhabolola dikgono tsa bone tsa go ruta le go ithuta le go tshegetsa baithuti mo dithutong tsa bone gore ba atlege mo go tsone,” go bolela jalo mokaedi-mogolo e leng Mop Willie van Vollenhoven.

 

O laola le go okamela ditiro tsotlhe tsa CTL ka go tsepa mogopolo mo togamaanong le mo dithulaganyong tsa tiro le tekanyetso.

 

Morago ga go rulaganngwa ga dilo boswa mo teng ga setheo mo ngwageng o o fetileng le go lolamisa ditiro, jaanong CTL e tsepa mogopolo thata mo go tshegetseng legoro le tlhabololo ya seporofešenale, mme ga e tshepe mogopolo thata mo khamphaseng, Willie o bolela jalo.

 

Mafapha a mararo a senthara a tsepa mogopolo mo go tshegetseng tiro ya go ruta le go ithuta, mo ditirong tse di dirwang go tswa mo lefelong le le lengwe fela le mo diporojekeng tse di kgethegileng le mo tirong ya patlisiso.

 

Baokamedi ba le bane ba tikologo ba tlhomamisa gore tiro ya konokono ya CTL e tswelela pele e le ya maemo a a kwa godimo e bile ba okamela tiro ya mafapha otlhe a mararo.

 

GATELE PELE

A KITSO E

THULAGANYO E NTŠHA YA CTL E LEBEGA JAANA

Ba tshegetsa magoro ka go a tlamela ka lenaanethuto la akatemi le go tlhama dimmojulu le go di fetola, dirutwa tse di tswakantsweng, maano a go ruta le go ithuta le a tekolo, go tshegetsa batlhatlheledi ba baša, go sekaseka boleng jwa motlhatlheledi jwa go tlhatlhelela baithuti, dikokoano tsa go tlhabana botlhale, maemo a a kwa godimo a go ruta le go kopanya IT. Gape ba tshegetsa baithuti ka go ba tlhaba botlhale, go ba ruta le ka thuto ya tlaleletso.
Mangwe a maikarabelo a mantsi a bone ke tshegetso ya thuto ya dijethale le tikologo e go ithutelwang mo go yone, e-Fundi, mananeothuto a katiso a mo khamphaseng, tlhabololo ya mmedia-ntsi, dibuka-kaelo tsa thuto, ditirelo tsa CTL, dilaboratori tsa go buisa le mafelo a go ithutelwang mo go one.
Dilo dingwe tse lefapha leno le thusang ka tsone ke diporojeke le dipatlisiso, Thuso ya Madi a Go Ruta le go Ithuta (Scholarship of Teaching and Learning [SoLT]), go ya gangwe le gape kwa dinageng di sele, tshekatsheko ya boleng jwa go tlhatlhelelwa ga baithuti, maitemogelo a ngwaga wa ntlha, tlhamosešwa ya go ruta le go ithuta, dithuso tsa madi a tlhabololo ya bokgoni jwa tiro, go ithuta kgakala le setheo sa thuto, mananeothuto a makhutshwane a go ithuta le ditsamaiso tsa tlhagiso ya go sa le gale.

Baokamedi ba tomeine

  • Yolani Geldenhuys: Thuto-tlhamo
  • Ngaka Nomasomi Morule wa: Tlhabololo ya bokgoni jwa baithuti le tshegetso
  • Ngaka Marieta Jansen van Vuuren wa: Tlhabololo ya boporofešenale jwa akatemi
  • Rassie Louw wa: Tikologo e go ithutelwang mo go yone

Mop Willie van Vollenhoven,

Mokaedi-Mogolo: CTL