Ya ga Lebo le SA Gaels

Batshameki ba The South African Gaels ba na le Lebo Makaela wa bobedi go tswa ka fa mojeng mo moleng o o kwa morago.

Maikutlo a bone a go sa ineele, bokgoni jwa bone jo bo kgatlhang le go tlotla motshameko le bagaisani-nabo, go bonatsha sentle gore ke eng fa South African Gaels e le bommampodi-potlana ba Aforikaborwa ba Kgwele ya Dinao ya Ladies Gaelic.

 

Lebo o ntsha ga tshwene

 

Lebo o na le ngwaga fela a ntse a tshameka kgwele ya dinao ya Gaelic, mme morago ga go gola a ntse a tshameka kgwele ya dinao, motshameko ono e ne e se bothata mo go ene. Tsala nngwe ya gagwe e ne e ntse e mmolelela ka motshameko ono mme a swetsa ka gore a o leke.

 

O ne a simolola go o rata ka bonako e bile o ntse a tla go ikatisa le setlhopha kwa Thembisa kgotsa kwa Wanderers Sontaga mongwe le mongwe.

 

Lebo o tlhalosa motshameko ono jaaka o o tlhomologileng e bile a re o ipeletse go tshameka le setshameki sa pele sa Banyana Banyana, Vuyo Mkhabela, yo gape a thusang ka Kgwele ya dinao ya Basadi mo YBB.  Mo godimo ga tsotlhe, Lebo o ne a abelwa nngwe ya diawate di le robongwe  tsa batshameki tsa All Star tsa go akgolela batshameki bokgoni jwa bone.

 

Bokgoni jwa ga Lebo bo a gola e bile ga re itse gore 2019 e mo tsholetse eng.

 

 

Basadi bano ba konetse 2018 ka go fenya Dikgaisano tsa Fexco Asian Gaelic mme ba gakgamatsa bagaisani-nabo. Maloko a setlhopha e ne le Lebo Maekela wa Dikago tsa bonno le Ditirelo tsa Kapeo mo khamphaseng ya Vanderbijlpark.

 

Go simolola thago kwa Ireland

 

Kgwele ya dinao ya Gaelic e simolotse kwa Ireland mme e simolotse go ratega mo lefatsheng lotlhe mo dingwageng tsa bošeng jaana.

 

E tshamekiwa ke ditlhopha tse pedi tsa batshameki ba le 15 sengwe le sengwe e bile nno ya teng e tshwana le ya rakabii, mme letlowa la teng lone le kwa tlase ga pale e e kgabaganyang dikota. E tshamekiwa ka go ragela kgotsa go iteela bolo e kgolokwe ka lebole mo teng ga letlowa go bona dintlha di le tharo kgotsa go e tlodisa pale e e kgabaganyang dikota go bona ntlha e le nngwe. Motshameko o tshamekiwa ka dihalofo tse pedi tsa metsotso e le 30 nngwe le nngwe.

 

The Asian Gaelic Games e amogela batshameki go tswa kwa Asia yotlhe, le ba ba tswang mo Aforikaborwa fa e sa le ka 2015.

 

Batshameki ba South African Gaels ba ne ba tsaya leeto la diura di le 24 le le neng le felela kwa Bangkok.  Ono e ne e le moputso o o tshwanelang wa letsholo le le telele la go koleka madi go tlhomamisa gore motshameki mongwe le mongwe o ne a neilwe tšhono ya go ya teng. Mo batshameking bangwe, leno e ne e le leeto la bone la ntlha la go ya moseja, jaaka mo go Lebo.