Jaaka fa o kgona go bona, Eish! e ntse e fokotsa bogolo jwa yone, e tlhabolotswe e bile e na le tebego e ntšha gotlhelele. E na le tebego e ntšha ka gonne lo ne lwa bua, mme rona ra reetsa.

TSEPA

GO

Tebego e ntšha ya eish!

Mo dipotsong tsa patlisiso-maikutlo tsa mo teng ga setheo tse lo neng lwa di tlatsa mo ngwageng o o fetileng, dingwe tsa dikarabo tsa lona di ne di bontsha gore re ne re na le dikanale di le dintsi thata tsa tlhaeletsano le go boeletsa dikgang tse dintšha gantsi-ntsi mo dikanaleng tseno.

 

Gape lo ne lo batla go bona dikgang tsotlhe di "manegilwe" mo menung, kwantle ga gore motho a phetlhe kgatiso yotlhe go di leba mo go yone go bona gore ke eng se se mo gapang mogopolo.

 

A re lebeng phetogo e e dirilweng.

 

Go bofa kgole ya lenyalo: go batlelwa molekane

 

Go fokotsa palo ya dikanale tsa tlhaeletsano le go tila go boeletsa dikgang, Eish! e nyalane le lekwalodikgang le le lengwe la YBB, NWU at the forefront.

 

Eish! e sa ntse e bidiwa ka leina la yone la ntlha, mme e na le tebego go sekae ya tsebe ya ka fa ntle ya NWU at the Forefront, jaaka fa re bone seno mo imeileng e e neng e patile lekwalodikgang leno.

 

E phasaladiwa gantsi thata, mme ka dikgang di le mmalwa fela

 

Jaanong Eish! ke lekwalodikgang la kgwedi le kgwedi la badiri, mme le tla tsena mo teng ga lebokosokgorogelo la gago Labone mongwe le mongwe wa ntlha wa kgwedi. Mo boemong jwa gore kgatiso nngwe le nngwe e ne le lenaane la diteng le le leele jaaka lebogo la gago, e tla nna le dikgang di le mmalwa fela.

 

Thik, thok, tshupanako ya tsamaya

 

Go go bolokela nako le go feta, dikgang (tse di khutshwane) tsotlhe di  tsetswe mo imeileng e o e amogelang. Ka mafoko a mangwe, ga o kitla o tlhoka go phetlha-phetlha pele o tlhopha se o ka ratang go se buisa.

 

Ngatha, mme o phuphure

 

Mo boemong jwa dikgang tse di sa tshwanelang go senya nako “tse di masisi”, dikgang tsa Eish! jaanong ke tse di nnelang ruri e bile ga se tse di masisi go le kalo. (Akanya ka Eish! e e keteng ke letšhutšhu le le monate le le boruma fa le bapisiwa le kuranta e e phuphuregang.)

 

Mme o se ka wa nyema mooko: fa o batla go buisa dintlha tse di thatanyana, go na le segoke se se go isang kwa webosaeteng ya rona ya YBB moo o ka ipelelang go buisa dikgang "tse di thata" mo go sone. Segoke se sengwe se go isa kwa mmedieng e e go bontshang YBB – karolo e e neng e le ya NWU at the forefront.

 

Ipelele go buisa Eish! e e seng kgolo mme re itsise gore o akanya eng ka go fetolwa ga yone.