>

BUISA GO FETA

>

An investment in the early development of our children is an investment in the future of our country. Equally important is the investment we make in the education of those responsible for the development of these youngsters.

LENAANE LA DIPOTSO TSA

Patlisiso le thusa baša go dira tlhopho e e botlhale ka mokgele wa bokamoso jwa bone

Bana ba rona ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di botlhokwa ba sa ntse ba le bannye thata – ditshwetso tse di tlileng go ba ama botshelo jotlhe jwa bone. Gongwe dingwe tsa tsone tse di leng botlhokwa thata ke go tlhopha dirutwa tsa sekolo, dithuto tsa thešiari le mokgele wa bokamoso jwa bone.

 

Piet Steyn ke mmenejara wa go tsoma baithuti ba pele ga kalogo. "Kgakololo e e di gaisang tsotlhe e ke ka e nayang batsadi ka dirutwa tsa bana ba bone le mokgele wa bone wa bokamoso ke gore ba ikokoanyetse tshedimosetso e ntsi ka moo ba ka kgonang ka gone ka mekgele ya bokamoso jwa bana ba bone," o bolela jalo. "Lenaane la dipotso tsa patlisiso le le senolang kgatlhego e ka nna kgato ya ntlha ya go tlhaola mekgele eno ya bokamoso.

 

 

Go thusa baša go tsaya kgato ya ntlha mo tseleng eno ya go dira ditlhopho, lefapha la YBB la Go Maketa le Go Tsoma Baithuti le dirile lenaane la dipotso tsa patlisiso mo inthaneteng le la pegelokarabo la barutwana ba Mophato 8 go fitlha ka wa 12.

 

Lenaane le dipotso tsa patlisiso le le senolang kgatlhego, le barutwana ba ka le tlatsang mahala, le kokoanya tshedimosetso ka ditiro tse ba di fitlhelang di kgatlha le tse ba dirang sentle mo go tsone.

 

Ka bonako fela fa lenaane la dipotso tsa patlisiso le sena go tladiwa, barutwana ba amogela pego ya bone ka namana mo inthaneteng ka mekgele ya bokamoso le dikhoso tsa tiro ya thešiari tse di amanang le se ba se kgatlhegelang le bokgoni jwa bone.

 

 

"Go botlhokwa go ela tlhoko gore lenaane leno la dipotso tsa patlisiso ke kgato ya ntlha fela mo thulaganyong ya go akanyetsa mokgele wa bokamoso e bile ga le emisetse kaelo ya seporofešenale ya mokgele wa bokamoso jwa bone," go bolela jalo Piet Steyn, mmenejara wa go tsoma baithuti ba pele ga lekwalo la boalogane.

 

Gape lenaane leno la dipotso tsa patlisiso le golagane le silabase ya go katisediwa botshelo e e dirisiwang kwa dikolong. Mo Mophatong 9 le Mophato 11, go tlhomiwa mogopolo thata mo dirutweng le mo go tlhopheng mokgele wa bokamoso mme gape barutwana ba tshwanetse go dira dikabelotiro dingwe mo kgannyeng eno. Bontsi jwa dipotso tse di bodiwang mo kabelotirong di arabiwa mo pegong e barutwana ba e amogelang fa ba sena go tlatsa lenaane la dipotso tsa patlisiso la YBB.

Badiri ba newa phokoletsotlhwatlhwa ya 100% ya tuelelo ya dithuto

 

A o tshwenyegile ka ga gore dithuto tsa ngwana wa gago tsa mo isagweng di tlile go go tlogela o sena le fa e le sente mo kgwatlheng? Se boife. Badiri ba leruri le ba ba beetsweng nako e e rileng mmogo le bagatsaabone le bana ba bone ba ka ithuta mahala mo YBB, mme seno se tla kaelwa ke melao le dikaelo tse di rileng. Tshedimosetso go ya pele ka phokoletsotlhwatlhwa ya badiri e ka bonwa fano mo inthaneteng ya badiri ba YBB. (Gakologelwa gore o tla tshwanelwa ke go tsena ka Novell ID ya gago le khunololamoraba mo inthaneteng eno.)