>

BUISA GO FETA

>

BADULASETULO BA PATLISISO BA

thusa go rarabolola mathata a mmatota

Mokgwa wa mo teng ga setheo o o tlisang katlego o batla gore patlisiso ya yunibesiti le tlhamosešwa di nne le porofaele e e tlhomologileng ya boditšhabatšhaba le diphelelo tsa yone.

 

Eish! e ne ya bua le Ngaka Sibo Sowazi, e leng mokaedi yo moša wa kemonokeng ya go dira patlisiso, ka patlisiso malebana le badulasetulo ba patlisiso le sotlhe se se akaretswang ke yone.

TSEPA

GO

Ngaka Sibo Sowazi ke mokaedi yo moša wa YBB wa kemonokeng ya patlisiso.

P: Boikaelelo jwa modulasetulo wa patlisiso ke eng?

K: Ka bokhutshwane fela, ke go rotloetsa tsela ya maemo a a kwa godimo ya Aforikaborwa ya go dira patlisiso mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele.

 

Gantsi go tsepiwa mogopolo mo mathateng a bosetšhaba a a tshwanetseng go etelediwa kwa pele le go rarabolola  mathata ao gore go tokafadiwe matshelo a batho ba Aforikaborwa. Gape boikaelelo jwa lenaneo leno ke go thusa Aforikaborwa go oketsa kgaisano ya yone le dinaga di sele mo tirong ya go dira patlisiso.

 

Boikaelelo jwa Letsholo la Badulasetulo ba Patlisiso ke go nonotsha le go tokafatsa go dira patlisiso le bokgoni jwa tlhamosešwa  jwa diyunibesiti tsa puso ka boikaelelo jwa go tlhagisa baithuti ba maemo a a kwa godimo ba morago ga kalogo le dipholo tsa patlisiso le tlhamosešwa..

 

P: Gantsi ke mang yo o tlhomiwang go nna moeteledipele yo e leng modulasetulo wa patlisiso?

K: Badulasetulo ba patlisiso ke  batho ba ba dirang tiro ya memo  a a kwa godimo, ba ba nang le bokgoni e bile ba sa bolo go dira patlisiso mo tirong e ba nang le bokgoni mo go yone. Bontsi jwa bone ke babatlisisi ba NRF e ba neileng maduo, mo go rayang gore ba na le bokgoni mo tirong ya bone.

 

Go na le badulasetulo ba patlisiso ba maemo a mabedi, ba maemo a ntlha ke babatlisisi ba ba sa bolong go nna babatlisisi ba ba itsegeng kwa dinageng di sele ka ntlha ya thuso ya bone ya patlisiso e ba e dirileng. Ke babatlisisi ba go gatisitsweng thata ka bone e bile ba alosa baithuti ba morago ga kalogo ba maemo a a kwa godimo.

 

Badulasetulo ba patlisiso ba maemo a bobedi ke ba ba sa bolong go nna babatlisisi bao ba itsiweng kwa dinageng di sele ka ntlha ya thuso ya bone ka patlisiso e ba e dirileng mo dingwageng di le tlhano go ya go tse 10 tse di tlang..

 

P: Boikarabelo jwa badulasetulo ba patlisiso ke eng?

K: Ba ikarabela thata ka patlisiso le go katisa baithuti ba morago ga kalogo. Patlisiso ya bone e amana le dikgang tse di botlhokwa thata mo nageng tse di tlhaotsweng ke puso. Ba leka ka natla go batla tharabololo ya mathata mo ditirong tsa bone.

 

Gape ba naya puso kgakololo ka dipholisi le ka mathata a a maleba.

 

P: YBB e na le badulasetulo ba patlisiso ba le kae?

K: YBB e na le Letsholo la Badulasetulo ba Patlisiso ba le barataro ba Aforikaborwa (South African Research Chairs Initiative [SARChI]) le badulasetulo ba patlisiso ba le bararo ba ba tseneng mo intasetering eno. (Leba lenaane la Badulasetulo ba SARChI  fa tlase.)

 

P: Badulasetulo ba patlisiso ba ba etelelang pele ba tlhomiwa jang?

K: Go dirwa papatso ka diphatlhatiro tsa moeteledipele yo e leng modulasetulo. Morago ga moo yunibesiti e tlhaola baithuti ba ba nang le diporofaele tsa maemo a a kwa godimo tsa akatemi e bo e romela ditshitshinyo kwa NRF. Baithuti ba tlhatlhobiwa ka tsela e e tseneletseng e e amogelesegang mo nageng ya rona le kwa dinageng di sele.

 

P: A ba nna baduladitulo ba patlisiso ba e leng baeteledipele lobaka lo lo tlhomilweng lwa nako?

K: ba tlhomiwa mo maemong ao dingwaga di le tlhano tse di ntšhafadiwang gabedi. DST/NRF e ba tshegetsa ka madi mo tsamaong ya dingwaga tseno tse 15, tse morago ga tsone yunibesiti e tshwanetseng go batla tshegetso e nngwe gape ya madi gore badulasetulo ba patlisiso ba kgone go tswelela pele ka tiro ya bone.

 

P: A badulasetulo ba patlisiso ba dirisana mmogo le babatlisisi go tswa kwa diyunibesiting tse dingwe kgotsa a ba ikarabela ka patlisiso ya yunibesiti ya bone?

K: Nngwe ya dipatlafalo ke gore ba tshwanetse go dirisana mmogo. Ba tshwanetse go thusana ka bokgoni jwa bone mo gare ga baagi.

 

P: A go na le maemo mangwe ka ga go tlhomiwa go nna moeteledipele wa badulasetulo ba patlisiso?

K: Ke tlotla e kgolo. Ba nna karolo ya setlhopha se se tlhophilweng sa babatlisisi ba ba tseelwang kwa godimo ba ba tlotlegang. Kakgolo e o e bonang go tswa go badiri-ka-wena ka ntlha ya thuso ya gago ke yone e tlisang pharologano ya mmatota mo go batleng ditharabololo tsa mathata a mmatota.

 

YBB e motlotlo ka badulasetulo botlhe ba rona ba patlisiso le badiri ba ba nnang le seabe mo ditirong tsa tlhamosešwa tse ba di dirang mo tirong ya bone.

 

Badulasetulo ba patlisiso ba YBB le baeteledipele ba bone:

 

  • Modulasetulo wa Patlisiso wa DST/NRF wa Boithutadinaledi le Fisika ya Lefaufau (DST/NRF Research Chair in Astrophysics and Space Physics [SARChI]) - Mop Markus Bottcher, wa Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo
  • Modulasetulo wa Patlisiso wa DST/NRF wa Patlisiso ka Magala (DST/NRF Research Chair in Coal Research [SARChI]) - Mop John Bunt, Legoro la Boenjenere
  • Modulasetulo wa Patlisiso wa DST/NRF ya Maokwane a a Dirilweng ka Ditshedi le Maokwane a Mangwe a Sele a a Phepa (DST/NRF Research Chair in Biofuels and Other Clean Alternative Fuels [SARChI]) -Mop Sanette Marx, Legoro la Boenjenere
  • Modulasetulo wa Patlisiso wa DST/NRF wa Boenjenere jwa Nyutlelia (DST/NRF Research Chair in Nuclear Engineering) (SARChI) - Mop Jat du Toit, Legoro la Boenjenere
  • Modulasetulo wa Patlisiso wa DST/NRF wa Go Lemoga Bolwetse jwa Pelo Go sa le Gale le go bo Thibela mo Aforika - Mop Alta Schutte, Legoro la Disaense tsa Pholo
  • Modulasetulo wa Dipatlisiso tse Pedi tsa DST/NRF SA-NAM tsa Boithutadinaledi le Fisika ya Lefaufau (SARChI) - Mop S Wagner (Namibia), Legoro la Disaen se tsa Tlhago le Temothuo
  • Modulasetulo wa Patlisiso wa EDTP SETA wa Go Rutwa ga Bana ba sa le Bannye - Mop Rosemarie Wildsmith-Cromarty, wa Legoro la Thuto
  • Senthara e  e Kgethegileng ya ESKOM EPPEI ya Taolo ya Go Ntshediwa ga Digase mo Lefaufaung - Mop Hein Neomagus le Mop Stuart Piketh, wa Legoro la Boenjenere
  • Modulasetulo wa World Trade Organisation (WTO) - Mop Wilma Viviers, wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi.