>

BUISA GO FETA

>

A re tlhabololeng boleng

Tokafatso ya Boleng ke karolo ya lephata le le ntšha le le bidiwang Thulaganyo e e Kopantsweng le Ditogamaano tse di Dirilweng ka Botlhale Integrated (Planning and Strategic Intelligence [IPSI]) e e neng ya tlhongwa bošeng jaana fa YBB e ne e rulaganngwa boša.  IPSI gape e na le diyuniti tse dingwe tse pedi, ditogamaano tse di dirilweng ka botlhale le Patlisiso ya Setheo (tse di tla tsenyelediwang moragonyana).

 

Mmenejara wa lefapha kwa IPSI ke Mop Linda du Plessis, yo e leng mothusa motlatsa-mokanseliri wa dithulaganyo le ditiro tsa khamphase mo Vanderbijlpark.

 

Dikarolo tse pedi le mokgwa o montšha wa go dira tiro

 

Kantoro ya Tokafatso ya Boleng e na le dikarolo tse pedi: mananeothuto a akatemi le ditirelo tsa kemonokeng. Mo lefapheng la tsa akatemi, tshekatsheko ya dithutego le mananeothuto e tla tswelela jaaka mo nakong e e fetileng, mme lefapha la kemonokeng le na le mokgwa o montšha wa go dira tiro.

 

Moh Johanna Müller, e leng mmenejara wa tsa boleng wa ditirelo tsa kemonokeng, a re mokgwa wa bone o montšha wa go dira tiro ke go tshwara dikokoano tsa go tlhabana botlhale gore ba tlhomelele badiri ba kemonokeng go tlhomamisa gore ba na le bokgoni jwa go tlhagisa tiro ya boleng jo bo kwa godimo thata go tloga fela kwa tshimologong, le go dira tiro e e tshwanang mo mafelong otlhe a mararo a YBB.

 

Johanna a re mokgele o o tsayang nako e telele ke wa gore lefapha lengwe le lengwe le kwale mmanuele wa lone o montšha o o tsamaisanang sentle le melao, wa boleng jo bo kwa godimo.

 

A ntlha go tlhomelelwa

 

Mafapha a ntlha go tlhomelelwa ka mokgwa ono o montšha ka 2018 ke a a latelang:

 

  • Lefapha la Tsa Tiro ya Boitshediso
  • Botsamaisi jwa Dikirii e e kwa Godimo (Higher Degrees Administration [HDA])
  • Senthara ya Go Ruta le Go Ithuta (Centre for Teaching and Learning [CTL])
  • Batho le Setso

 

Go leba kwa isagweng

 

Ka 2019, boikaelelo jwa kantoro ya Tokafatso ya Boleng e tla bo e le go tlhomelela lefapha la botshelo jwa baithuti ka dikokoano tsa go tlhabana botlhale.

 

"Dikokoano tseno tsa go tlhabana botlhale di tla tlhoma mogopolo mo dithulaganyong tse dintšha tsa dikhamphase tse tharo mme di tla tlotla ka ditlhogo tse di jaaka ponelopele ya lefapha, mekgele, go ikobelwa ga melao, go tlhaloganya seabe, tlhomamiso ka tsa boleng le go laola kgonego ya ditatlhegelo tsa madi," Johanna o bolela jalo.

 

Nna o ntshitse matlho dinameng go bona setlhogo-khutshwe se sengwe gape sa Dikago 101, ka gonne re tlile go tlhoma mogopolo mo karolong ya bobedi ya IPSI, e leng Ditogamaano tse di Dirilweng ka Botlhale.

Antoinette Vermeulen

Mmenejara wa tsa Boleng: Mananeothuto
a Akatemi

Tommy Pietersen

Motlhankedi-Mogolo wa Tsamaiso

Mop Linda du Plessis
Mothusa Motlatsa-Mokanseliri: Dithulaganyo le Ditiro tsa
Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa

Ngk Jannie Jacobsz

Mokaedi wa tsa
Boleng Ngaka

 

Johanna Müller

Mmenejara wa tsa Boleng: Ditiro tsa Kemonokeng

Johan Erasmus

Mookamedi wa tsa Boleng

Thulaganyo e e Kopanetsweng le Ditogamaano ka Botlhale (IPSI)

Mo metseletseleng ya ditlhogo-khutshwe tseno ka dikago mo YBB, re leba go bona gore ke eng se se ntšha kwa kantorong ya Tokafatso ya Boleng, e pele e neng e bidiwa Kantoro ya tsa Boleng.

Ditogamaano ka Botlhale

Tokafatso ya Boleng

 

TOKAFATSO YA BOLENG