>

>

BUISA GO FETA

Babalamatlotlo ba phophoma maikatlapelo a mmele

A o ne o itse gore go dirisa di Pilates ga go tokafatse tsamaiso ya dikarolo tsa mmele fela mme go tlhagafatsa le tlhaloganyo?

Re akantse ka seno, badiri le baithuti ba Sekolo sa Disaense tsa  Bobalamatlotlo mo khamphaseng ya Vanderbijlpark ba a Hema, Ba Dirisa Maikatlapelo atla a Mmele, Ba a Ikotlolola le go Tsamaisa Dikarolo tsa Mmele go leka go tlisa tekatekano fa gare ga tlhaloganyo le mmele.

 

Go ya ka Alinka Mostert, motlhatlheledi-mogolo wa bobalamatlotlo , nako ya go dirisa di Pilates e diretswe baithuti ba onase fela ba ba ithutelang serutwa sa Bobalamatlotlo (SAIPA) le sa Setifikeiti sa Kgopolo ka tsa Bobalamatlotlo (Certificate in Theory of Accounting [CTA]).

 

Repa

 

"Ka nako ya dithuto tsa bone tsa onase, baithuti ba gatelesega thata mo tlhaloganyong ka ntlha ya tiro e ntsi le go nna ba tlhatlhobiwa gangwe le gape," go bolela jalo Alinka.

 

O tlhalosa gore go dirisa di Pilates go ka thusa mmele fela thata gore o repe, o tlhagafale le go fokotsa kgatelesego mo tlhaloganyong. Gape go dira gore go nne le kgolagano fa gare ga tlhaloganyo le mmele mme ka jalo, seno ga se tlhome mogopolo mo go tsamaiseng dikarolo tsa mmele fela mme gape go go thusa go hema sentle le go kgona go tlhoma mogopolo.

 

Ba ba thusang Alinka mo go eteleleng pele lenaneo leno ke badiri-ka-ene ba Sekolo sa Disaense tsa Bobalamatlotlo – le ba ba ratang thata go dirisa di Pilates – Lerike Jacobs le Estie Lubbe.

 

Boraro jono jwa re go dirisa di Pilates ka metlha go rotloetsa motho go hema ka tshwanelo, go  tlhamalatsa lerapo la mokwatla le dinoka , le go tsamaisa dikarolo tsa mmele ka tsela e  e boreledi  sentle, e bile go dira jalo ke kgato ya ntlha ya go dira gore batsayakarolo ba itekanele sentle mo mmeleng le go kgona go tlhoma mogopolo mo dithutong tsa bone.

 

Boleng bo botlhokwa

 

Alinka a re fa motho a dirisa di Pilates, tsela e e siameng ya go tsamaisa dikarolo tsa mmele e botlhokwa thata go gaisa gore o di tsamaisa ka go di boeletsa makgetlo a le kae mme ka jalo lenaneo la go sa le gale mo mosong (metsotso e ka nna 45) le nna le batsayakarolo ba ba tswang mo go lone ba lapologetswe e bile ba sena letsapa jaaka go direga kwa bontsing jwa dikampa tsa go ikatisa.

 

Kwa bofelong, Alinka, Lerike le Estie ba batla go rotloetsa baithuti gore ba nne karolo ya boikatiso jono le go rulaganya lenaneo le le tla refosanngwang le la di Pilates, la go tshematshema 5km le 10km.

 

Fa baithuti (le badiri ba batsayakarolo) ba setse ba kgona go taboga sekgala seno kwantle ga bothata bope, re rulaganyetsa go tsenya setlhopha sa bone mo kgaisanong ya ngwaga le ngwaga ya  Old Mutual Soweto Marathon  e e tlileng go tshwarwa ka kgwedi ya Ngwanaitseele.

 

Fa e le gore o ka rata go tsenela thulaganyo eno ya go ipoloka o itekanetse, leba dinako tsa lenaneo la rona:

 

  • Nako ya di Pilates: Laboraro ka 07:45 fa pele ga Kago 3.
  • Nako ya go taboga:  Labone ka 13:30 (kokoanang fa pele ga Kago 3).

 

Go bona tshedimosetso go ya pele, ikgolaganye le Alinka mo X10 3359.