>

BUISA GO FETA

>

Baithuti ba kgona go bogela metshameko ya bosetšhaba le ya dinaga di sele kwa Student Sports Pub.

BAITHUTI BA

thela loshalaba!

Ako o akanye ka seno: Ke makgaolakgang a Varsity Cup mme basimane ba rona ba ntshitse ga tshwene kgatlhanong le setlhopha sa Tuks se se ikemiseditseng go fenya. Go setse metsotso e le robedi fela mo tshupanakong mme YBB e eteletse pele ka dintlha di le tharo.

 

Motshameko o tseisa manya mme botlhe mo teng ga ntlo ya baithuti ba tlolela gongwe kwa godimo fa motshameki wa nomore ya bo 10 e phepole a tsatsanka batshameka-morago ba babedi a ya go kgabaganya mola wa go nosa nno ya phenyo.  Go utlwala loshalaba fela le boitumelo mo phaposing. N...W...U! N…W…U!

 

 

Setlhopha sa botsamaisi sa khamphase ya Vanderbijlpark se ne se batla gore go nne jaana fa se ne se bula dikgoro tsa Student Sports Pub ya khamphase bošeng jaana. Go ya ka mmenejara wa metshameko mo khamphaseng, e leng Sean McCallaghan, pub ke lefelo le baithuti ba ka itisang mmogo kwa go lone go bogela metshameko mo thelebišeneng kgotsa go iketla mmogo.

 

Lefelo le le ntšha leno le kwa ntlong ya tlelapa ya kirikete mme le rulagantswe ka mokgwa o o dirang gore baithuti ba kgone go tsalana mmogo, go itsane, go ja le go iketla mmogo. "Student Sports Pub  e ntšha ke lengwe la matsholo a mantšha a a kgatlhang a boikaelelo jwa one e leng go tokafatsa maitemogelo a baithuti," Sean o bolela jalo, e bile o oketsa ka gore badiri le bone ba ka dirisa dikago tse di ntšha tseno.

 

Mop Linda du Plessis, yo e leng mothusa motlatsa-mokanseliri wa ditogamaano le wa ditiro tsa mo khamphaseng kwa Vanderbijlpark, le Thokozani Hadebe, yo e leng modulasetulo wa Lekgotla la Khamphase, ka di 15 Tlhakole 2018.

 

Pub e bulwa ka Mantaga, Laboraro le ka Labotlhano go simolola ka 17:00 - 22:00. Bo-Labone ba tlogeletswe gore e beelediwe ke maloko a dikago tsa bonno, mekgatlho ke le ditlelapa tsa metshameko. Go bona tshedimosetso go ya pele ikgolaganye le Sean mo nomoreng ya 016 910 3229 kgotsa ka imeile kwa atereseng ya  sean.mccallaghan@nwu.ac.za.

 

Herman Steyn, mokaedi wa kgwebo le tlhabololo ya yone, le bone ba kwa pulong ya Student Sports Pub. Ba na le maloko a Lekgotla la Khamphase la Baithuti fano.

Sean McCallaghan, Thokozani Hadebe, le Mop Linda du Plessis ba kwa pulong ya semmuso ya Student Sports Pub.