>

BUISA GO FETA

>

Go godisa bana ba rona tlhaloganyo ba sa le bannye ke go godisa isagwe ya naga ya rona. Se se botlhokwa ka tsela e e tshwanang ke go godisa kitso ya ba ba nang le boikarabelo jwa go godisa bana tlhaloganyo ba sa le bannye.

Otla megopolo
e mennye go netefatsa gore
e nna le isagwe
e e itumedisang

Ka nako ya kokoano ya go tlhabana botlhale kwa Potchefstroom, bomankge ba ba 20 bano go tswa kwa ditheong di le robongwe tse di farologaneng tsa thutogodimo ba ne ba tlhama lenaanethuto la bosetšhaba la dipoloma e ntšha le dikirii ya BEd, ka bobedi e le tsa go godisa bana tlhaloganyo ba sa le ba nnye le go ba ruta.

 

Maloko a Badirammogo ba YBB mo moleng wa mo pele ke  Mumsy Boikanyo (mo gare mo pele), ka Ng Inge Venter le Benita Taylor fela ka tlhamalalo mo rago ga gagwe mo moleng o o mo gare.  Mo mojeng kgakala ke Ng Jackie Slabbert-Redpath mo moleng o o mo pele le Susan Greyling mo morago ga gagwe mo moleng o o mo gare.

Morago ga gore YBB e lemoge botlhokwa jwa seno, e ne ya se ka ya okaoka go abelana bokgoni jwa yone jwa go godisa bana tlhaloganyo ba sa le bannye gore setheo sa thutogodimo ka kakaretso se solegelwe molemo.

 

Gore yunibesiti e fitlhelele ba bangwe mo tirong eno, e ne ya tshwara kokoano ya go tlhabana botlhale ya malatsi a le mararo ya lenaneo la tlhabololo kwa Potchefstroom go thusa ka tlhabololo ya mananeothuto a mabedi a mantšha a tlhokomelo ya bana (bana ba ba sa tswang go belegwa go fitlha ka ba dingwaga di le nne).

 

Go dirisa maatla a boboko

 

Go simolola ka di 7 go fitlha ka di 9 Mopitlwe 2018, palogotlhe ya baemedi ba le 20 ba ba tswang kwa ditheong di le robongwe tse di farologaneng tsa thutogodimo ba ne ba kopanya ditlhogo go tlhama lenaanethuto la bosetšhaba la dipoloma e ntšha le dikirii ya BEd, ka bobedi e le tsa go godisa bana tlhaloganyo ba sa le bannye le go ba ruta.

 

Ditheo tsa thutogodimo tse di neng di na le baemedi kwa kokoanong ya go tlhabana botlhale e ne e le ba diyunibesiti tsa Cape Peninsula University of Technology, Unisa, Wits, Nelson Mandela le Walter Sisulu, le diyunibesiti tsa KwaZulu-Natal, Pretoria, Foreisetata le Fort Hare.

 

Kokoano eno ya go tlhabana botlhale e ne ya rulaganngwa go ya ka kopo ya Lefapha la Thutogodimo le Katiso morago ga fa European Union e sena go naya lefapha madi a go tlhama dithutego tsa katiso ya barutabana mo tirong ya go ruta bana go tloga ba sa le bannye.

 

Go wetsa tiro

 

Kokoano ya go tlhabana botlhale e ne e tshwerwe ke Susan Greyling, Benita Taylor le Mumsy Boikanyo ba Legoro la Thuto la Sekolo se se Rutang Dipuo.

 

Jackie Slabbert-Redpath wa Senthara ya YBB ya Go Ruta le Go Ithuta (Centre for Teaching and Learning [CTL]) o ne a le motsamaisi wa lenaneo.

 

O ne a gakolola baemedi ka dikgato tsa Leano la Dithutego tsa Bosetšhaba, lenaanethalo (le le beileng dilo ka ditlhopha) le le buang ka go raraana ga boboko (go raraana ga thulaganyo e boboko bo dirang ka yone), le dikgato tsa go nna le kitso le dikgono tse di lebeletsweng mo baithuting mo ngwageng mongwe le mongwe wa dithuto.

 

Ngaka Inge Venter, yo le ene e leng wa CTL, o ne a abelana kitso ya gagwe ka dipoelothuto tsa mmojulu le go kwala tekolo e e tshwanelang poelothuto nngwe le nngwe.