>

BUISA GO FETA

>

Baithuti ba rona ba maemo a a kwa godimo

Ela tlhoko leina leno la Jestus Fouché ka gonne o tlile go utlwa ka ene thata mo dingwageng tse di tlang.

TLHWAYA TSEBE:

Jaaka moithuti wa ngwaga wa ntlha mo khamphaseng ya Vanderbijlpark, Jestus o tshwaragane le go ithutela go nna mmalamatlotlo yo o kwadisitsweng. Ga jaanong jaana o ikwadiseditse lenaanethuto la go atolosa dikirii ya BCom CA mo Legorong la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi.

Moithuti Jestus Fouché yo o falotseng ka dinaledi di le thataro le ka palogare ya 90% ka nako ya tlhatlhobo ya Setifikeiti sa Bosetšhaba sa Sekolo se Segolo ka 2017, o gaufi le go fitlhelela ditoro tsa gagwe tsa go nna mmalamatlotlo yo o kwadisitsweng.

Jestus o ne a le moeteledipele mo Sekolong sa Destinata
kwa Meyerton.

Lefapha la Thuto la Gauteng le ne la naya Jestus Awate ya Go Fitlhelela Maduo a a kwa Godimo go sa le gale mo ngwageng ono. Gape go ne ga dirwa kitsiso ya gore ke moithuti  yo o kwa godimo mo porofenseng yo o nang le ditlhoko tse di kgethegileng tsa thuto.

Se se dirang gore a nne moithuti wa maemo a a kwa godimo jaana ke se a se dirileng gore a fitlhe mo kgatong e e kgatlhang eno ya botshelo jwa gagwe: ga a letla bothata jo bo masisi jwa go ithuta go mo ema pele.  Ka go lepalepana le ditlamorago tsa Bothata jwa go sa Kgone go Tlhoma Mogopolo (Attention Deficit Disorder [ADD]), Jestus o kgonne go ipakela ka boene - le go pakela ba bangwe - gore go a kgonega gore motho a se ka a tlhola a laolwa ke ADD mme a kgone go tshela ka yone le go dira sentle ka ntlha ya yone.

 

Go ungwa maungo a katlego

 

Jestus o fitlheletse palogare-kakaretso ya 90% ka nako ya Ditlhatlhobo tsa 2017 tsa Setifikeiti sa Bosetšhaba sa Sekolo se Segolo (National Senior Certificate [NSC]), mme o falotse dirutwa di le thataro ka dinaledi. O fitlheletse 98% mo serutweng sa bobalamatlotlo, 93% mo Seaforikanseng le mo dithutong tsa kgwebo, 92% ya sedirisiwa sa khomphiutha sa thekenoloji (computer application technology [CAT]) le puisokwalo ya mmetshe, le 91% ya Go Katisediwa Botshelo. Mme ke eng se se tlhomologileng go feta tsotlhe ka ene? Jestus o fitlheletse dipholo tseno e le morutwana yo o nang le ditlhoko tse di kgethegileng tsa thuto (learner with special educative needs (LSEN).

 

Fa Jestus a sena go fitlhelela dipholo tse di molemo tseno, matlho otlhe a ne a le mo go ene kwa Diawateng tsa Lefapha la Thuto tsa ba ba Fitlheletseng Maduo a a kwa Godimo go sa le gale mo ngwageng oo, fa a ne a bidiwa gore ke morutwana yo o kwa godimo wa LSEN mo porofenseng.

 

Gape o ne a le mo seraleng jaaka mongwe wa barutwana ba bararo ba ba mo maemong a ntlha ba ba gaisitseng ba bangwe botlhe ba Sedibeng East Educational District mme ba akgolwa go ya pele jaaka barutwana ba le 10 ba ba mo maemong a ntlha ba Mmasepala wa Emfuleni.  Bošeng fela jaana, Mop Linda du Plessis, mothusa motlatsa-mokanseliri wa thulaganyo e e kopantsweng le wa ditiro tsa mo khamphaseng kwa Vanderbijlpark, o ne a akgola Jestus jaaka mongwe wa baakatemi ba babedi ba ba kwa godimo ba ba gaisang botlhe.

 

Bothata jwa ga Jestus jwa ADD

 

"Ke eta mogopolo nako le nako mme ka ntlha ya moo go thata tota gore ke tlhome mogopolo mo go se se dirwang," Jestus o bolela jalo, e bile o oketsa ka go re bothata jo a nang le jone jwa go ithuta gape bo mo thatafaletsa go tlhaloganya dikgopolo tse di thata.  Ka maiteko ao a a dirang a go dira gore "a se fekeediwe" ke ditlamorago tse di masisi tsa ADD, Jestus o ne a tshwanelwa ke go ikatisetsa go dira tiro go fitlha a e kgona.  Seno se raya gore o fetsa diura tse dintsi a dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae le go ipaakanyetsa ditlhatlhobo.

 

Fa a bodiwa gore a o ipona e le motlhomasekao wa barutwana ba bangwe ba LSEN, a re a ka nna motlotlo go kaiwa a le motlhomosekao wa bone. "Fa ke sena go fitlhelela mekgele ya me ya akatemi, nka rata go rotloetsa ba bangwe go lemoga gore fa o dira ka natla le go ineela, go a kgonega go fitlhelela sengwe le sengwe. Tota ke boammaaruri: fa o ka nna le ditoro ka sengwe, o ka kgona go se dira!"

 

O fitlheletse go le gontsi

 

Bokgoni jwa gagwe ga se jwa tsa akatemi fela. Jestus, yo o weditseng mokgele wa gagwe wa sekolo se segolo kwa Sekolong se Segolo sa Destinata kwa Meyerton, o ne a le moeteledipele wa baithuti ka 2017.

 

Fa Jestus a ne a sa tshwarega ka ditiro tsa gagwe tsa boeteledipele le maikarabelo a gagwe a tsa akatemi, o ne a nna le seabe mo metshamekong e e farologaneng, mme go tsamaisana le botho jwa gagwe jwa tlhago, o ne a di goga kwa pele mo metshamekong e e farologaneng.

 

Go simolola ka 2011 go fitlha ka 2016 o ne a le leloko la setlhopha sa tšhese se se neng se emela kgaolo ya Bommampodi-Potlana ba Tšhese ba Aforikaborwa.  Ka 2015 le ka 2016 o ne a tlhophiwa go nna leloko la setlhopha se se gaisanang go kgabaganya naga sa Sedibeng East mme a nna mofenyi ka 2017 kwa kgaisanong ya Bommampodi ya Diatleletiki tsa LSEN tsa Aforikaborwa jaaka mofenyi wa lebelo la banna la neeletsano la 800 m le la 1 500 m. Jaaka motshameki wa kirikete, o ne a emetse setlhopha sa kirikete sa Gauteng sa LSEN mo ditlheng tse pedi (2015 le 2016).