>

BUISA GO FETA

>

Koo go simologileng gone

 

Yuniti ya Go Tsweletsa Thuto Pele e ne ya tlhomiwa ka Mopitlwe 2017. Tseno e ne e le dipholo tsa Lekgotla la Thutogodimo (Council for Higher Education [CHE]) le le laelang diyunibesiti tsotlhe go tlhoma tsela ya go laola dilo le dithulaganyo tsa bolaodi mo lefelong le le lengwe fela go tlhomamisa gore boleng jwa mananeo a go tsweletsa thuto pele a di tlamelang ka one ke a boleng jo bo kwa godimo.

 

Kwa YBB, mafapha a le mmalwa a ile a tsenyelediwa mo yuniting e ntšha. A akaretsa Senthara ya Go Tsweletsa Pele Tlhabololo ya Dikgono tsa Seporofešenale, ditlhopha tsa dikhoso tse di khutshwane tsa Sekolo sa Kgwebo le Botsamaisi kwa Mahikeng le kwa Potchefstroom, le ditlhopha tsa lenaanethuto le le khutshwane la Legoro la Thuto.

E re ka lefatshe lotlhe le leba kitso jaaka sengwe sa dinotlolo tse di isang katlegong, Yuniti ya YBB ya Go Tsweletsa Thuto Pele (Unit for Continuing Education [UCE]) e tlhomamisa gore dikhoso tsotlhe tsa go tsweletsa thuto pele kwa setheong ke tsa boleng jo bo kwa godimo.

 

Go tsweletsa thuto pele go raya dikhoso tsotlhe tse di khutshwane, mananeothuto a makhutshwane a go ithuta le dikokoano tsa go tlhabana botlhale tse di sa tsenngwang mo lenaaneng la semmuso la YBB le le tswakantseng dithutego.

 

UCE e na le mokaedi-mogolo yo o e eteletseng pele – phatlhatiro e e sa tladiwang ga jaanong jaana – le bakaedi ba babedi. Ria Nel ke mokaedi wa ditiro mme Ngaka Sazi Kunene ene ke mokaedi wa kgwebo le tlhabololo ya yone. (Tobetsa fano go bona gore yuniti yotlhe e rulagantswe jang.)

 

“UCE ke yuniti e e leng mo lefelong le le lengwe fela mme e tsenya lotseno lwa madi go tswa metsweding e e sa tshegediweng ka madi,” Ria o bolela jalo. "Ditlhopha tsa tiro tsa UCE tse di leng teng mo khamphaseng nngwe le nngwe, di tshegetsa tiro ya tsamaiso le ya dithulaganyo-kakaretso ya magoro otlhe a a tlhamang dikhoso tsa go tsweletsa thuto pele."

Sazi o oketsa ka go re UCE e neilwe tiro ya go tla ka leano le le ntšha la go tsweletsa thuto pele la YBB la go atolosa photefolio ya khoso e khutshwane le go dira gore e nne ya methalethale.

 

Tiro eno e akaretsa mekgwa e e farologaneng ya go dira tiro, go akaretsa le go ithuta ka go dirisa inthanete le go ithuta kgakala le setheo sa thuto. Go tla okediwa ka ditirelo tse di ntšha tsa go tsweletsa thuto pele, tse di jaaka go tlhama pholisi, go tlhama kharikhulamo le tshegetso ya go  tsenya thuto ya pele tirisong.

Yuniti ya Go Tsweletsa Thuto Pele e garatlhela tiro ya boleng jo bo kwa godimo

DITIRAGATSO

TLHABOLOLO

YA KGWEBO

Yuniti ya Go Tsweletsa Thuto Pele

NG SAZI KUNENE

Mokaedi Tlhabololo ya Kgwebo

ALFRED BRISHMAER

Morulaganyi wa go Maketa

RIA NEL

Mokaedi wa Ditiragatso

MORNÉ VD BERGH

Dithulaganyo

 JUNIOR MTHIMKHULU

Ditiragatso: Khamphase
ya Vaal

DEHLIA COETZEE

* Ditiragatso: Khamphase ya Potchefstroom

ROSELINE APRIL

Ditiragatso: Khamphase ya Mafikeng

* Ditiragatso: Khamphase ya Potchefstroom di bopilwe ke ditlhopha-tlase tse di direlang magoro mo khamphaseng e.