>

>

BUISA GO FETA

Laeborari ya

Ferdinand

Postma

e a tlhabololwa

Ga jaanong jaana Laeborari ya Ferdinand Postma mo khamphaseng ya Potchefstroom e mo kgatong ya yone ya ntlha ya porojeke e e tseneletseng ya tlhabololo e boikaelelo jwa yone e leng go  fetola dikago mo teng ga tsone ga jaanong jaana gore di kgone go thusa badirisi ba tsone ka se ba se tlhokang.

Porojeke eno e dirwa jaana morago ga ditlhabololo tse di neng di setse di dirilwe pelenyana mo boalong jo bo fa fatshe le boalo jwa boraro. E ne e akaretsa go tlhomiwa ga phaposi e e tla dirisiwang ke Barutegi ba Onase le ba Patlisiso ka 2014 le Phaposi ya Tshedimosetso  ya baithuti ba pele ga kalogo ka 2015.

 

Porojeke ya ga jaanong jaana e akaretsa boalo jwa ntlha le jwa bobedi, mme boalo jwa bobedi ke jone jwa ntlha go tlhabololwa. “Ke lekgetlo la ntlha mo dingwageng tsotlhe di le 65 tse laeborari eno e sa bolong go nna gone ka tsone boalo jwa tsone bo tlhabololwang e bile re itumelela fela thata thuso e dikago tse di ntšha tse di tlhabololwang tseno di tlileng go re thusa ka yone,” go bolela jalo Louise Vos, mmenejara wa letsholo, diporojeke le boleng.

 

Mafelo a konokono a go ithuta

Tsa bogologolo di ile mme jaanong re na le tse di ntšha mo porojekeng eno ya kgato ya bobedi. Kgato ya ntlha mo boalong jwa bobedi e simolotse ka di 1 Lwetse mme e tla fela ka di 24 Ngwanaitseele. Kgato ya bobedi, e e amang boalo jwa ntlha jwa laeborari, e tla simolola mo bogautshwaneng morago ga eno mme yone e tla fela ka di 2 Moranang 2018.

 

Badiri mmogo le baithuti ba ka leba pele jaanong go nna le phaposi e nngwe gape ya  seminara, lefelo le le sisibetseng le go ka ithutelwang mo go lone le maano a le 172, le ditafole tse di oketsegileng tse di nang le dilaptopo.  Difetlhamowa tse di tlhabolotsweng di tla tlhomamisa gore baithuti ga ba gotele thata le go sitwa thata fa go le mariga. Dikhapete tse dintšha le go tsenngwa ga bodilo jwa logong go tla thuthafatsa diphaposi tseno, le go kgabisa laeborari eno.

 

Didirisiwa tse di tla nnang gone di tla ikaega ka tlhabololo e e tlileng go dirwa. Le fa go ntse jalo, ga go kitla go itlhaganelelwa go tswala dikago tseno gore badiri le baithuti ba se ka ba kgoreletsega thata.

"Re tshwenngwa thata ke gore e kete ditlhabololo tseno di dirwa ka nako e e botlhokwa thata mo baithuting ba ga jaanong jaana ba tshwaregileng ka ditekolo le go ipaakanyetsa ditlhatlhobo, mme ka maswabi ga di a kgona go busediwa morago ka nakwana," Louise o bolela jalo.

 

Tirokgolo e sa ntse e tla

Tiro mo boalong jwa bobedi e tla wediwa kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Ngwanaitseele. Kgato ya bobedi e tla ama boalo jotlhe jwa ntlha mme ga go kitla go kgonega go tsena ka boalong jono le fa e le go ya kwa laeboraring e kgolo.

 

Maloko a laeborari a tlhophile mo e ka nnang dibuka di le 24 000 tse di tlhokwang thata tse di akaretsang dirutwa tsotlhe mme di tla fudusiwa ka nakwana go tswa kwa boalong jwa ntlha fa tiro e simololwa koo. Morago ga moo dibuka di tla fudusediwa kwa boalong jwa bobedi jo bo sa tswang go wediwa.

 

"Seno se a gwetlha, mme re ikemiseditse go naya badiri le baithuti tirelo e e di gaisang tsotlhe ka nako ya porojeke eno e e botlhokwa. Re dumela gore go ikentsha setlhabelo gono ga nakwana go tla nna mosola fa porojeke e sena go wediwa le gore botlhe ba tla ipela ka mafelo ano a a fetotsweng mo teng ga dikago le didirisiwa tsa teng," Louise o bolela jalo.

 

Go bona tshedimosetso go ya pele ka porojeke eno, leba

http://library.nwu.ac.za/renovations-first-and-second-floor

Badiri ba bona ditharabololo tsa dikgwetlho

 

Badiri ba laeborari ba dirile ka natla go batla ditharabololo go tlhomamisa gore dikgoreletsi dipe tse di bakwang ke ditlhabololo tseno di a fokodiwa le gore go nna le mokgwa o sele o o dirisiwang go tlhomamisa gore batlhatlheledi le baithuti ba kgona go bona metswedi-tshedimosetso e e botlhokwa le ditirelo

 

Tobetsa bara nngwe le nngwe fa tlase gore o buise go ya pele.

  • Dibuka tse di batlwang thata di a fudusiwa

    E re ka Laeborari ya Dibuka tsa Molao e tla bo e sa kgone go dirisiwa mo kgatong ya ntlha, badiri ba laeborari ba kaile dibuka di ka nna 4 000 le ditshupiso tse di tla fudusiwang ka nakwana. Ka thuso ya Legoro la tsa Molao, go kailwe ditlhogo tse dingwe gape di ka nna 1 500 gore le tsone di fudusediwe kwa boalong jwa ntlha mme di tla kgona go fitlhelelwa fa tiro e ntse e tsweletse mo boalong jwa bobedi.

  • Go tla nna le di eBook

    Gape go tla nna le dikhopi tsa di eBook tse di fetang 229 000 tsa ditlhogo tse di farologaneng. Dirutwa tsa thuto le tsone di tla nna teng e le dikhopi kgotsa di tla nna gone ka mokgwa o mongwe o sele fa di sa gatisiwa, mme Louis a re ba rotloeditse badiri le baithuti gore ba di dirise.

  • Dilaeborari kwa dikhamphaseng tse dingwe

    Gape ba tla tlhomamisa gore dibuka go tswa kwa dilaeboraring tsa YBB kwa Mahikeng le kwa Vanderbijlpark di romelwa kwa laeboraring kwa Potchefstroom ka tirelo ya tirisanommogo ya dikhamphase. Jaaka ka metlha, baithuti ba masetase le ba PhD ba ka nna ba kopa makwalo go tswa mo laeboraring ya bone ao a ba itsiseng kwa diyunibesithing tse dingwe gore ba kgone go tsena mo dilaeboraring tsa bone mo Aforikaborwa. Baithuti ba morago ga kalogo ba tla newa tshwanelo ya go adima dibuka kwa dilaeboraring tse dingwe go bona dibuka tse di tla bong di seyo mo laeboraring ya bone.

  • Didirisiwa tse nakwana

    Gape badiri ba laeborari ba etse tlhoko gore go nne le didirisiwa tsa nakwana, jaaka ditafolana tse di tlhakanelwang tsa khomphiutha moo baithuti ba ka kgonang go tshwarela metlotlo ya setlhopha mo go tsone le mafelo a mangwe a a sisibetseng a go ka ithutelwang mo go one a a jaaka Besembos le Laeborari ya Lekala la Saense ya Tlhago.

  • Tiro e e modumo

    Baithuti ba dirisa laeborari thata fa ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo, le fa ba ithuta ka nako ya ditlhatlhobo. Dikonteraka di kopilwe go dira "tiro e e modumo" ka bonako mme e seng ka nako ya ditlhatlhobo.

Tobetsa mo ditshwantshong