>

>

BUISA GO FETA

YBB e motlotlo go itsise gore e tlhomile bakaedi ba bararo ba ba ntšha ba ba nang le diphitlhelelo tse di gakgamatsang le maitemogelo mo ditirong tsa bone.

 

Mop Fulufhelo Netswera o tlhomilwe go nna mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo le Botsamaisi, Rre James Botha ene o tlhomilwe go na mokaedi yo moša wa Ditirelo tsa Semolao mme Rre Thoriso Maseng ene go nna mmenejara wa Lefapha la Tsa Tiro ya Boitshediso.

Fulufhelo o dira ditshwetso tse di siameng ka kgwebo le akatemi

 

Fulufhelo Netswera, yo o nang le maitemogelo a a fetang a dingwaga di le 22 mo setheong sa thutogodimo, patlisiso le tlhamosešwa, o tla ka kitso e e seng kana ka sepe mo maemong a gagwe a mantšwa a go nna mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo le Botsamaisi.

 

Fulufhelo a re o itumeletse seabe sa gagwe se se ntšha fela thata, se a tlileng go se simolola ka di 1 tsa Ngwanaitseele. "Ke tlhaloganya sentle dipatlafalo tsa go tsamaisa sekolo ka katlego le go tlhama setlhopha sa baeteledipele ba ka moso, baakatemi le balweladiphetogo mo tikologong. Ke na le tsholofelo ya gore mmogo le maloko ka nna a legoro, rotlhe re tla kgona go fitlhelela go le gontsi."

 

Pele Fulufhelo a tla mo YBB, o ne a le mothusa-modini kwa Yunibesiting ya Thekenoloji ya  Cape Peninsula. Ga jaanong jaana ke moporofesa-mmogo kwa Yunibesiting ya Tshwane mo Legorong la Dithuto tsa Ikonomi le Ditšhelete, mme gape ke  moporofesa-mmogo kwa yunibesiting ya Uganda ya Thekenoloji le Botsamaisi. Kwantle ga ditiro tsa gagwe tsa boakatemi le boeteledipele, Fulufhelo o tswelela pele go nna mmatlisisi yo o tlhagafetseng.

 

Mop Fulufhelo Netswera ke mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo le Botsamaisi.

 

Dilo tse James a di eteletsang kwa pele ke boikanyegi le boleng

 

Go simolola ka di 1 Lwetse, James Botha o ne a tlhomiwa go nna mokaedi yo mo ntšha wa Ditirelo tsa Semolao. O kile a dira jaaka mogakolodi-mogolo wa semolao kwa yunibesiting. "Ke ne ka tlhapelwa ke boitumelo fa ke bolelelwa gore ke tlhatlositswe maemo. Ga ke bolo go ikanyega mo yunibesiting ka jalo go tlhatlosiwa maemo e ne e le go diragadiwa ga ditoro tsa me," James o bolela jalo.

 

Boikaelelo jwa gagwe ke go tlhomamisa gore ga go na kganetsano epe ka boikanyegi jwa YBB le boleng jwa yone jwa ditirelo tsa semolao. "Gape ke tla tlhomamisa gore ditirelo tsa rona tsa semolao le bokgoni jwa rona di dirisediwa go tsweletsa pele le go tshegetsa ditiro tsa konokono tse di farologaneng tsa setheo," o bolela jalo.

 

James o na le maitemogelo a dingwaga di le 22 mo setheong sa tsa molao fa e sa le a nna le dipoloma ya LLB go tswa kwa Yunibesiting ya Pretoria.  Fa a sena go wetsa diathikele tsa gagwe le go tshwanelegela go nna mmueledi, o ne a berekela feme ya molao dingwaga di le 15, pele a nna leloko la YBB ka 2008.

 

 

Rre James Botha ke mokaedi yo mo ntšha wa Ditirelo tsa Semolao.

Thoriso o siametse go nonotsha bosemphato jwa intaseteri

 

Thoriso Maseng o ne a nna leloko la Lefapha la tsa Tiro ya Boitshediso e le mmenejara ka di 2 tsa Phatwe. "Ka seabe se ke nang le sone, ke rulaganyetsa go atolosa le go boloka kamano e e siameng le ba ba dirisanang mmogo le intaseteri ya YBB. Gape ke tla leka go batla bagwebi ba ba oketsegileng gore ba tle go tlhaba baithuti ba rona botlhale le go rotloetsa Botsamaisakgwebo," o bolela jalo.  Thoriso o oketsa ka gore o itumeletse thata go nna le seabe seno, ka gonne se tla mo kgontsha go thusa baithuti ba le bantsi ka tsela e e siameng.

 

Ka maitemogelo a gagwe a dingwaga di le 14, Thoriso o tla ka dithutego tse di kgatlhang thata mo YBB. O dirile kwa ditheong di le mmalwa tsa puso le kwa ditlamong tsa poraefete mo maemong a a farologaneng. Pele a nna leloko la setheo, o ne a direla Anglo American Platinum e le Mogakolodi wa: Mankge wa Tlhabololo ya Setlamo.

 

O bone BCom Hons ya gagwe ya Go Ithuta Boitshwaro jwa Badiri mo Tirong le mo Setlamong kwa Unisa mme o ithutela masetase ya boeteledipele jwa kgwebo kwa Sekolong sa Boalogi sa Unisa sa Boeteledipele jwa Kgwebo

 

YBB e lebile pele go solegelwa molemo ke talente eno, boineelo lo mokgele o Fulufhelo, James le Thoriso ba tlileng ka tsone mo maemong a bone a maša.

Rre Thoriso Maseng o ne a tlhomiwa go nna mmenejara wa Lefapha la Tsa Tiro ya Boitshediso.