>

>

BUISA GO FETA

dipharologano tse di kgatlhang tsa botshelo

Botshelo bo na le dipharologano tse di kgatlhang tse di dirang gore e nne jo bo itumedisang. Go bontsha gore e amogela "dipharologano tseno tsa botshelo",  bošeng jaana YBB e ne ya keteka dipharologano makgetlo a mararo.

 

La ntlha, ka di 1 Lwetse, maloko a badiri ba YBB a ne a apara diaparo tse di mebalabala ka Letsatsi la go Ikaparela Fela la setlhogo se se reng "Go Keteka dipharologano le batho ba ba nang le bogole" mme morago ga moo, ba ne ba keteka Letsatsi la Boswa la di 24 Lwetse, ba apere setso.

 

Sekai se go bonalang e le se segolo sa ka fa dipharologano tsa botshelo  di natetshang botshelo ka gone e ne e le Moletlo wa Setso wa ngwaga le ngwaga wa khamphase ya Vanderbijlpark wa ka di 12 Diphalane, o setlhogo sa one sa 2017 se neng se re "Setso sa me se se di gaisang tsotlhe".

Baagi bangwe ba ne ba abelwa ditso dingwe tse di kgethegileng mme batsayakarolo ba ne ba tshwanelwa ke go bontsha setso seo, ngwao le mokgwa wa botshelo. Ditlhopha tse di farologaneng tsa baithuti di ne tsa tsaya karolo mo lenaneong la letsatsi, le go diragatsa metshameko e e tlhagisiwang mo bobogelong le diterama, maboko, go tantsha, pontsho ya fešene ya setso le pontsho ya dijo tsa setso.

 

Lefapha la Botshelo jwa Baithuti  le ne la rulaganya moletlo, mmogo le photefolio ya Diatshe le Setso sa Komiti ya Baithuti ya Khamphase. Lethiwe Kubheka, morulaganyi wa tiragalo eno, a re boikaelelo jwa tiragalo eno ke go dira gore batho ba ratane mo khamphaseng le go abelana tshedimosetso ka ditso tse di farologaneng mo khamphaseng.