>

>

TSEPA GO

BUAtv:

Dipone, khamera, simolola!

E re ka YouTube e le nngwe ya dipolatefomo tsa mmedia wa botsalano tse di bonako go di gaisa tse di ntseng di gola mo Aforikaborwa, YBB e sweditse ka gore e sole molemo thata go dirisiwa ga dipolatefomo tseno ka go simolola BUAtv. Eish! e ne ya kopa Clement Manoko, mokaedi-mogolo wa dikamano tsa kgwebo le go maketa, go re bolelela go le gontsi ka tiriso eno ya tsone.

Clement ManokoP: Sa ntlhantlha, lefoko leno "bua" ke lefoko la sekae?

K: Ke Setswana.

 

P: Go buiwa ka eng mme go buiwa le mang?

K: Re botsolotsa maloko a a farologaneng thata a badiri le baithuti mo yunibesiting yotlhe e le maiteko a go keteka le go bontsha ga rona ditiro tsotlhe tsa tlhamosešwa le diphitlhelelo tsa setheo.  Ka polelwanakgogedi ya yone e e reng, "Be Involved, Be Informed, Be Innovative”, BUAtv e solofetsa go senola ka fa YBB e gaisang ditheo tse dingwe ka gone.

 

P: E diretswe bomang?

K: Baithuti  ba ga jaanong jaana le batsadi ba bone, baithuti ba ka moso, badiri le baithuti ba nako e e fetileng. Gape re tsepa mogopolo mo baameging ba rona ba yunibesiti, jaaka lekgotla la YBB le Boto ya Baetleetsi.

 

Gape e diretswe badirisi ba webosaete ya rona. Lenaneo lengwe le lengwe le le ntšha le bontshiwa ka nakwana mo tsebeng e go bulegang yone fa go bulwa webosaete ya YBB ka fa tlase ga setlhogo se se reng, “In the spotlight”. O ka kgona go bona mananeo a a fetileng fa o tobetsa “News and Media” (mo bareng e e kwa godimo ya go fenyenkolola mo tsebeng e go bulegang yone fa o bula webosaete) morago ga moo fa o tobetsa “Publications and Videos”.

 

P: Lo setse lo tlhagisitse mananeo a makae?

K: Re nnile le mananeo a mararo go tla go fitlha jaanong. Lenaneo la ntlha le bontshitswe ka di 25 tsa Phatwe, la bobedi le ne la gasiwa ka di 15 tsa Lwetse mme la boraro ka di 27 tsa Diphalane. Mananeo ano a bontsha dikatlego tsa bošeng thata jaana tsa setheo mo go tsa metshameko, dithuto, patlisiso, ditiro tsa setso le go nna le seabe mo baaging.

 

P: Batshwari ba mananeo a lona ke bomang?

K: Ke motlhatlheledi wa diforensiki tsa bobalamatlotlo e leng Constant van Graan le moithuti wa ngwaga wa bobedi wa dithuto tsa tlhaeletsano e leng Ntsoaki Mokete. Ke batshwari ba babedi ba konokono ba mananeo. Mo godimo ga moo, go na le babega dikgang ba le supa mo YBB yotlhe ba ba tlisetsang baamegi ba rona dikgang. Babegadikgang botlhe ke baithuti. Seno se dira gore BUAtv e nne leinakgwebo le le eteletsweng pele fela thata ke baithuti.

 

P: E tshwanetse e bo e le namane e tona ya tiro. Ke bomang ba ba direlang tiro ya teng mo sephiring?

P: Maryke Laas wa lefapha la Ditlhaeletsano tsa Kgwebo ke motsaabidio, mme Peter Pentz ke mmenejara wa tlhagisomananeo fa Bertie Jacobs ene e le mokwadi wa difilimi.

 

P: BUAtv e tsibogetswe jang go tla go fitlha jaanong?

K: Re amogetse pegelokarabo e  ntsi tota, mmogo le ditshitshinyo morago ga go gasa lenaneo la ntlha mme re tlile go akanyetsa ditshwaelo tseno fa re tlhagisa mananeo a mangwe mo isagweng