>

>

BUISA GO FETA

Go tsosa dikhuduego mo Aforikaborwa go fetogile lekaelagongwe la lefoko "fall".  Khonkerese ya ngwaga le ngwaga ya bo 24 ya Mokgatlho wa Boithutaloago mo Aforikaborwa (South African Sociological Association [SASA]) yone e ne ya dira dilo ka tsela e sele, e ne ya nna le setlhogo sa yone se se reng #WhatMustRise.

e sekaseka go tsoga le go wa ga dikhuduego

Khonkerese ya SASA

Khonkerese eno e ne e tshwerwe ka Phukwi 2017 kwa khamphaseng ya rona kwa Mahikeng, mme e ne ya ngoka bontsi jo bo seng kana ka sepe jwa batho ba naga ya rona le ba dinaga di sele.

 

Balweladiphetogo ba metseselegae ba tlhokomologilwe

 

Fa poresidente wa SASA e leng Ngaka Sonwabile Mnwana a ne a tlhalosa setlhogo se se reng #WhatMustRise, o ne a bua ka molweladiphetogo yo o lebetsweng wa metseselegae yo gantsi a sa akarediweng mo puisanong ya bosetšhaba ka bolweladiphetogo. Go ntse jalo mo Aforikaborwa, e e bidiwang "motsemošate wa dikhuduego mo lefatsheng lotlhe".

 

Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri, o ne a neela ya ntlha kwa khonkereseng. O ne a patilwe ke Mop Lumkile Lalendle, mokaedi-mogolo wa botshelo jwa baithuti, le Mop Marilyn Setlalentoa, modini-mogolo wa Legoro la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho la YBB.

 

Go gagamalela boipuso

 

Puo ya ntlha ya tse pedi tsa setlhogo kwa khonkereseng e ne ya neelwa ke moakatemi yo o

itsegeng yo gape e leng motsweretshi e leng Mop Pitika Ntuli. Setlhogo sa puo ya gagwe se ne se re “#ThingsMustFall – Go Gagamalela Boipuso”.

 

“E re ka #FeesMustFall e ka lejwa e le e e tshwanang le go lwa kgatlhanong le apareteiti le kgaratlho ya morago ga apareteiti, mokgatlho ono wa dikhuduego o tlisitse mefuta e mentšha e e gwetlhang ya makokokganetso," Mop Pitika o bolela jalo.

 

"Mefuta eno e simolola ka ya go lekeletsa dilo ka go tsaya karolo ga puso ya temokerasi go fitlha ka go direla batho ba mefuta yotlhe ditirelo, e leng se se tsosang potso ya gore a tota re sekasekile ka mo go tseneletseng mekgatlho e e lwelang diphetogo mo Aforikaborwa."

 

Moakatemi yo o bakwang ke botlhe, e leng Zulumathabo Zulu, e ne e le sebui sa bobedi sa puo ya setlhogo kwa khonferenseng ya dijo tsa maitseboa.

 

Puo ya gagwe e ne e na le setlhogo se se reng "Go gagamalela boipuso: Dilo tse di tshegetsang Lethathama, Kgopolo ka Kitso le Thekenoloji

Mop Pitika Ntuli e ne e le sebui sa moeng kwa Khonkereseng ya SASA.