>

>

TSEPA

GO

Ka kgwedi ya Motsheganong mono ngwaga, lefapha la Tlhaeletsano ka tsa Kgwebo le ne la dira patlisiso go bona gore tlhaeletsano mo teng ga setheo e atlega go le go kae mo YBB. Eish! e ne ya bua ka dipholo tsa yone le Louis Jacobs, mokaedi wa lefapha la tlhaeletsano ka tsa kgwebo.

Patlisiso ka Tlhaeletsano mo Teng ga setheo

P: Ke efe ya ditsela tsa tlhaeletsano tsa mo teng ga setheo e baaraba-dipotso ba ba 489 ba e kayang e le e e mosola go di feta?

K: Dipholo di ne tsa bontsha gore ba leba lekwalodikgang la "Go tswa kwa desekeng ya ga VC" e le kgatiso e e mosola thata-thata ya mo teng ga setheo mo YBB, mme 58% ya baaraba-dipotso bone ba e naya maduo a go nna mosola thata fa 33% ya bone ba e naya maduo a go nna mo magareng. Mo dikgatisong tsotlhe tsa YBB, e e latelang eno e ne ya bona dikarabo di le mmalwa thata tsa "Ga ke e buise" le " Ga e mosola".

 

P: Go ne ga tsamaya jang ka Eish!?

K:  Eish! e tsere maemo a bobedi morago ga "Go tswa kwa desekeng ya ga VC", 45% ya baaraba-dipotso ba e neile maduo a go nna mosola thata, mme 34% ba e neile maduo a go nna mo magareng. Ke 21% fela ya maloko a badiri ba ba lebang Eish! jaaka e e se nang mosola kgotsa ba kaile gore ga ba e buise.

 

Mo makgetlong otlhe, mo e ka nnang pedi-tharong ya baaraba-dipotso ba supile gore ba kgotsofalela makgetlo a ditlhaeletsano tse di farologaneng di ntshiwang ka one.

 

P: A baaraba-dipotso ba ile ba ntsha mabaka a go bo ba sa dirise dingwe tsa ditsela tsa tlhaeletsano tsa mo teng ga setheo?

K: Ee, lebaka le legolo la go bo ba sa buiwa dikgatiso tsa YBB ke gore ga ba na  nako ya go di buisa. Ba ne ba re lebaka la bobedi ke gore "inbox e tlala thata", go bo go latela lebaka la boraro la gore "se se kwadilweng ga se ba ame" .

 

P: Ba eletsa go amogela ditlhaeletsano ka mokgwa ofe wa tlhaeletsano?

K: Ba bantsi  thata ba eletsa go amogela tlhaeletsano e e akaretsang botlhe ya mo teng ga setheo ka imeile. Tsela ya bobedi e ba e eletsang ke interanete mme ya boraro ke SMS. Mme fa tlhaeletsano e bega bothata bongwe jo bo masisi, ba eletsa gore e dirwe pele ka SMS mme tlhopho ya bobedi e nne ka imeile.

 

Baaraba-dipotso ba le bantsi ba eletsa gore WhatsApp e dirisiwe jaaka mokgwa wa puisano – e leng sengwe se re tla dirang patlisiso ka sone.

 

P: Ba akanya gore mesola e e botlhokwa thata ya ditlhaeletsano tseno ke efe?

K: Sa botlhokwa thata, di tshwanetse go ba naya tshedimosetso e  e mosola. Sa bobedi e tlhalose dipholisi, mme sa boraro e ba neye tšhono ya puisano.

 

P: A ditsela tsa tlhaeletsano di ba naya ditšhono tsa puisano?

K: Ee, go na le digoke di le mmalwa tse di ba golaganyang le aterese ya imeile ya motseleganyi kgotsa ya gore ba ntshe ditshwaelo kgotsa ditshitshinyo. Ka maswabi, di dirisiwa ke ba le mmalwa fela ba ba di buisang. Re ka rata go amogela pegelokarabo gangwe le gape ya tokololo nngwe le nngwe ya dikgatiso tsa rona tse di farologaneng  mme e seng ka mekgwa e e sa dirisiweng ka metlha jaaka ono wa go dirisa patlisiso.

 

P: Baaraba-dipotso ba ratile ditlhogo dife thata mme ke dife tse ba ka ratang go di bona gantsi thata?

K: Ditlhogo tse di rategang thata tsa tlhaeletsano ya rona ya mo teng ga setheo e ne e le – go simolola ka tse di mosola thata go fitlha ka tse di seng mosola go le kalo – dikitsiso tsa ka kakaretso, katiso ya mo teng ga setheo le tlhabololo ya dikgono tsa tiro , ditiragalo tse di botlhokwa tse di jaaka dikhonferense le dikonsarata, dikgang tsa khamphase le melaetsa go tswa go motlatsa-mokanseliri.

 

Le fa di ne di setse di akareditswe, baaraba-dipotso ba ne ba supa gore ba batla tshedimosetso go ya pele ka katiso ya mo  teng ga setheo le tlhabololo ya dikgono tsa tiro, ditiragalo tse di botlhokwa, dipholisi, go tsenya tirisong ditogamaano/dithulaganyo tse di sa tswang go amogelwa, le dikitsiso tsa ka kakaretso.

 

P: Lo amogetse ditshitshinyo kgotsa ditshwaelo dife tse di kgatlhang thata?

K: Baaraba-dipotso bangwe ba ne ba akanya gore mekgwa ya ditlhaeletsano e mentsi thata le gore dingwe tsa tsone di ne di ka kopanngwa, mme ba bangwe bone ba ne ba kgotsofetse ka mekgwa ya ga jaanong jaana ya ditlhaeletsano.

 

Sengwe se ba neng ba tshwenyega ka sone e ne e le gore mekgwa mengwe ya ditlhaeletsano e "megolo" thata mme ka jalo e tlatsa di-inbox tsa bone. Go araba ka tsela eno go bontsha gore ga se botlhe ba ba tlhaloganyang gore ba amogela fela digoke tse di ba isang kwa tshedimosetsong e e mo teng ga di-inbox tsa bone –  tshedimosetso le dinepe di beilwe go sele.

 

Gape re tla akanyetsa go tlotla ka dikgang tse di oketsegileng ka baithuti le ka metshameko, go kwala diathikele tse di khutshwane, go dira gore tsela ya go fenyenkolola e nne e e motlhofo, le go tila tiriso ya tlhaeletsano e e modikologo le e e raraaneng.

 

Ke batla go lebogela badiri-ka-rona ditshwaelo tsa bone tse di botlhokwa le go bua puo pha fa ba araba pampiri ya dipotso tsa patlisiso. Lefapha la ditlhaeletsano ka tsa kgwebo, le ka itumelela thata go amogela pegelokarabo go tlhomamisa gore le nna le tlhaeletsano e e mosola thata ya mo teng ga setheo.