>

>

BUISA GO FETA

Le fa Christopher Motabogi a kile a dira kwa ditoropong tse pedi tse dikgolo go feta tse dingwe mo Aforikaborwa, Cape Town le Durban, o boikokobetso e bile o itumelela go dira kwa "dilo tsotlhe ka ene di simologileng gone".

Jaaka mmenejara wa tsa tlhaeletsano yo o sa tswang go tlhomiwa bošeng jaana, Christopher Motabogi o ikarabela ka ditlhaeletsano tsa mo teng ga setheo le tsa kwa ntle ga sone mo khamphaseng.
Read More

TOBETSA  SE  SETSHWANTSHO GO BUISA GO FETA

Christopher o ne a nna leloko la khamphase ya YBB kwa Mahikeng ka di 1 Phukwi 2017 a le mmenejara wa tsa tlhaeletsano. Maikarabelo a gagwe a akaretsa ditlhaeletsano tsa khamphase tsa mo teng le tsa ka kwa ntle ga setheo.

 

Go boela kwa dilong tsa motheo

 

"Ke lesego le le seng kana ka sepe go boela kwa setheong se dilo tsotlhe ka ene di simologileng  gone dingwaga di le somamabedi tse di fetileng. Ke tla leka go dirisa maikatlapelo otlhe a me go 'baya YBB mo boemong jwa go nna setheo se se leng seoposengwe sa maemo a a kwa godimo thata a dithuto tsa akatemi, se se ikemiseditseng go diragatsa tshiamiso mo loagong', tumalanong le mokgwa o polelo ya rona ya ditogamaano e laelang ka gone," o bolela jalo.

 

Ke moithuti wa nako e e fetileng wa YBB , mme o na le dikirii ya BA ya thuto ya tlhaeletsano e a e ithutetseng kwa Yunibesiting ya Bophuthatswana. Gape o na le dikirii ya onase ya bobegadikgang e a e ithutetseng kwa Yunibesiting ya Stellenbosch le dikirii ya masetase ya dithuto tsa bobegadikgang e a e ithutetseng kwa Nelson Mandela Metropolitan University.

 

Go dira ka mafoko

 

Go rata "ditlhaeletsano" thata ga gagwe go dirile gore a dirise se a se ithutetseng ka tsa kalafi mo radiong, mo thelebišeneng, mo dikgatisong le mo inthaneteng. Malebana le go tokafatsa dikgono tsa tiro, Christopher o rulaganyetsa go ikwadisetsa dikirii ya MBA kwa YBB mo ngwageng o o tlang.

 

Go tla go fitlha bošeng jaana, o ne a le morulaganyi wa dikgang tsa Radio ya East Coast, e leng seteišene se segolo go di gaisa tsotlhe sa radio ya kgwebo ya KwaZulu-Natal, e kwa go yone a neng a ikarabela ka dikgang tsa letsatsi le letsatsi tsa lefapha la dikgang le le neng le na le badiri ba le 13.

 

Go tsaya maeto go tla pele mo go ene

 

O nyetse Lerato ( (nnyaa Gaetsewe) mme o na le barwadi ba babedi, Kutlwano (13) le Terry (5). Lelapa la gagwe le rata thata go tsamaya maeto mme ka Moranang wa ngwaga ono, ba ne ba etela kwa East London kwa Kapa Botlhaba go ya go keteka ngwaga wa borobedi wa lenyalo la gagwe le mosadi wa gagwe. Ba rulaganya moletlo o o gaisang ono kgakala wa ngwaga wa bo 10 wa lenyalo la bone.

 

Limpopo le Mpumalanga ke tsone fela diporofense tse Christopher le mosadi wa gagwe ba iseng ba di etele, mme ba solofela go di etela mo bogautshwaneng. Go tsaya maeto go ralala Aforika, segolobogolo kwa Ghana le Mozambique, ke dilo tsa ntlha mo lenaaneng la lelapa leno la mafelo a a tlileng go etelwa.

 

Christopher o rata radio thata mme o batla thata gore go tlhomiwe diteišene tsa radio mo gare ga baagi ba Aforikaborwa. E re ka a ithutetse go nna mmegadikgang, gape ke sebadi sa maemo a a kwa godimo fa nako e mo letla go dira jalo.