>

>

BUISA GO FETA

 ya botlhatlheledi le kwa ntle ga yone

Banyalani ba ba nang le bokgoni mo phaposing

Kopana le Danie le Natanya Meyer, bangwe ba banyalani ba ba nang le bokgoni jwa go tlhama mo YBB . Fa ba sa tshwarega ka go dira patlisiso, ka go tlhatlhelela kgotsa go rotloetsa tiro ya go tsamaisa kgwebo kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark, ba fitlhelwa ba tshwaragane le tiro ya bone ya botaki e ba e ratang.

 

Badiri-ka-bone ba le bantsi ga ba itse gore Danie le Natanya ke bataki ba ba nang le bokgoni. Banyalani bano –  ba ba nang le dingwaga di le robongwe ba nyalane  –  ba ne ba bontsha tiro ya bone ya botaki lekgetlo la ntlha kwa bhive Enterprise Development Centre kwa tiragalong ya go koleka madi dingwaga di le mmalwa tse di fetileng . Fa e sa le ka nako eo, ditshwantsho tse di takilweng tsa bone di kgabisitse dipota di le mmalwa tsa diofisi mo khamphaseng.

 

Danie le Natanya ba rata go taka ka oli mme le fa ba rekisa ditshwantsho tsa bone, ba a dumalana gore tiro eno ya go tlhagisa bokgoni jwa go tlhama, ke tiro e e molemo ya go fokotsa kgatelesego mo tlhaloganyong.

 

Danie, yo fa a sena go taka setshwantsho a kwalang leina le sele mo go sone, o taka thata ditshwantsho tsa boalo jwa naga mme Natanya ene o rata tsa go ijesa dijo tsa ditoro. Mo godimo ga go taka ditshwantsho, Natanya o bontsha bokgoni jwa gagwe jwa go tlhama ka ditsela tse dingwe jaaka galase e e nang le dipatso, , e e tsentsweng majana  le tse di dirilweng ka meteme. Gape ke modiri yo o tumileng wa ditshingwana.

 

Danie ke moporofesa mmogo mo Sekolong sa Disaense tsa Ikonomi mo Legorong la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi. Ba le bantsi ba mo itse e le mankge wa tlhabololo ya ikonomi ya naga ya rona gape ke mookamedi wa AppLED, porojeke ya patlisiso ya go tsenya tirisong tlhabololo ya ikonomi ya

selegae mo kgaolong ya Khutlotharo ya Lekwa. Jaaka motlhami-mmogo wa Vaal LED Warriors, setlhopha se se gatelelang  ba bangwe go ba kopa gore go tsewe kgato kwa ntle ga go salwa morago ya go tlhabolola ikonomi mo lefelong la Khutlotharo ya Lekwa, Danie ke motho yo o tlhomologileng wa kgwebo ya selegae le ya mafapha a kgwebo.

 

Natanya, mankge wa tsa kgwebo (segolobogolo wa bagwebi ba basadi), ke motlhatlheledi le mmatlisisi mo Sekolong sa Disaense tsa Botsamaisi mo legorong le Danie a dirang mo go lone.

 

Kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark, gape o itsiwe e le mookamedi wa  Young Entrepreneur Business Organisation (YEBO),  baithuti ba ba kgaratlhelang go tlhoma kgwebo gore e nne tiro e go ka tlhophiwang mo go yone mo boemong jwa go thapiwa.

 

Ditshwantsho tsa tlholego go ya go tsa toro