Badiri ba tswelela pele go sa ipone tsapa

YBB e na le badiri ba ba ineetseng mo tirong ba gantsi ba dirang tiro e e fetang e e lebeletsweng mo go bone. Mo motseletseleng wa go sa ipone tsapa go thusa ba bangwe wa ka gale wa Eish!, re akgola badiri ka rona ba ba dirang tiro e e fetang e e lebeletsweng mo go bone.

Fa o batla go tlhopha modiri-ka-wena yo ka metlha a sa iponeng tsapa go thusa ba bangwe, tsweetswee romela imeile go  willie.duplessis@nwu.ac.za. Se lebale go supa maemo a gago a tiro le leina la lefapha la gago kgotsa sekolo, mmogo le tsa motho yo o mo tlhophang. Gape ntsha mabaka a gore ke eng fa o akanya gore motho yoo ga a ipone tsapa go thusa ba bangwe.

SUPA MO DITSHWANTSHONG GO BUISA GO FETA

 

 

Ngaka Sipho Kwatubana, motlhatlheledi-mogolo wa Sekolo sa Disaense tsa Thuto mo khamphaseng ya rona kwa Vanderbijlpark, a re Amanda Smith, mookamedi kwa ofising ya didikerii tse di kwa godimo, ka metlha o iketleeleditse go thusa, e bile o botsalano mme gape o a atamelesega.

 

“Gantsi fa batho ba bua ka badiri-ka-rona ba ba siameng, go tla ene mo mogopolong wa me. O dira dilo ka tsela ya seporofešenale mme gantsi o a nyenya fa a ntse a go thusa. Seno se ka nna sa lebega se se botlhokwa go le kalo mo go ba bangwe, mme boikutlo jo bo itumetseng jo bo jaaka jwa gagwe bo tshelegela mo go ba bangwe."

 

 

 

Ngaka PH Boer, motlhatlheledi-mogolo wa saense ya metshameko kwa khamphaseng ya rona kwa Mahikeng, o akgola Granny Mogotsi, mothusi wa gagwe ka namana, le John Nchoe, mmenejara wa legoro, ka ntlha ya tiro ya bone ya ka natla, go nna botsalano ga bone le go iketleeletsa go thusa.

 

A re Granny le John ba dira tiro e e molemo kwa Sekolong sa Disaense tsa Loago le Mekgwa ya Batho e bile ba tokafatsa le go tlhofofatsa botshelo jwa badiri-ka-bone

 

 

 

 

 

 

 

“Marietjie du Toit, mothusimogolo ka tsa tsamaiso kwa lefapheng la Tireloloago, ke seikokotlelo sa rona,” go bolela jalo Tasleem Hassim, motlhatlheledi kwa Legorong la Disaense tsa Pholo mo khamphaseng ya rona ya Potchefstroom.

 

"O boloka lefapha le le seoposengwe. Marietjie ke motho yo o dirang dilo ka thulaganyo e bile o thusa badiri ba baakatemi ka sengwe le sengwe.”

 

Tasleem a re Marietjie o rulaganya dibukakaelo tsa bone tsa go ithuta le dipampiri tsa ditlhatlhobo gore di siame ka nako e bile o ba gakolola ka matlha a a botlhokwa. “O tla tirong pele ga badiri ba bangwe botlhe mme o tsamaya fa botlhe ba sena go tsamaya. Fa re gateletswe ke tiro, o a re thusa mme ka dinako tse dingwe o tla ka kuku go tla go re lapolosa."

 

 

 

Mop Salome Kruger wa Senthara ya Tiro ya Maemo a a kwa Godimo ya Dijo tse di Nang le Dikotla mo khamphaseng ya rona ya Potchefstroom a re Ronel Benson, mothusimogolo ka tsa tsamaiso le Henriëtte Claasen, motlhankedi wa tsa ditšhelete, ke dikai tse di molemo tsa badiri ba ba sa iponeng tsapa go thusa ba bangwe.

 

"Basadi ba ba tlhomologileng bano ba babedi ba tshwara nako ka metlha mme mo malatsing a mantsi, ba dira go fitlha morago thata ga ura ya bo 17:00 go tlhomamisa gore tsotlhe di mo maemong a a tshwanetseng mo senthareng.  Ba botsalano ka metlha le fa go na le tiro e ntsi.

 

"Ka metlha ba leka go thusa le fa badiri ba siilwe ke nako ya go romela dikopo, dipego kgotsa diforomo tse dingwe. Badiri ba senthara ba batla go ba akgolela go bo ba le bagaka  ba rona," Salome o bolela jalo.

>

>