>

>

BUISA GO FETA

Se bue o ntse fela, ema ka dinao o tsamaye

Mmatlisisi kwa YBB o dumela gore go itshidila mmele ke tharabololo ya mathata a le mantsi a pholo le a boitumelo ao badiri ba ba tlwaelegileng fela ba nnang le one.

Ngaka Stefan Kruger wa Yuniti ya Patlisiso ya WorkWell a re leno ke lone lebaka la go bo a rotloetsa thata "dikopano tse di tshwarwang go tsamaiwa". O ne a bua le Eish! ka botlhokwa jwa gore badiri ba nne le mekgwa e e tla ba tlisetsang pholo e e siameng.

Stefan ke monna yo  o nang le maikemisetso, mme maikemisetso ao ke a go dira gore mongwe le mongwe a eme ka dinao mo setulong mme a simolole go tsamaya. O dumela ka botlalo gore  bontsi jwa maloko a badiri ba fetsa bontsi jwa nako mo tirong ba ntse mo ditesekeng tsa tsone. A re go ntse jalo segolobogolo ka badiri ba kemonokeng le ba tsamaiso ba ba tswang mo diofising tsa bone sewelo fela ka nako ya diura tsa tiro.

 

"Patlisiso e e tseneletseng e bontsha gore go sa itshidile mmele go na le diphelelo tse di seng monate mo pholong jaaka go opelwa ke mokwatla le ke molala, go tshwenyega thata mo tlhaloganyong , tlhobaelo le mathata a tsa boima jwa mmele, fa re umaka di se kae fela tsa tsone. Gape seno se ka felela ka go tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri jwa mofuta 2 le ke mathata a pelo fa nako e ntse e tsamaya."

 

Go tsamaya gore o itumele

 

Patlisiso ya ga Stefan, e e simolotseng ka 2007, e tsepa mogopolo go diphelelo tse nako ya boiketlo e nang le tsone go boleng ka kakaretso jwa botshelo le boitumelo tsa badiri mo tirong. "Re fitlhetse gore badiri ba ba itshidilang mmele ka metlha gantsi ba itumetse go feta ba bangwe e bile ba kgotsofetse go feta badiri ka bone ba ba sa tlhagafalang. Seno se ama boleng jwa botshelo jwa bone."

 

Dikopano tse di tshwarwang go tsamaiwa ke mokgwa o mo ntšha wa dinaga di sele. "Seno se raya gore badiri botlhe ba tshwarela kopano kwa ntle ga diofisi tsa bone le dikago ba ntse ba tsamaya. Mo boemong jwa go nna sebaka sa ura kgotsa tse pedi mo teng ga phaposi ya go tshwarela dikopano, ba ka kgona go iphokisa phefo le go boga bontle jwa tlhago le go hema mowa o o foreše ba ntse ba bua ka tsa tiro. Ba ka nna ba tla ba ntse ba ema go le gonnye mo tseleng fa go tlhokega."

 

Stefan a re fa seno se dirwa ka boikutlo jo bo siameng le ka boikemisetso, go ka fenngwa dikgwetlho motlhofo fela tse di jaaka go sa kgone go laola batho fa ba le setlhopha se segolo kgotsa tsa go tlhoka dikago tse di ka dirisiwang ka go batla ditharabololo tse di tla berekelang setlhopha se se rileng.

Tharabololo eno e ka nna ya nna ya go kgaoganya batho ka ditlhotshwana tsa metlotlo kgotsa go batla mafelo a mangwe a a tshwanelang a go tshwarela dikopano.

 

Dikopano tse di tshwarwang go tsamaiwa di na le diphelelo tse di siameng mo tlhaloganyong. "Di dira gore boboko bo dire sentle le go nna le pholo e e siameng ka kakaretso mo mmeleng. Ka sekai, patlisiso e e gatisitsweng e supa gore lesedi la letsatsi le tlamela ka bitamini D, e e thusang motho go tshela lobaka lo lo leele, go nna le marapo a a itekanetseng le go nna le boitumelo ka kakaretso.

 

"Ka jalo, go tsamaya-tsamaya ga go tokafatse fela go nna le matswela mo tirong mme gape go tokafatsa le tshilo ya dijo, mme seno se dira gore motho a se ka a lofela tiro ka ntlha ya malwetse."

 

A ga o ise o simolole go tsamaya?

 

Stefan o naya maloko a badiri kgakololo ba ba batlang go tokafatsa pholo ya bone le fa ba ise ba simolole go tsaya karolo mo dikopanong tse di tshwarwang go tsamaiwa.

 

"Maiteko ape fela a go dira jalo a oketsa boitumelo jwa gago. Ka sekai, go botoka go nna le porintara e e tlhakanelwang ke botlhe mo ofising e nngwe. Seno se tla rotloetsa badiri go ema ka dinao.

 

"Nwelang tee kgotsa kofi kwa ntle mme lo tseye dinako tse di lekaneng tsa go ikhutsa go tokafatsa go nna le matswela ga lona mo tirong le go nna le bokgoni jwa go tlhama."

 

Stefan o kopa badiri gore ba simolole go tshwara dikopano tse di tshwarwang go tsamaiwa kwa ntle ga diphaposi tsa go tshwarela dikopano.  "Go tla kgatlha tota go bona gore ke lefapha kgotsa ke legoro lefe le le tlileng go simolola seno pele ga a mangwe le gore ba tlile go ikutlwa jang ka gone," o bua jalo a lebile pele go seno.

 

Go bona tshedimosetso go ya pele ka dikopano tse di tshwarwang go tsamaiwa, leletsa Stefan mo nomoreng ya X85 2312.

 

Ngaka Stefan Kruger wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi mo khamphaseng ya YBB kwa Potchefstroom o berekile le babatlisisi ba ba itsegeng le bakwadi ba ba jaaka Muzaffer Uyusal le Joseph Sirgy. Ba itsege ka dipatlisiso tsa boleng jwa botshelo le go kwala dikgatiso.