>

>

BUISA GO FETA

Mop Alfred Henrico, motlhatlheledi mo Legorong la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi mo khamphaseng ya YBB mo Potchefstroom, o gapile Awate e e Tlhomologileng ya Go Ruta ga Maemo a a kwa Godimo (DTEA)

Motlhatlheledimogolo o senola

a maano a botlhatlheledi

maele a le 8

Mofenyi yo o kwa godimo wa awate mo ngwageng ono, e leng Diawate tsa Go Ruta ga Maemo a a kwa Godimo tsa YBB (NWU’s Institutional Teaching Excellence Awards [ITEA]), Mop Alfred Henrico o itse tsela ya go dira gore baithuti ba se ka ba latlhegelwa ke kgatlhego fa a ntse a ruta. Eish! e ne ya mmotsa ka dilo tse di botlhokwa go di gaisa tsotlhe tse motlhatlheledi a sa tshwanelang go di lebala fa a dira tiro ya gagwe.

Alfred a re fa a ne a tlhomiwa kwa Sekolong sa Botsamaisi jwa Kgwebo dingwaga di le thataro tse di fetileng, o ne a lemoga ka bonako gore go itse go ruta ga go dire gore motho a nne motlhatlheledi yo o nang le matswela.

 

"Ka sekai, ke ne ke itse gore tiro e e dirwang ke setlhopha e botlhokwa go thusa baithuti go nna le dikgono tse di farologaneng, mme ke ne ke sa itse go e dira ka tsela e e nang le matswela mo ditlhopheng tse dikgolo tsa baithuti ba le 200 kgotsa go feta."

 

Ke ka ntlha ya moo Alfred a neng a simolola go buisa ka mekgwa le maano a a farologaneng a go ruta. Gape o ne a tsenela dikokoano tsa go tlhabana botlhale tsa go ruta le go ithuta le ditlhatlhelelo tsa fa baithuti ba kopane le motlhatlheledi tsa badiri-ka-ene ba ba farologaneng kwa magorong a a farologaneng.

 

Go ya ka kitso e a neng a nna le yone morago ga moo, o ne a simolola go tokafatsa tsela ya gagwe ya go ruta, jaaka e sobokantswe fa tlase.

  • 1. Dira gore baithuti ba simolole tiro ya bone ya

        akatemi

    Dira gore baithuti ba simolole tiro ya bone ya akatemi fa semesetara se simolola, le e leng pele ba amogela dibukathuto tsa bone kgotsa dibukakaelo tsa go ithuta. Naya baithuti dikabelotiro ka metlha tse ba ka dirang patlisiso ka tsone mo inthaneteng kgotsa mo laeboraring. Morago ga moo ba tshwanetse go romela dikabelotiro tsa bone gore di ye go lekolwa ka nako e e latelang ya fa baithuti ba kopane le motlhatlheledi. Seno sotlhe se tshwanetse go dirwa mo bekeng ya ntlha ya dithuto. Mokgwa ono o rotloetsa baithuti go nna teng ka dinako tsa fa baithuti ba kopane le motlhatlheledi mme ba a kgona go lemoga gore ba tshwanetse go tsaya karolo le go dira ka natla mo mmojulung.

  • 2. Tlhama dithuto tsa bokgoni jwa go tlhama mme o

        dirise le thekenoloji

    Tlhama dithuto tsa bokgoni jwa go tlhama mme o dirise le thekenoloji. Ka go dirisa dibidio tse di bontshang maemo a go dirwang patlisiso ka one le ditlhaloso tsa eleketeroniki tsa serutwa mo tlelaseng, baithuti ba nna le dikgono tsa pono le tsa go utlwa tse ba di tlhokang gore ba kgone go dira tiro ya seporofešenale fa ba le mo mmerekong.

  • 3. Bontsha gore o anaanela maiteko a a dirwang ke

        baithuti,

    Bontsha gore o anaanela maiteko a a dirwang ke baithuti, ka gonne seno se tla ba rotloetsa le go ba tlhotlheletsa gore ba tseye karolo le go feta mo mmojulung.

  • 4. Tšhono ya go nna le bokgoni jwa go tlhama

    Naya baithuti tšhono ya go nna le bokgoni jwa go tlhama, ka gonne baithuti ba na le bokgoni jwa go tlhama ka tlhago fela. Rotloetsa bokgoni jwa bone jwa go tlhama ka go ba naya dikabelotiro tse dintsi thata  mme o ba neye kgololesego ya go bontsha bokgoni jwa go tlhama jo bo tsamaisanang le go raraana ga kgang e go ithutwang yone.

  • 5. Go nna le tlhagafalo ka mmojulu le ka go ruta

    Leka go nna le tlhagafalo ka mmojulu le ka go ruta. Alfred o a lemoga gore fa o tlhagafetse, o tla dira gore baithuti le bone ba bontshe tlhagafalo mo mmojulung.

  • 6. Dira gore go ithuta mmojulu go nne monate

    Dira gore go ithuta mmojulu go nne monate, nna botsalano mme gantsi o nyalanye kgopolo le go diragadiwa ga yone ka tlhamalalo. Mo thutong ya botsamaisi jwa kgwebo, go tsamaisa kgwebo ga go bolo go nna gone pele dibukathuto di nna gone, mme e re ka dibukathuto e le dithulaganyo tse di farologaneng tsa kgwebo tse e leng kgopolo fela, kgopolo yotlhe e ka kgona go nyalanngwa le ka fa tiro ya yone e dirwang ka gone, ka jalo, kaela baithuti go bona ka fa dilo tseno di golaganang ka gone.

  • 7. Dira gore go ruta ga gago go thuse baithuti ka

        dikgono tsa go akanya

    Dira gore go ruta ga gago go thuse baithuti ka dikgono tsa go akanya, ka gonne dikgono tseno di tla ba thusa go dira ka tsela e e nang le matswela mo tirong.  Dikgono tsa go akanya di akaretsa go rarabolola mathata le tsela ya go akanya ya go tshwaya diphoso le ya go bontsha bokgoni jwa go tlhama.

  • 8. Tikologo ya go ithuta e mo go yone baithuti ba sa

        lemogeng gore ba ithuta go le gontsi go feta ka

        tlwaelo.

    Sa bofelo, tlhoma mogopolo mo go tlhameng tikologo ya go ithuta e mo go yone baithuti ba sa lemogeng gore ba ithuta go le gontsi go feta ka tlwaelo.