>

>

BUISA GO FETA

Porojeke ya go aba dikgetsi e itumedisa

bana

Leloko la badiri kwa Lefapheng la Dipuo la Yunibesiti ya Bokone-Bophirima le dule letsholo mo gare ga baagi ba Ikageng gaufi le Potchefstroom la go abela bana dikgetsi tse di sa dirisiweng tsa go tsenya dibuka tsa sekolo.

Johan Zerwick, modira ka puo ya Setswana, a re boitumelo jo bana ba nnang le jone fa ba newa beke ya dibuka ya sekolo ga bo kgone go tlhalosiwa. "Gantsi bana bano ba tsamaya ba tsentse dilo tse ba di tlhokang tsa sekolo mo kgetsaneng tsa polasetiki. Beke ya boleng jo bo siameng, e ntšha kgotsa e e dirisitsweng, e tlisa pharologano e kgolo mo matshelong a bone."

 

Gotlhe go simologile kwa kerekeng

 

"Ke lemogile gore baakatemi ba bantsi mmogo badiri ba kemonokeng ba YBB gantsi ba nna gone kwa dikhonferenseng le kwa dikokoanong tsa go tlhabana botlhale e bile go lebega e kete ga ba ke ba dirisa dikgetsi le dilo tsa go kwala le go kwalela tse ba di newang mo ditiragalong tseno."

 

"Ke lemogile gore baakatemi ba bantsi mmogo badiri ba kemonokeng ba YBB gantsi ba nna gone kwa dikhonferenseng le kwa dikokoanong tsa go tlhabana botlhale e bile go lebega e kete ga ba ke ba dirisa dikgetsi le dilo tsa go kwala le go kwalela tse ba di newang mo ditiragalong tseno."

 

Ka jalo, ka thuso ya lefapha la Puisano la tsa Kgwebo la YBB, o ne a romela kopo e e yang kwa badiring, a ba kopa go aba dikgetsi, dibukana tsa go kwalela dintlha le dipene. "Go ne ga arabela ba le bantsi thata ba bone mme re amogetse dikgetsi di le 250 go tla go fitlha jaanong."

 

Porojeke e e tswelelang pele

 

Gantsi dikgetsi tseno di newa bana ba sekolo sa poraemari. "Dikgetsi

 tsa khonferense di siametse bana bano thata ba ba se nang dibukathuto tse dintsi go tsamaya ka tsone. Re leka go abela baithuti ba dikolo tse dikgolo ba ba nang le dibuka tse dintsinyana dikgetsi tse dikgolwane tsa sekolo le dikgetsana."

 

O kopa maloko a badiri go aba dikgetsi ka metlha ngwaga otlhe. Johan o ikaeletse go aba bontsi jwa dikgetsi tseno ka Ferikgong le ka Tlhakole mo ngwageng o o tlang fa ngwaga o moša  wa sekolo o simolola. "Re rotloetsa badiri go tswa kwa khamphaseng nngwe le nngwe gore ba tswelele ba aba dikgetsi le dilo tsa go kwala le go kwalela. Ka thuso ya gago, di ka abiwa kwa lefelong lengwe le lengwe la baagi morago ga moo le le gaufi le dikhamphase tsa YBB," o bolela jalo.

 

“Dikgetsi tseo di ka tswa di le mo tseleng ya gago kgotsa di koelana mo ofising ya gago mme mo barutwaneng ba sekolo ba ba tlhokang, ke matlotlo a botlhokwa."

 

Badiri ba ba batlang go aba tsa bone ba ka di  tlisa kwa diofising tse di latelang:

 

Ofisi ya Setheo – Johan Zerwick, kago ya C1, ofisi 236

Mahikeng - Mafumani Tlhapi, Robinson Room

Potchefstroom  – Vincent Eastes kgotsa Martie van der Merwe, phaposi 102, boalo jwa ntlha, kago ya Joon van Rooy (F1)

Vanderbijlpark  – Annette Willemse, kago 23, G14