>

>

BUISA GO FETA

Bana ba tshwanetse go tshamekela kwa ntle, ka gonne seno se tokafatsa kgono ya bone ya go tsamaisa dikarolo tsa mmele le go tsamaya-tsamaya mo tikologong e bile mengwe ya mosola e ba nnang le yone ke go bona bitamini D,  Le fa go ntse jalo, dithulaganyo tsa mafelo a matala a a bulegileng a bana ba ka tshamekelang mo go one di a tlhaela, segolobogolo kwa mafelong a selegae a Aforikaborwa.

Mo malatsing ano kitso e a gola ya ka fa mafelo a a bulegileng a bana, a a tlhamilweng sentle a leng botlhokwa e bile a leng mosola le go sireletsega ka gone, go ya ka Mop  Juaneé Cilliers wa setlhopha sa patlisiso ka thulaganyo ya mafelo a a bulegileng, tlhabololo ya one le go a tsenya tirisong mo Legorong la Disaense tsa Tlhago le Temothuo.

 

"Bommasepala, segolobogolo ba ba leng kwa metseselegaeng, gantsi ga ba dire sepe ka mafelo ano mo baaging, gantsi e le ka ntlha ya mathata a tekanyetsokabo ya madi, mme gape ka ntlha ya go bo ba sena tshedimosetso e ntsi ya ka fa mafelo ano a a bulegileng a leng botlhokwa ka gone."

 

A re patlisiso e bontshitse gore tsela e ngwana a amanang le lefatshe le le mo dikologileng ka gone e tlhotlhelediwa ka tlhamalalo ke tikologo ya tlhago e ba leng mo go yone. “Lebaka fela la go bo 29,2% ya baagi ba Aforikaborwa e le ya ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 15 e dira gore go nne botlhokwa le go feta gore re rulaganyetse go tlhama mafelo a a lekaneng a matala a bana ba ka tshamekelang mo go one.”

 

Go dirisana mmogo le Finland

 

Juaneé a re patlisiso ya go dirisana mmogo le badiri-ka-rona kwa Yunibesiting ya Aalto kwa Finland e tsweletse pele. Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Patlisiso (National Research Foundation [NRF]) o ne wa amogela tshitshinyo ka 2015 ya gore go dirwe patlisiso ka go rulaganya mafelo a a bulegileng a bana ba ka tshamekelang

mo go one, mme o sa ntse o thusa porojeke eno ka madi.

 

Nngwe ya diporojeke tse a nang le tsone ya go nna le seabe mo baaging  ke go rulaganyetsa gore bana ba nne le mafelo a a bulegileng a ba ka tshamekelang mo go one le go dira gore badira-ditshwetso ba lemoge ka fa a leng botlhokwa ka gone.  Ba ba dirang le ene mo porojekeng eno ke baithuti ba babedi ba masetase, moithuti a le mongwe wa PhD le moakatemimogolo wa morago ga gerata ya bongaka.

 

"Ka go dirisana mmogo le Mop Anita Pienaar wa Lefapha la go Tsiboga ga Methapo ya Mmele (Kinderkinetids), re dirile patlisiso ka kgono ya go tsamaisa dikarolo tsa mmele e bana ba dingwaga tse di farologaneng ba tshwanetseng go nna le yone, e bile re leka go tsenyeletsa  seno fa re rulaganyetsa le go tlhabolola mafelo a a bulegileng."

 

Bana ba kwa Vaalharts le ba kwa Ikageng ba solegelwa molemo

 

Babatlisisi ba dirisa kgopolo eno ya go nna le mafelo a a bulegileng kwa lefelong la Vaalharts, ka go dirisa tshedimosetso e e kokoantsweng ke  Africa Unit for Transdisciplinary Health Research (AUTHeR), yuniti ya patlisiso mo khamphaseng ya Potchefstroom. Sekolo sa tlhokomelo ya bana sa king's Kids kwa Ikageng le sone se ne sa akarediwa jaaka sengwe se go dirwang patlisiso ka sone mme Equilibria School of Life kwa Potchefstroom se ne sa simolodisa go tlhamiwa boša ga lefelo leno.

"Kgwetlho e kgolo go di gaisa tsotlhe ke go bona tetlelelo-semmuso ya boitshwaro jo patlisiso eno e tshwanetseng go dirwa ka jone, ka gonne bana ba kaiwa e le setlhopha se se sa sireletsegang e bile go rekotiwa ga tshedimosetso go tshwanetse ga dirwa ka tsela e e masisi thata,"  Juaneé o bolela jalo.

 

Tshireletsego le yone ke kgwetlho e kgolo. "Tlhaloso ya tshireletsego mo nageng ya rona le ya kwa Yuropa ga e tshwane, ka sekai, e farologana fela thata.  Tshireletsego Kwa Finland  e

golaganngwa le go tsamaya ga bana ka kgololesego  mo lefelong la go tshameka, mme rona re akanyetsa thata ditsela tsa go tlhama mafelo ano ka tsela e e tla thibelang bokebekwa."

 

"Re solofela gore patlisiso e tla thusa go kaela bommasepala go rulaganya le go tlhabolola mafelo a a bulegileng a bana ba ka tshamekelang mo go one mo Aforikaborwa."

 

 

Lefelo le le bulegileng leno la botlhe kwa Ikageng le ne la fetolwa gore e nne lefelo le bana ba tshamekelang mo go lone. Dinepe di bontsha ka fa le kileng la bo le lebega ka gone, ka nako ya porojeke le morago ga yone.