Badiri ba YBB ba tshegetsa letsholo la kgatelelo ya madi

Maloko a badiri ba YBB a ne a tsenela letsholo la lefatshe lotlhe la go lemosa batho ka kgatelelo ya madi ka kgwedi ya Motsheganong, gore a tseye karolo mo motseletseleng wa go tlhatlhoba batho kwa dikhamphaseng tsa yunibesiti le mo baaging ba ba gaufi le tsone. Leno e ne e le letsholo le legolo go a gaisa otlhe a a kileng a dirwa.

>

>

BUISA GO FETA

Kgwedi ya Motsheganong e ne e le Kgwedi ya Boditšhabatšhaba ya Kgatelelo ya Madi mme di 17 Motsheganong e ne e le Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Kgatelelo ya Madi.

 

Kgwedi ya Boditšhabatšhaba ya Kgatelelo ya Madi ke letsholo la lefatshe lotlhe la go tlhatlhoba batho le le tlhomololang tlhokego ya go godisa letsholotemoso la kgatelelo ya madi. Boikaelelo jwa teng ke go lekanya kgatelelo ya madi ya batho ba le dimilione di le 25 mo lefatsheng lotlhe go bona gore tota bothata jono bo bogolo go le go kae. Mo Aforikaborwa go nnile le matsholo a a farologaneng a go lemosa batho ka kgatelelo ya madi go rotloetsa botlhe ba ba nang le dingwaga tse di fetang 18 go tlhola kgatelelo ya bone ya madi.

 

Mafelo a kwa Potchefstroom a e tlhatlhobiwang kwa go one ke Senthara ya Ingryp, Senthara ya Pholo, Senthara ya Wellness le Tliliniki ya Kgatelelo ya Madi ya Setlhopha sa Patlisiso sa Kgatelelo ya Madi mo Aforika (Hypertension in Africa Research Team [HART]).

 

Kwa Mahikeng,  go tlhatlhobelwa ga batho kgatelelo ya madi go ne ga direlwa kwa Great Hall ya khamphase ka di 31 Motsheganong. Kwa Vanderbijlpark, tlhatlhobo ya teng e ne ya dirwa ka di 24 Motsheganong kwa lapa mo khamphaseng.

Go na le bomang mo YBB

 

Moporofesa wa YBB e leng Ruan Kruger le Mop Angela Woodiwiss wa Yunibesiti ya Witwatersrand (Wits) ba eteletse letsholo la Aforikaborwa pele. Ruan ke modulasetulo wa ga jaanong jaana wa Komiti  e Ntšha ya Patlisiso ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Kgatelelo ya Madi, mme ke leloko la boto ya bakaedi ba Mokgatlho wa Aforika Borwa wa Kgatelelo ya Madi (Southern African Hypertension Society [SAHS]). O dira mo teng ga setheo sa patlisiso sa HART, e bile o golagane le Yuniti ya Patlisiso e e Direlwang Kwa ntle ga Setheo sa Kgatelelo ya Madi le ya Bolwetse jwa Pelo ya Lekgotla la Aforikaborwa la Patlisiso ya tsa Kalafi.

 

Ruan a re kgatelelo ya madi ke selo se se bakang loso se go begwang thata ka sone Aforikaborwa. "Gape ke bothata jo bogolo mo lefatsheng lotlhe. Ngwaga le ngwaga, batho ba le dimilione di le 10 ba a swa mo lefatsheng lotlhe ba bolawa ke kgatelelo ya madi ka ntlha ya seterouku, go ema pelo kgotsa sengwe se se bakwang ke bothata jono. Mo e batlang e nna halofo ya batho bao ba ne ba sa itse gore ba na le kgatelelo ya madi. Seno se ka bo se ile sa thibelwa ka go tlhatlhoba kgatelelo ya bone ya madi e ka metlha gore go dirwe tlhopho nngwe e e siameng ya go lelefatsa botshelo jwa bone."