>

>

BUISA GO FETA

MEC wa Pholo, wa Porofense ya Bokone Bophirima, e leng Ngaka Magome Masike, (ka fa molemeng) o ne a le teng ka nako ya go kgakolwa ga kago ya booki. Fano o na le Mop Dan Kgwadi, Motlatsa-Mokanseliri wa YBB, le Mop Mashudu Maselesele, moreketoro wa khamphase ya YBB kwa Mahikeng.

  ya maemo a a kwa godimo ya booki

YBB

YBB e kgakola kago

Bošeng jaana go ne ga kgakolwa kago ya booki e e jeleng R37 milione kwa khamphaseng ya YBB kwa Mahikeng

Didirisiwa tsa segompieno mo teng ga kago ya booki e thusa baithuti go ithuta ka go dira ditekeletso.

Kago eno e na le mafelo a le 10 a go ithuta go dirisa porokeramo e e rileng ya khomphiutha le diholo tsa botlhatlhelelo tse di nang le didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo, phaposi ya senthara ya morago ga kalogo, senthara ya metswedi ya tshedimosetso, diphaposi tsa ditekeletso, dilaboratori tse pedi, ya go ithuta ka dikarolo tsa mmele le ya ka fa mmele wa motho o dirang ka gone  (problem-based learning [PBL]).

 

"Le fa kago eno e ne ya wediwa ka 2015, re ne ra akanya gore go ka nna botlhokwa go tshwara moletlo wa go keteka kago eno, badiri le baithuti, le dilo tse di fitlheletsweng ke Disaense tsa Booki mo dingwageng di ka nna 30 tse di fetileng," go bolela jalo Mop Helen Drummond, modini wa nama o sa tshwere wa Legoro la Temothuo, Saense le Thekenoloji.

 

Tsholofelo ka isagwe

Fa Mop Kgwadi a ne a bua kwa moletlong wa semmuso wa go bulwa ga kago eno, o ne a dirisa tšhono ya go tlhalosa gore yunibesiti e na le isagwe e e itumedisang.

 

"Seno ke molaetsa wa go lebogela se se fitlheletsweng mo nakong e e fetileng, le molaetsa wa tsholofelo ya se re batlang go se fitlhelela. YBB ke lefelo la batho ba ba nang le tsholofelo le ba ba kgonang go rarabolola mathata, lefelo la batho ba ba nang le diphitlhelelo, ba e leng baeteledipele. Se tshabeng go lebana le dikgwetlho tse di sa 'lalang kwa pele' fela, mme e le se di setseng e le karolo ya botshelo jwa rona,"

 

Gape ba ba neng ba le teng mo moletlong ono e ne e le MEC wa Pholo, wa Porofense ya Bokone Bophirima e leng Ngaka Magome Masike. Mo puong ya gagwe, o ne a akgola setlhopha sa botsamaisi le baamegi ka ntlha ya "phitlhelelo e e sa tshwaneng le epe e e tla thusang fela thata" go fokotsa tlhaelo ya baporofešene ba pholo mo nageng ya rona.

Go alosa baoki ba ba rutegileng

 

Boikaelelo-bogolo jwa Saense ya Booki ke go alosa baoki ba ba rutegileng ba ba tla thusang ka bokgoni jwa bone mo go tsa tlhokomelo ya kalafi mo tikologong e ba nnang mo go yone. Re sa ntse re akantse ka seno, e ruta dikerii ya Batšhelara ya Booki mmogo le onase, masetase le digerata tsa bongaka tsa saense ya booki.

 

Go ya ka Ngaka Hunadi Rakhudu, tlhogo ya Saense ya Booki, boikaelelo jwa lefapha ke go gola go nna sekolo mme morago ga moo go nna legoro le le feletseng. Boikaelelo jono bo tsweletse sentle. Mo godimo ga kago e ntšha, Saense ya Booki e saenile dimemorantamo tsa tumalano (MOU - memoranda of understanding) tse di farologaneng le ditheo tse dingwe, go

akaretsa le diyunibesiti tsa McMaster le Johns Hopkins kwa United States.

 

Di MOU tseno di kgontshitse badiri ba YBB le ba Kholetšhe ya Booki ya Porofense ya Bokone Bophirima go ya kwa katisong e e mosola ya ngwaga le ngwaga kwa moseja. Batlhatlheledi ba le barataro ba baoki ba ne ba ya go ithutela PhD kwa Yunibesiting ya Johns Hopkins mme ba setse ba alogile.

 

Sekolo sa saense ya booki se na le baakatemi ba le 19 le maloko a mabedi a badiri ba kemonokeng. Go na le baporofesa ba le bane, dingaka di le thataro le batlhatlheledi ba le supa ba dikerii ya masetase. Sekolo se na le baithuti ba ba kwadisitsweng ba le 350 ba ba leng mo maemong a a farologaneng a thuto ka 2017

“Naga ya rona e tlhoka thata baoki go lwantsha malwetsi le go tokafatsa tlhokomelo ya go thibelela malwetsi go na le gore re nne le mokgwa wa go fodisa malwetsi”.  Ng Magome Masike, MEC wa Pholo wa Porofense ya Bokone-Bophirima