YBB e ema nokeng tiriso ya dipuo tse di farologaneng ka
porokeramo ya mahala e e thusang go peleta mafoko
Dimpho tsa mahala di bonwa sewelo, e bile di anaanelwa thata fa di le mosola. Senthara ya YBB ya Thekenoloji ya Mokwalo (NWU’s Centre for Text Technology [CTexT®]) e ne ya dira kitsiso bošeng jaana gore mo isagweng, pakete ya porokeramo e e thusang go peleta mafoko ya dipuo tsa yone tsa Seaforika e tla abelwa badiri le baithuti mahala gore ba e dirise mo YBB yotlhe. A re buisaneng!
Badiri le baithuti ba YBB ga ba bolo go itse ka porokeramo e e thusang go peleta mafoko ya boleng jo bo kwa godimo ya CTexT® ya Seaforikanse, Afrikaanse SkryfGoed. Jaanong ba kgona go dirisa le pakete ya porokeramo e e thusang go peleta mafoko ya dipuo tsa Seaforika go tlhomamisa gore thutapuo ya bone le mopeleto di nna tse di siameng morago ga go dira ka natla. Pakete eno e akaretsa diporokeramo tse di thusang go peleta mafoko le go tsenya mafoko dithaladi mo dipuong di le robongwe tsa Seaforika.
"Tseno ke dikgang tse di monate tota, segolobogolo ka ntlha ya tiro e Lefapha la Thutogodimo le Katiso le e neileng diyunibesiti, e leng go rotloetsa tiriso ya dipuo tsa Seaforika gore e nne dipuo tsa akatemi," go bolela jalo Johan Blaauw, mokaedi wa Lefapha la Dipuo la YBB
"Ka pholisi ya YBB ya tiriso ya dipuo tse di farologaneng, re lebeletse gore Setswana se dirisiwe thata mo dikhamphaseng tsa Mahikeng le Potchefstroom, mme Sesotho sone kwa khamphaseng ya Vanderbijlpark," o bolela jalo. "Diporokeramo tse di thusang go peleta mafoko di tla solegela batho ba bantsi molemo."
A re mosola o mogolo wa porokeramo ya mahala e e thusang go peleta mafoko ke gore gape e tla thusa go dira gore mafoko a peletwe ka go tshwana mo dikhamphaseng tsotlhe, mme seno se tla rotloetsa gore puo e dirisiwe ka tsela e e siameng.
Johan Zerwick, modira ka puo ya Setswana kwa Lefapheng la Dipuo, ke ene a ileng a simolola dilo fa a ne a botsa gore ke eng fa e le Seaforikanse fela se nang le porokeramo ya mahala e e thusang go peleta mafoko e e newang badiri le baithuti.
“Ke ne ke neilwe khomphiutha e ntšha kwa tirong mme ke ne ke batla go e tsenya porokeramo ya Setswana e e thusang go peleta mafoko e ke neng ke e rekile nako nngwe e e fetileng le mo khomphiutheng ele. Laesense ya yone e ne e dira mo khomphiutheng e le nngwe fela. Seno se ne se raya gore ke ne ke tla tshwanelwa ke go e reka gape, mme ke ne ke akanya gore tota go ne go sa siama jalo, ka gonne ke dirisa porokeramo e e thusang go peleta mafoko thata mo tirong, ka jalo badiri le baithuti ba ba buang dipuo tsa Seaforikanse ba ne ba sa solegelwe molemo jaaka badirisi ba ya Seaforikanse."
O ne a romela potso ya gagwe kwa badiring ba CTexT®, ba ba neng ba tlhamile porokeramo e e thusang go peleta mafoko ya dipuo tsa Seaforika ka go dirisana mmogo le Microsoft. Ba ne ba simolola ka bonako go dira dipatlisiso ka kgonego ya go naya badiri le baithuti ba YBB pakete eno mahala.
Ngaka Martin Puttkamer, tlhogo ya CTexT®, a re badiri le baithuti jaanong ba ka kgona go laisolola le go laisa pakete eno le go e dirisa mo YBB yotlhe.
A re mokgele wa lobaka lo lo leele ke go dira gore go nne le diporokeramo tse di thusang go peleta mafoko tsa dipuo tsa Seaforika mahala le kwa dikolong. Le fa go ntse jalo, seno se tla kgonega fa fela re sena go amogela thuso ya madi a ditshenyegelo tse re tlileng go nna le tsone le tshegetso e re tla e tlhokang.
Pakete eno e ka bonwa ka go leletsa mogala wa go bona thuso go tswa kwa IT mme mo isagweng, e tla nna karolo ya porokeramo ya YBB e e laisiwang mo dikhomphiutheng tsotlhe.
Porokeramo ya mahala e e thusang go peleta
Ka fa kgopolo eno e simolotseng ka gone
CTexT® ke senthara ya go dira patlisiso le ya tlhamo mo khamphaseng ya YBB ya Potchefstroom. Senthara e dira patlisiso ka thekenoloji ya puo e bile e tlhama didirisiwa tsa thekenoloji ya dipuo tsa Aforikaborwa. CTexT® e tsepile mogopolo mo go tlhameng manaanetiriswa a khomphiutha le didirisiwa go dira gore go nne le tirisano mmogo e e motlhofo fa gare ga batho le dikhomphiutha, mmogo le ditsela tsa tlhamosešwa tsa go dira gore puo e buiwe ka tsela ya yone ya tlhago.
Dintlha go ya pele ka CTexT®
Tobetsa go buisa go feta