"Ke a tlhomamisega gore rotlhe re a dumela gore go ja gangwe ka letsatsi ga go a lekana, mme ke selo se se molemo go se dira fa motho a batla go thusa moithuti yo o dikobo-di-magetleng gore a kgone go bontsha bokgoni jo a nang le jone," go bolela jalo Maria Mopelong, mookamedi wa go kolekwa ga madi le wa tlhabololo.

 

Ngwaga nngwe le nngwe, YBB e amogela dikopo tse di fetang

1 000 tsa Meal-a-Day mo dikhamphaseng tsotlhe mme palo ya ba ba tlhokang dijo tseo e feta e e bontshitsweng, ka gonne ga se botlhe ba ba kopang thuso. Bosupi jotlhe jo re neng le jone bo bontsha gore ba ba tlhokang dijo ba feta kgakala tse di leng teng.

 

Go tlamela ka tsa kgwedi yotlhe

 

Ofisi ya Go Koleka Madi le Tlhabololo, e e dirisanang le dikhamphase tsotlhe tse tharo tsa YBB, e na le porojeke ya Meal-a-Day, e e tlamelang baithuti ba ba dikobo-di-magetleng ka ditlhoko tsa bone tsa kgwedi yotlhe, go akaretsa le diaparo, dilwana tsa ka fa botlhapelong le dijo tse di lekaneng tsa go kgona go ja gangwe ka letsatsi.

 

Setlamo se se tshegeditseng porojeke eno morago jaana ke Tiger Brands, se se tlhamang dijo tsa ka bonako le go di maketa, se se kwadisitsweng mo lenaaneng la JSE. Thuso ya sone e tla thusa go tlatsa dimpa tse dintsi tse di lolea. Se tlametse ka dijo tse di seng kana ka sepe mo tshimologong ya kgwedi ya Mopitlwe, mme se ikanetse gore se tlile go tswelela go ntshetsa porojeke eno dijo ka metlha.

 

Ka maswabi, dipego tsa baithuti ba ba nang le phepelotlase ba ba idibalang ka nako ya ditlhatlhelelo e a gola mo dikhamphaseng tsotlhe.

 

Phepelotlase ke bothata jo bogolo

 

Baithuti ba le bantsi ba na le bothata jwa go bona madi a lotseno go ela ka bokhutlong jwa ngwaga, Maria o bolela jalo. "Fa  baithuti ka rona ba sa kgone go itlhokomela ka dilo tse a di tlhokang, gantsi ba kopa thuso kwa Meal-a-Day e e thusang baithuti ba ba dikobo-di-magetleng."

Go oketsega ga dikopo tsa thuso go pateleditse batsamaisi ba lenaane leno gore ba nne le thulaganyo e e gagametseng ya go tlhopha ba ba ka thusiwang. Go akanyediwa fela dikopo tse di tladitsweng sentle tse di patilweng ke ditokomane tse di tshegetsang bosupi.

 

Kgatelopele ya go ithuta ya baithuti le yone e bewa leitlho ka mo go tseneletseng, mme thuso eno e a kgaodiwa fa tiro ya moithuti e sa fitlhelele dipatlafalo tse di beilweng. Thuso eno e newa thata baithuti ba ba dikobo-di-magetleng ba ba se nang dibasari tse di ba tlamelang le ka dijo.

 

Ditlhopha tse di ineetseng mo porojekeng ya Meal-a-Day

 

Letsholo leno la Meal-a-Day le ne le se kitla le kgonega fa e ne e se ka setlhopha se se ineetseng mo tirong. Dikopo di tlhatlhobiwa ke badirediloago ba nako e e tletseng le ke baithaopi le ke baithutatlhaloganyo, bao letsholo leno le neng le se kitla le kgonega fa e ne e se ka bone. Setlhopha se se kolekang madi le sa tlhabololo se nna se ntshitse matlho dinameng go bona ba e ka nnang baetleetsi ka madi gore ba tshegetse letsholo leno. Maloko a setlhopha seno ke Cathy Castagno, Hannes Malan, Maria Mopelong, Silvanus Welcome le Winton Windell.

 

Setlhopha se se tsenyang letsholo leno tirisong, se baemedi ba sone ba ba tswang kwa khamphaseng nngwe le nngwe, ba tsaya karolo mo go tlhopheng badira-kopo le mo go ba beyeng leitlho. Maloko a setlhopha seno ke Lerato Wana kwa Mahikeng, Petro Boshoff kwa Potchefstroom le Maggie Matsane kwa Vanderbijlpark.

 

Setlhopha sa baithuti sa YBB le sone ke lesomo le lengwe le le lwantshang phepelotlase. Ba koleka dijo tse di bewang mo setsidifatsing ka diporojeke tsa SRC tse di jaaka Rag.

 

Matsholo a magolo a Big Prim mo dikagong tsa bonno, segolobogolo kwa khamphaseng ya Potchefstroom ya YBB, a ema baagi ba ba tlhokang nokeng ka botlhale le ka tsela e e molemo. Gape go na le batshegetsi ba bangwe ba ba sa senolwang ka maina.

Go ja gangwe ka letsatsi kwa YBB go amile botsogo jwa baithuti ka tsela e e molemo fela thata mo dingwageng di le robedi tse di fetileng.

>

>

BUISA GO FETA

Le wena o ka kgona go thusa

 

Maria a re, baithuti, badiri, baithuti ba nako e e fetileng le ditsala, mo bogautshwaneng, ba tlile go go ntsha meneelo ya madi a Meal-a-Day mo inthaneteng mo webosaeteng ya YBB le go a ntshetsa diporojeke tse dingwe tsa yunibesiti. O a ikuela go kopa tshegetso. “Le wena o ka kgona go thusa,” o bolela jalo. Go ka ikgolaganngwa le Maria mo atereseng ya  maria.mopelong@nwu.ac.za kgotsa 018 285 2596.

SUPA MO DITSHWANTSHONG

Maria Mopelong wa Ofisi ya Go Koleka Madi le ya Tlhabololo a re yunibesiti e itumeletse fela thata meneelo e mentsi ya dijo e e ntshitsweng ke Tiger Brands. E akaretsa dijo tse di jaaka di baked beans, jeme, botoro ya matonkomane, dinawa tse di nang le sukiri, merogo e e tswakantsweng, outshe, reise, setampa le bupi.
Tsotlhe di tla di pakilwe di siametse go dirisiwa. Maria a re lori eno e e nang le dijo tse di tlhokwang thata e ya kwa khamphaseng ya YBB ya Vanderbijlpark.